< Johane 4 >

1 Erile Morena a itse gore Bafarasai ba utlwile kaga bontsintsi jo bo yang kwa go ene go na le kwa go Johane go kolobediwa le go nna barutwa ba gagwe
When therefore the LORD knew how the Pharisees had heard that Jesus made and baptized more disciples than John,
2 (ntswa Jesu ene ka boene a ne a sa ba kolobetse, go ne go kolobetsa barutwa ba gagwe).
(Though Jesus himself baptized not, but his disciples, )
3 A tswa mo Judea mme a boela kwa kgaolong ya Galalea.
He left Judaea, and departed again into Galilee.
4 Mme a tshwanelwa ke go ralala Samaria a le mo tseleng.
And he must needs go through Samaria.
5 Mme erile motshegare wa sethoboloko, fa a atamela motse wa Sikara, a goroga fa Sedibeng sa ga Jakobe se se neng se le mo setsheng sa lefatshe se Jakobe a neng a se neile morwawe Josefe.
Then comes he to a city of Samaria, which is called Sychar, near to the parcel of ground that Jacob gave to his son Joseph.
6 Jesu o ne a lapisitswe ke go tsamaya mo mogoteng wa letsatsi sekgala se se leele, hong a nna fa thoko ga sediba a lapile thata.
Now Jacob’s well was there. Jesus therefore, being wearied with his journey, sat thus on the well: and it was about the sixth hour.
7 Mme ka bofefo ga tla mosadi wa Mosamaria a tla go ga metsi, mme Jesu a mo kopa metse a go nwa.
There comes a woman of Samaria to draw water: Jesus says to her, Give me to drink.
8 O ne a le nosi ka nako eo, barutwa ba gagwe ba ile kwa motseng go reka dijo.
(For his disciples were gone away to the city to buy meat.)
9 Mosadi a gakgamala gore a Mojuta o ka kopa “Mosamaria yo o nyatsegang” sengwe, ka tlwaelo ba ne ba sa buisanye! Mme a bua kaga selo se le Jesu.
Then says the woman of Samaria to him, How is it that you, being a Jew, ask drink of me, which am a woman of Samaria? for the Jews have no dealings with the Samaritans.
10 Mme Jesu a fetola a re, “Fa o ne o itsile gore Modimo o go tsholetse neo e e gakgamatsang jang, le gore ke nna mang, o kabo o nkopile metse a botshelo!”
Jesus answered and said to her, If you knew the gift of God, and who it is that says to you, Give me to drink; you would have asked of him, and he would have given you living water.
11 Mme mosadi a re, “Ga o na segelelo, le gone sediba se se boteng thata! O ne o tlaa tsaya kae metse a botshelo?
The woman says to him, Sir, you have nothing to draw with, and the well is deep: from where then have you that living water?
12 Kwa ntle ga moo, a o mogolo mo go rraarona mogolwagolwane Jakobe? O ka mpha metse a a botoka jang go na le a Jakobe le bo morwawe le dikgomo tsa bone di a noleng ka boitumelo?”
Are you greater than our father Jacob, which gave us the well, and drank thereof himself, and his children, and his cattle?
13 Jesu a fetola a re, “Batho ba tshwarwa ke lenyora ka bofefo fa ba sena go nwa metsi a.
Jesus answered and said to her, Whoever drinks of this water shall thirst again:
14 A ke a ba nayang, a nna motswedi wa bosakhutleng mo go bone. Mme metsi a. A ke a motswedi o o ba nose-tsang ka metlha ka botshelo jo bo sa khutleng.” (aiōn g165, aiōnios g166)
But whoever drinks of the water that I shall give him shall never thirst; but the water that I shall give him shall be in him a well of water springing up into everlasting life. (aiōn g165, aiōnios g166)
15 Mme mosadi a mo raya a re, “Tswee-tswee rra, nnosa metsi ao! Hong ga ke na go tlhola ke nyorwa gape, le fa e le go tsamaya mosepele o moleele o wa go tla go ga metse fano malatsi otlhe.”
The woman says to him, Sir, give me this water, that I thirst not, neither come here to draw.
16 Mme Jesu a mo raya a re, “Tsamaya o ye go tla le monna wa gago.”
Jesus says to her, Go, call your husband, and come here.
17 Mme mosadi a mo fetola a re, “Kana ga ke a nyalwa.”
The woman answered and said, I have no husband. Jesus said to her, You have well said, I have no husband:
18 Jesu a re, “O bua boammaaruri Ka gore o kile wa nna le banna ba le batlhano, mme monna yo o nnang le ene gompieno jaana ga a go nyala.”
For you have had five husbands; and he whom you now have is not your husband: in that said you truly.
19 Mme mosadi a mo raya a re, “Rra, o tshwa-netse wa bo o le moporofiti.
The woman says to him, Sir, I perceive that you are a prophet.
20 Mme he, mpolelela, ke eng fa lona Bajuta lo re Jerusalema ke lone fela lefelo la kobamelo-Modimo, fa rona Basamaria re re ke fano [mo Thabeng ya Gerasime] kwa borraa-rona mogolwagolwane ba neng ba obamela teng?”
Our fathers worshipped in this mountain; and you say, that in Jerusalem is the place where men ought to worship.
21 Jesu a fetola a re, “Nako e e tla, mma, fa re tlaa bong re sa tlhole re tshwenyega ka gore a re obamela Rara fano kgotsa mo Jerusalema.
