< Luke 11 >

1 Mme ya re ka nako nngwe fa Jesu a ile go rapela, mongwe wa barutwa ba gagwe a tla mo go ene fa a fetsa a re, “Morena re rute thapelo jaaka Johane a rutile barutwa ba gagwe.” 2 Mme e ke yone thapelo e a neng a e ba ruta: “Rara leina la gago le tlotlelwe boitshepo jwa lone; Romela Bogosi jwa gago ka pele. 3 Re fe dijo letsatsi le letsatsi. 4 Mme o re itshwarele melato ya rona gonne re itshwaretse ba ba neng ba re leofetse. Mme o se re letle go raelesega.” 5 Hong ya re a ba ruta thata ka ga thapelo, a dirisa setshwantsho se a re: “A ke re o etetse tsala ya gago bosigogare o batla go adima dinkgwe di le tharo. Otlaa mo tlhaeletsa o re, ‘Tsala ya me e nketetse e e tswang kgakala mme ga ke na sepe se e ka se jang!’ 6 7 O tlaa fetola a le ka fa ntlwaneng ya borobalo a re, ‘Tswee-tswee se ntsose. Ga ke ka ke ka go thusa ka nako e!’ 8 “Mme ke tlaa go bolelela se, le fa a sa go direla jaaka tsala, fa o tswelela o kokota o tlaa tsoga a go neye sengwe le sengwe se o se batlang ka ntlha ya bobelotelele jwa gago. 9 Mme go ntse fela jalo mo thapelong, tswelelang lo lope lo tlaa newa, batlang lo tlaa bona, kokotang lo tlaa bulelwa. 10 Mongwe le mongwe yo o kopang o tlaa amogela; botlhe ba ba batlang, ba a bona; mme go bulelwa mongwe le mongwe yo o kokotang. 11 “Mme lona bo rra-bana, fa ngwana wa gago wa mosimane a go kopa senkgwe, a o ka mo naya lentswe? Fa a kopa tlhapi a o ka mo naya noga? 12 Fa a kopa lee, a o ka mo naya phepheng? [Nnyaa!] 13 “Mme fa baleofi jaaka lona ba naya bana se ba se tlhokang, a ga lo lemoge gore Rraeno yo o kwa legodimong o tlaa dira mo go tona, a neela Mowa O O Boitshepo ba ba o kopang?” 14 Ka nako nngwe, fa Jesu a kgoromeletsa ntle mowa o o maswe mo monneng yo o neng a le semumu, lentswe la gagwe la mmoela, a mumuloga. Mme bontsintsi jwa batho jwa itumela thata ba nna matlhagatlhaga, 15 mme bangwe ba re, “Ga go hakgamatse fa a kgoromeletsa mewa e e maswe ntle. O tsaya nonofo ya gagwe mo go Satane, Kgosi ya mewa e e maswe!” 16 Bangwe ba kopa gore a dire sesupo sengwe mo loaping go supa go ipitsa ga gagwe a re ke Mesia. 17 Mme ka a ne a itsile dikakanyo tsa mongwe le mongwe wa bone a re, “Bogosi bongwe le bongwe jo bo itwantshang bo a senyega; le lolwapa lo lo tletseng kganetsanyo le ntwa lo ntse fela jalo. 18 Hong fa se lo se buang e le boammaaruri, gore Satane o a itwantsha ka go nnonotsha go kgoromeletsa mewa ya gagwe e e maswe ntle, bogosi jwa gagwe bo ka ema jang? 19 Mme fa ke newa nonofo ke Satane, balatedi ba lona bone? Gonne ba kgoromeletsa mewa e e maswe ntle! A lo gopola gore mo go supa gore ba tsenywe ke Satane? Ba botseng fa e le gore lo bolelela ruri! 20 Mme fa ke kgoromeletsa ntle mewa e e maswe ka ntlha ya nonofo e e tswang mo Modimong, go supa gore Bogosi jwa Modimo bo tsile. 21 “Gonne fa Satane a le thata a bile a tshotse dibolao, a tlhokomela ntlo ya gagwe ya segosi, e bolokesegile. 22 Go fitlhelela mongwe yo o nonofileng a bile a tshotse dibolao tse di botoka a tla a mo fenya a bo a gapa dibolao tsa gagwe le dilwana tsa gagwe. 23 “Mongwe le mongwe yo e seng wa me o kgatlhanong le nna; fa a sa nthuse, o a ntlhokofatsa. 24 “E ya re fa mowa o o maswe o dule mo mothong o ye kwa dikakeng o batla boikhutso; mme e re o sa bo bone o boele kwa go yo o neng o tswa mo go ene, 25 mme o fitlhele lolwapa lwa one lwa gale lo feetswe lo le phepa. 26 Hong ‘o’ tsamaye, ‘o’ ye go tlisa mewa e mengwe e e maswe e le supa e e bosula go na le one, mme yotlhe e tsene mo mothung yoo. Hong motho wa mogolo a bife go gaisa jaaka a ne a ntse pele.” 27 Mme ya re a ntse a bua mosadi mongwe mo bontsintsing jwa batho a mo tlhaeletsa a re, “A Modimo o segofatse mmago, le sebopelo se o duleng mo go sone, le mabele a o a amuleng.” 28 Hong a mo fetola a re, “E, mme bogolo go sego botlhe ba ba utlwang Lefoko la Modimo ba le dirisa.” 