< Luke 1 >

1 Go tsala e e ratang Modimo. Dipolelo tse dintsi kaga Keresete di setse di kwadilwe di dirisiwa ka maitshegeletso a tsone jaaka dipolelo mo go rona go tswa mo barutweng ba pele le ba bangwe ba ba di boneng ka matlho.
如你所知,很多人都曾试图用文字记录我们参与的成就。
2
他们所记录的证据,来自最早见证和传递上帝讯息之人。
3 Le fa go ntse jalo, go ne ga diragala mo go nna gore go ka siama fa nka boelela dipolelo tse gape go simolola ka palo ya ntlha go ya kwa go ya bofelo morago ga tlhotlhomiso tota ke be ke lo bolelela polelo e.
由于我从始至终都参与其中,所以应该可以准确无误地撰写所发生的一切。
4 Go lo tlhomamisetsa boammaaruri kaga se lo se rutilweng.
敬爱的提阿非罗们,我之所以这么做,是为了让你们确认自己所学之道完全值得信赖。
5 Polelo ya me e simologa ka Moperesiti wa Sejuta, ebong Sakarea yo o tshedileng ka lobaka lwa Herode e le kgosi ya Judea. Sakarea e ne e le leloko la batsamaisi ba Tempele ya ga Abija, (mosadi wa gagwe Elisabetha le ene o ne a tshwana le ene e le leloko la baperesiti ba morafe wa Sejuta, wa losika lwa ga Arone.)
希律担任犹太王的那段时间,亚比雅班里有一位名叫撒迦利亚的祭司,他妻子以利沙伯是亚伦的后人。
6 Sakarea le Elisabetha e ne e le batho ba ba boifang Modimo, ba tlhokometse go utlwa melao yotlhe ya Modimo mo moweng le mo lokwalong.
他们的一举一动都遵循上帝正道,严格遵守主所立下的一切诫命规条。
7 Mme ba ne ba sena bana, gonne Elisabetha e ne e le moopa; mme ka bobedi jwa bone ba bo ba tsofetse thata.
但他们没有孩子,因为以利沙伯无法生育,而且二人都年岁已高。。
8 Ka letsatsi lengwe ya re Sakarea a tsamaisa tiro ya gagwe mo Templeng, gonne lesomo la gagwe le ne le le mo tirong mo bekeng eo, tlotlego ya mo tlela ya go tsena mo felong ga Boitshepo go ya go fisa mashwalo fa Pele ga Modimo.
有一天,撒迦利亚按照排班的时间履行作为上帝祭司的职责,
9
照惯例抽签后,他被选中进入主的神庙上香。
10 Ka lobakanyana, bontsi jwa kokoano ya batho jwa emela kwa ntle ga Tempele, ba rapela jaaka ba tle ba dire fa mashwalo a fisiwa.
在烧香的过程,众人都在外面祈祷。
11 Sakarea o ne a le mo felong ga boitshepo fa ka tshoganetso Moengele a iponatsa mo go ene, a eme ka fa letsogong le legolo la sebeso sa ma-shwalo! Sakarea o ne a tshogile ebile a gamaregile.
这时天使向撒迦利亚显化,立于香坛的右侧。
撒迦利亚见状颇感惊慌,非常害怕。
13 Mme moengele a mo raya a re, “Se boife, Sakarea! Gonne ke tletse go go bolelela gore Modimo o utlwile thapelo ya gago le mosadi wa gago Elisabetha o tlaa tshola ngwana wa mosimane! Mme o tlaa mo raya leina o re Johane.
天使说:“撒迦利亚,别害怕,上帝听到了你的祈求。你妻子以利沙伯将为你生下一子,你将为他起名为约翰。
14 Ka bobedi jwa lona lo tlaa nna le boipelo jo bogolo le boitumelo ka botsalo jwa gagwe, mme ba le bantsi ba tla ipela le lona.
这孩子会为你带来欢喜和快乐,许多人都会来庆祝他的降生。
15 Gonne e tlaa nna mongwe wa batho ba bagolo ba Morena. A se ka a nwa mofine kgotsa seno se se tagisang-gonne o sa le a tladitswe ka Mowa o o Boitshepo, le e leng pele ga a tsalwa!
他将成为主面前的尊者,滴酒不沾,未降生之前便有圣灵附体。
16 Mme o tlaa tlhotlheletsa Bajuta ba le bantsi go sokologela mo go Morena Modimo wa gagwe.
他将带领众多以色列人,回到主、也就是他们的上帝身边。
17 E tlaa nna motho yo o mowa o makgawekgawe a nonofile jaaka Elija, moporofiti yo mogolo; mme o tlaa etelela pele go tla ga ga Mesia, a baakanyetsa batho go goroga ga gagwe. O tlaa ba ruta go rata Morena fela jaaka bagolwane ba bone ba ne ba dira, le go tshela jaaka batho ba ba boifang Mo-dimo.”
他将以以利亚的圣灵和力量走在前,劝说父亲们关爱自己的儿女,规劝悖逆之人走正道,让民众准备好迎接主。”
18 Hong Sakarea a raya moengele a re, “Mme mo ga go kgonege! Ke setse ke le monna mogolo jaanong, le mosadi wa me le ene o tsofetse.”
撒迦利亚问天使:“我要如何相信这一切?我老了,我妻子也是一把年纪。”
19 Hong moengele a mo raya a re, “Ke Gabariele ke eme sentle fa pele ga Modimo. Ke one o o ntho-mileng kwa go wena ka mafoko a a molemo a!
天使回答:“我是上帝面前的加百列,奉命向你传话,告诉你这个好消息。
20 Mme jaanong, ka gore ga o a ka wa ntumela, o tlaa dirwa semumu, o tlaa palelwa ke go bua go fitlhelela ngwana a tsholwa. Gonne mafoko a me a tlaa diragala ka nako e e leng yone.”
但你并不相信我所说的一切,所以你会失语,直到我所言之事成真,你才能开口说话。”
21 Ka lobakanyana kokoano ya batho kwa ntle ba bo ba letile Sakarea go boa, ebile ba gakgametse gore ke eng fa a diegile.
众人正在外面等候撒迦利亚,见他迟迟未从神庙出来,很是奇怪。
22 Ya re a tswa a bo a palelwa, ke go bua nabo, jalo ba lemoga fa a bonye ponatshegelo mo tempeleng. Ene a nna a ba gwetlha fela a ntse.
但他出来时却真的失语了,无法讲话,只能打手势。于是众人意识到刚才在神庙中出现了神迹。
23 Hong a nna mo Tempeleng selekanyo sa malatsi a a setseng a tiro ya gagwe ya Tempele mme morago a boela gae.
他完成自己的职责后便回了家。
24 Ka bonako morago ga lobaka Elisabetha mosadi wa gagwe a ithwala a nna a le nosi selekanyo sa kgwedi tse tlhano.
几天后,他妻子以利沙伯果真怀孕,在家中待了五个月。
25 “A goa” a re, “Morena o pelotlhomogi mo go kae, go ntsha tlotlologo ya me ya go tlhoka bana!”
她说:“这一切是主的旨意,他这样待我,便是要让我不再在世人面前感到羞辱。”
26 Kgwedi e e latelang Modimo wa roma moengele Gabariele kwa Nasaretha, motse wa Galalea,
在怀孕的第六个月,上帝派天使加百列来到加利利的拿撒勒镇,现身在一个名叫玛利亚的少女面前。
27 kwa kgarebaneng, Marea, yo o neng a beeletswe go nyalwa ke monna yo o neng a bidiwa Josefe, wa lotso lwa ga Kgosi Dafide.