29 Ya re bontsi jwa batho bo ntse bo ikgotlhaganyetsa mo go ene, a ba rerela thero e, a re: “Dipaka tseno ke tse di bosula, tsa batho ba ba bosula. Ba tswelela ka go kopa tiragalo e e sa tlwaelesegang mo loaping [gore ke supe gore ke Mesia], mme kgakgamalo e ke tlaa ba e nayang fela ke ele ya ga Jona, yo dikai tsa gagwe di neng tsa supegetsa batho ba Ninefe gore o rometswe ke Modimo. Sekai sa me se se tshwanang le sone se tlaa supegetsa batho ba gore ke romilwe ke Modimo. 30 31 “Mme ka Letsatsi la Katlholo Mohumagadi wa Sheba o tlaa tsoga mme a supe morafe o ka monwana, a o sekise gonne o tsamaile loeto lo lo leele go tla go reetsa botlhale jwa ga Solomone; mme fano go yo mogolo thata go gaisa Solomone [mme o reediwa ke ba se kae fela]. 32 “Batho ba Ninefe le bone ba tlaa tsoga ba sekisa sechaba se, gonne ba sokologile ka lobaka lwa thero ya ga Jona, mme yo mogola go gaisa Jona o fano. [Mme sechaba se ga se mo reetse]. 33 “Ga go ope yo o tshubang lobone a tswe a lo fitlhe! eseng jalo, o lo baya mo setlhomong go bonesetsa botlhe ba ba tsenang mo tlung. 34 Matlho a gago a bonesa bokafateng jwa gago. Leitlho le le nang le keletso e e bosula le fifatsa lesedi mme le go latlhela mo lefifing. 35 Jalo tlhokomela gore lesedi la gago le se ka la fifala. 36 Fa go tletse lesedi mo go wena, go se na dintlha dipe tsa lefifi, hong bontle jwa gago le jone bo tlaa phatsima jaaka ekete lesedi le go phatsimela ka marang a lone.” 37 Ya re a ntse a bua, mongwe wa Bafarasai a mo kopa go ya go ja kwa lwapeng lwa gagwe. Mme ya re a goroga a nna fa fatshe a ja kwa ntle ga go dirisa mokgwa wa Sejuta wa go tlhapa diatla pele ga a ja. Mme mo ga gakgamatsa yo o neng a mo laleditse. 38 39 Mme Jesu a mo raya a re, “Lona Bafarasai lo tlhatswa bokafa ntle, mme mo teng lo sa le leswe, go tletse bobelotshetlha le bosula! 40 Dieleele ke lona! A Modimo ga oa ka wa dira bokafateng le bokafantle? 41 Bophepa bo supa bopelontle. 42 “Mme a bo go latlhega lona Bafarasai! Gonne le fa lo tlhokomela go ntsha di tsa bosome tsa mo go nnye mo lo go amogetseng, lo lebala gotlhelele kaga tshiamo le lorato lwa Modimo. Lo tshwanetse go kgetha, ee, lo tshwanetse go ntsha ditsa bosome, mme ga lo a tshwanela go tlogela tse dingwe tse di sa dirwa. 43 “A bo go latlhega lona Bafarasai! Gonne lo rata manno a tlotlego mo disenagogeng le go dumedisiwa ka maitseo ke mongwe le mongwe fa lo tsamaya mo marekelong! 44 Ee, katlholo e e boitshegang e lo letile. Gonne lo tshwana le mabitla a a fitlhilweng mo nageng. Batho ba feta ka lona ba sena kitso ya gore lo batho ba ba kgopo jang.” 45 Mme moitseanape wa tumelo yo o neng a eme foo a re, “Morena, o tlhapaditse le yone tiro ya me ka se o ntseng o se bua.” 46 Mme Jesu a re, “Ee, bogale jo bo ntseng jalo bolo emetse! Gonne lo gatelela batho mo ditaolong tsa tumelo tse di se ka keng tsa kgonega, tse le lona ka bo lona lo se ka keng lwa leka go di tshegetsa. 47 A bo go latlhega lona! Gonne lo tshwana fela le bagolwane ba lona ba ba bolaileng baporofiti bogologolo. 48 Babolai ke lona! Lo dumalana le bo rraalona gore se ba neng ba se dira se ne se siame, lo ka bo lo dirile jalo le lona. 49 “Mme se ke se Modimo o se buang kaga lona: ‘Ke tlaa romela baporofiti le baapostoloi kwa go lona, mme lo tlaa bolaya bangwe ba bone lo bo lo leleke ba bangwe’. 50 “Mme lona ba dipaka tseno lo tlaa arabela polao ya batlhanka ba Modimo go tswa tshimologong ya lefatshe, 51 go tswa polaong ya ga Abele go tsena ka ya ga Sakarea yo o swetseng fa gare ga aletara le felo fa go boitshepo. Ee, ruri e tlaa lopiwa mo go lona. 52 “A bo go latlhega lona baitseanape ba tuelo! Gonne lo fitlhela batho boammaaruri. Ga lo bo ikamogelele, mme lo kganela ba bangwe go nna le nako ya go bo dumela.” 53 Hong Bafarasai le baruti ba molao ba gakala; mme ya re go tswa foo ba mo gagautlha ka dipotso tse dintsi, ba leka go mo raela gore a bue sengwe se ba ka mo tshwarang ka sone.

< Luke 11 >