玛利亚当时已与一位名叫约瑟夫的男人订婚。
28 Gabariele a iponatsa mo go ene a re, “A go nne boitumelo kgarebane e e rategang! Morena o na le wena!”
天使向她问候,然后对她说“你很幸运,主与你同在。”
29 Marea o ne a tshwenyegile thata fa a leka go akanya se moengele a ka neng a se raya.
玛利亚对此颇感困惑,不知道这问候到底意味着什么。
30 Moengele a mo raya a re, “Se tshoge Marea, gonne Modimo o thata.
天使说:“玛利亚,不要怕!因为上帝已对你施以恩典。
31 Ka bonako jaanong o tlaa ithwala mme o tlaa nna le ngwana wa mosimane, mme o tlaa mo raya leina o re ‘Jesu’
你将怀孕生子,那婴儿将起名叫耶稣。
32 O tlaa nna mogolo thata mme o tlaa bidiwa Morwa Modimo. Mme Morena Modimo o tlaa mo naya setilo sa bogosi sa mogolwagolwane wa gagwe Dafide.
他将成为一位伟人,被称为至高上帝之子,上帝将把向其赐予祖先大卫的王位,
33 O tlaa busa mo Iseraela ka bosakhutleng, Bogosi jwa gagwe ga bo kitla bo fela!” (aiōn g165)
他将永远统治雅各的家园,他的王国将永续存在。” (aiōn g165)
34 Mme Marea a botsa moengele a re, “Ke ka nna jang le ngwana? ke le kgarebane.”
玛利亚问天使:“但这怎能可能?我还是处女。”
35 Moengele a mo fetola a re, “Mowa o o Boitshepo o tlaa tla mo go wena, le nonofo ya Modimo e tlaa go apesa, jalo ngwana yo o tlaa mo tsholang o tlaa ba a le boitshepo e le Morwa Modimo.
天使回答:“圣灵将降临于你,至高上帝将笼罩于你。那即将诞下的婴儿生而神圣,将被称为上帝之子。
36 Mo godimo ga moo, Elisabetha ntsalao wa ‘moopa’ jaaka a bidiwa-o setse a na le dikgwedi di le thataro a ithwele mo botsofeng ja gagwe!
甚至连你的亲戚以利沙伯都怀孕了,人们说那女人无法生育,现在怀胎已有六个月。
37 Gonne tsholofetso nngwe le nngwe e e tswang mo Modimong e tlaa diragala.”
对于上帝而言,一切皆有可能。”
38 Mme Marea a re, “Ke motlhanka wa Morena e bile ke batla go dira sengwe le sengwe se o se batlang. A sengwe le sengwe se o se buileng se diragale.” Hong moengele a nyelela.
玛利亚说:“我听你的,随时准备服侍上帝,愿你所言的事情发生在我身上。”于是天使便离开了。
39 Morago ga malatsi a se kae Marea a itlhaganelela kwa makhubung a Judea kwa motseng o Sakarea o neng a nna mo go one, go etela Elisabetha.
稍后,玛利亚准备了一下便急忙赶去犹太山地的一座城市,
来到撒迦利亚的家。她走进屋向以利沙伯问安。
41 Mme ya re Elisabetha a utlwa tumediso ya ga Marea, ngwana a tlola mo sebopelong sa gagwe mme Elisabetha a tlala Mowa o o Boitshepo.
听见玛利亚的问候,以利沙伯腹中的婴儿立刻开始跳动,表达着喜悦。圣灵注入了以利沙伯的体内,
42 A tshega ka boitumelo a raya Marea a re, “o ratilwe ke Modimo mo basading botlhe, le ngwana, wa gago, o tlhologeletswe kgalalelo ya Modimo e kgolo.
于是她高声说:“你是一位如此有福的女人,你腹中的婴儿能由你诞下,也是一种福气!
43 Ana ke tlotlo e kgolo thata jang, e Mma-Morena wa me o nketetseng ka yone!
我太荣幸了,我主之母能够造访我的寒舍。
44 Erile fa ke utlwa lentswe la gago ka nako e o neng o ntumedisa ka yone, ngwana a tlola mo sebopelong sa me ka boitumelo!
听到你问候的那一刻,我腹中的婴儿就欢喜跳跃。
45 O dumetse gore Modimo o tlaa dira se o se buileng; ke ka moo o go neileng letlhogonolo le le gakgamatsang le.”
你真荣幸,因为你已确信,主将把对你的承诺变为现实!”
46 Marea a fetola a re, “Ao, ke galaletsa Morena jang.
玛利亚说:“赞美主!
47 Ke itumela jang mo Modimong Mmoloki!
上帝救世主让我如此欢喜,
48 Gonne o tlhokometse motlhanka wa one wa morweetsana, le jaanong kokomana morago ga kokomana go ya bosakhutleng ba tlaa mpitsa mosegofadiwa wa Modimo.
因为我作为他的仆人,尽管身世卑微,他却决定垂青于我。今后万代都会认为我是获得赐福之人。
49 “Gonne ene yo mogolo yo o boitshepo, o ntiretse dilo tse dikgolo.
全能上帝对我做出伟大之举,他的名字如此神圣。
50 Boutlwelo-botlhoko jwa gagwe bo tsamaya go tsweng kokomaneng go ya kokomaneng, mo go botlhe ba ba o boifang:
他的怜悯将在尊敬他的世界中传递。
51 “Nonofo ya letsogo la gagwe e kgolo jang! O faladitse baikgantshi le ba ba ikgodisang.
他凭借其力量,击败了那些自作聪明之人。
52 O digile dikgosi tse di kgolo mo ditilong tsa tsone tsa bogosi mme o godisitse ba ba ingotlileng.
他能够让位高权重之人跌落王位,让谦卑之人获得升华,
53 O kgorisitse dipelo tse di bolailweng ke tlala mme o busitse bahumi ba sa tsaya sepe.
他让饥肠辘辘之人饱餐美食,也让富足之人两手空空。
54 Ebile o thusitse motlhanka wa gagwe Iseraele jang! Ga a ka a lebala tsholofetso ya kutlwelo-botlhoko.
在他的帮助下,他的仆人以色列将永记他的怜悯, (aiōn g165)
55 “Gonne o solofeditse bo rraarona-Aberahame le bana ba gagwe go nna kutlwelo-botlhoko mo go bone go ya bosakhutleng.” (aiōn g165)
正如他向我们先父、亚伯拉罕及其后裔所做的承诺。”
56 Marea a nna le Elisabetha selekanyo sa dikgwedi tse tharo mme a boela kwa legaeng la gagwe.
玛利亚和以利沙伯同住了三个月,然后便返回自己的家。
57 Ka nako e, tebelelo ya ga Elisabetha e ne e setse e wetse, ka gore lobaka lo ne lo setse lo fitlhile lwa ngwana gore a tsholwe mme ya bo e le mosimane.
以利沙伯终于诞下一名男婴。
58 Mme lefoko la anamela ka bonako kwa go bangwe ka ene le ba losika gore Morena o mo diretse molemo go le kae, mme mongwe le mongwe a itumela.
邻居和亲戚们得知主向她施以如此善意,便和她一同庆祝。
59 E rile fa ngwana a na le malatsi a fera bobedi botlhe ba losika le ditsala ba tla modirong wa thupiso. Botlhe ba ne ba ithaya ba re leina la ngwana e tlaa nna Sakarea, a reelelwa rraagwe.
到了第八天,他们前来为孩子行割礼,打算让他随父亲的名字叫撒迦利亚。
60 Mme Elisabetha a re, “Nnyaa! O tshwanetse go bidiwa Johane!”
但以利沙伯说:“不要,他应该叫做约翰。”
61 Mme ba gakgamala ba re, “Wa reng? Ga go na ope mo go ba gaeno wa leina leo.”
众人回答:“但你的亲戚中并没有这样的名字。”
62 Jalo ba botsa rangwana, ba bua le ene ka diatla.
他们通过手势询问孩子的父亲撒迦利亚,询问他的意见。
63 Mme a kopa pampiri e e kwalelang mme mo kgakgamalong ya mongwe le mongwe a kwala a re, “Leina la gagwe ke Johane!”
撒迦利亚示意要写字。令众人诧异的是,他写下的是:“他就叫约翰。”
64 Ka bonako Sakarea a kgona go bua gape, mme a simolola go baka Modimo.
忽然他再次开口说话了,开始赞美上帝。
65 Kgakgamalo ya wela botlhe ba ba agileng gaufi, mme mafoko a se se diregileng a anama le dithota tsa Judea.
这一切让住在周围的人心生敬畏,这个消息很快就传遍整个犹太山地。
66 Mme batho botlhe ba ba utlwileng kaga gone, ba akanya ka boleele ba ipotsa ba re, “Re a gakgamala gore ngwana yo o tsile go nna eng? Gonne letsogo la Morena ruri le mo okame ka mokgwa mongwe wa botlhokwa.”
众人听闻此事便思量它的含义:“这孩子将会成为怎样的人?”因为很显然,他对上帝而言非常特别。
67 Hong rraagwe ebong Sakarea a tlala Mowa o o Boitshepo mme a ntsha polelopele e e reng:
婴儿的父亲撒迦利亚体内充满了圣灵,他预言道:
68 Bakang Modimo, Morena wa Iseraele gonne o tsile go etela batho ba gagwe mme o ba golotse.
“主就是以色列的上帝,他如此伟大,因为他降临到子民之中,为其赋予自由,
69 O re romeletse Mmoloki yo o senatla a tswa mo losikeng lwa motlhanka wa gagwe Dafide,
他向其仆人大卫的家族赐予伟大的救赎,
70 fela jaaka a solofeditse ka baporofiti ba gagwe ba ba boitshepo mo lobakeng lo lo fetileng (aiōn g165)
正如他自古以来借由其神圣先知所传达的预言。 (aiōn g165)
71 gore o tlaa re romelela mongwe yo o tlaa re gololang mo babeng ba rona, le mo go botlhe ba ba re ilang.
他承诺拯救我们摆脱敌人,远离那些憎恨我们的人。
72 “O na a le kutlwelobotlhoko mo bagolwaneng ba rona, ee, mo go Aberahame ka bo ene, ka go gakologelwa tsholofetso ya gagwe e e boitshepo mo go ene,
他怜悯我们的祖先,记得他的圣约,
那是他向我们的祖先亚伯拉罕所发誓言。
74 le go re naya tshwanelo ya go direla Modimo kwa ntle ga poifo, re golotswe mo babeng ba rona.
他让我们摆脱恐惧,从敌人手中拯救我们,
75 Le go re dira boitshepo le go amogelesega, re siametse go ema fa pele ga one ka bosakhutleng.
这让我们可以毕生遵循正道并服侍于他。
76 “Mme wena morwaaka yo mmotlana, o tlaa bidiwa moporofiti wa Modimo o o galalelang, gonne o tlaa baakanya ditsela tsa ga Mesia.
尽管你现在只是一个婴儿,但却会被称为至高上帝的先知,因你将先于主之前,为他铺好道路,
77 O tlaa bolelela batho ba one ka fa ba ka bonang poloko ka teng ka boitshwarelo jwa dibe.
通过宽恕其子民的罪,传播救赎的讯息。
78 Gotlhe mo go tlaa nna ka ntlha ya gore boutlwelo-botlhoko jwa Modimo wa rona bo bonolo thata, e bile bosa jwa legodimo bo tlaa re sela.
蒙上帝对我们的关爱怜悯,天堂的黎明将降临照耀我们,
79 Go bonesetsa ba ba ntseng mo lefifing la moruti wa loso, le go re goga mo tseleng ya kagiso.”
照亮那些活在黑暗中、笼罩在死亡阴影中的人,引导我们走上平安之路。”
80 Mme e rile ngwana a sena go gola a rata Modimo thata. A nna kwa ntle mo sekakeng a le esi go fitlhelela a simolola thuto ya gagwe mo Iseraele.
这个叫做约翰的男孩逐渐长大,精神变得很强大。他一直住在荒野之中,等待在以色列人中公开露面的时机。

< Luke 1 >