Jesus says to her, Woman, believe me, the hour comes, when you shall neither in this mountain, nor yet at Jerusalem, worship the Father.
22 Gonne ga go mo go reng re obamela kae, fa e se gore re obama jang, ebong gore a kobamelo ya rona ke ya semowa le ya boammaaruri? A re na le thuso ya Mowa O O Boitshepo?
You worship you know not what: we know what we worship: for salvation is of the Jews.
23 Gonne Modimo ke Mowa, jalo re tshwanetse go nna le thuso ya one go o obamela jaaka re tshwanetse. Rara o batla one mofuta o wa kobamelo mo go rona.
But the hour comes, and now is, when the true worshippers shall worship the Father in spirit and in truth: for the Father seeks such to worship him.
24 Mme lona Basamaria lo itse go se kae fela kaga gagwe, lo obamela ka bofofu fa rona Bajuta re itse gotlhe kaga gagwe, gonne poloko e tla mo lefatsheng ka Bajuta.”
God is a Spirit: and they that worship him must worship him in spirit and in truth.
25 Mosadi a re, “Go siame, le fa go ntse jalo ke itse gore Mesia o tlaa tla, yo ba mmitsang Keresete, mme fa a tla o tlaa re tlhalosetsa sengwe le sengwe.”
The woman says to him, I know that Messias comes, which is called Christ: when he is come, he will tell us all things.
26 Hong Jesu a mo raya a re, “Ke nna Mesia!”
Jesus says to her, I that speak to you am he.
27 Mme erile gone foo fela barutwa ba gagwe ba goroga. Ba gakgamalela go mmona a bua le mosadi, mme le fa e le ope wa bone a se ka a mmotsa gore ke eng.
And on this came his disciples, and marveled that he talked with the woman: yet no man said, What seek you? or, Why talk you with her?
28 Mme mosadi a tsamaya a tlogela nkgwana ya gagwe ya metsi fa thoko ga sediba a boela kwa motseng mme a feta a bolelela mongwe le mongwe jaana,
The woman then left her water pot, and went her way into the city, and says to the men,
29 “Tlang lo bone monna yo o mpoleletseng sengwe le sengwe se ke neng ke tshela ke se dira! A e ka ne e le ene Mesia?”
Come, see a man, which told me all things that ever I did: is not this the Christ?
30 Mme batho ba motse ba tla ba tsositse modumo ba ya go mmona.
Then they went out of the city, and came to him.
31 Erile ka lobakanyana fa mosadi a sa ntse a ile go bolelela batho kwa motseng, barutwa ba sala ba leka go kgothaletsa Jesu go ja.
In the mean while his disciples prayed him, saying, Master, eat.
32 Mme Jesu a ba fetola a re, “Nnyaa, ke na le dijo tse lo sa itseng kaga tsone.”
But he said to them, I have meat to eat that you know not of.
33 Mme barutwa ba botsanya ba re, “Yo o di mo lereditseng ke mang?”
Therefore says the disciples one to another, Has any man brought him something to eat?
34 Mme Jesu a ba tlhalosetsa jaana a re: “Dikotla tsa me di mo go direng go rata ga Modimo o o nthomileng, le mo go fetseng tiro ya One.
Jesus said to them, My meat is to do the will of him that sent me, and to finish his work.
35 A lo gopola gore tiro ya thobo ga e na go simolola go fitlhelela selemo se fela mo dikgweding tse nne go simolola jaanong jaana? Lebang mo tikologong! Masimo a magolo a e leng mewa ya batho, a simolola go butswa mo tikologong yotlhe ya rona, ebile a setse a ka rojwa.
Say not you, There are yet four months, and then comes harvest? behold, I say to you, Lift up your eyes, and look on the fields; for they are white already to harvest.
36 Barobi ba tlaa duelwa tuelo e ntle, mme ba tlaa phuthela mewa e e bolokwang mo difalaneng tsa legodimo! Ke boitumelo jo bogolo jang jo bo letileng mojadi le morobi! (aiōnios g166)
And he that reaps receives wages, and gathers fruit to life eternal: that both he that sows and he that reaps may rejoice together. (aiōnios g166)
37 Gonne ke boammaaruri gore mongwe o a jala mme yo mongwe o a roba.
And herein is that saying true, One sows, and another reaps.
38 Ke lo romile go roba kwa lo sa jalang teng; ba bangwe ba dirile tiro ya bone mme lona lwa amogela thobo.”
I sent you to reap that where on you bestowed no labor: other men labored, and you are entered into their labors.
39 Batho ba le bantsi ba ba tswang mo motseng wa Samarea, ba dumela gore ke Mesia ka ntlha ya polelo ya mosadi e e reng, “O mpoleletse sengwe le sengwe se ke neng ke aga ke se dira!”
And many of the Samaritans of that city believed on him for the saying of the woman, which testified, He told me all that ever I did.
40 Erile ba ya go mmona kwa sedibeng, ba feta ba mo kopa go ya go nna mo motseng wa bone; mme a dira jalo, a nna malatsi a le mabedi,
So when the Samaritans were come to him, they sought him that he would tarry with them: and he stayed there two days.
41 a a neng a lekanye ba le bantsi go dumela mo go ene ba sena go mo utlwa.
And many more believed because of his own word;
42 Mme ba raya mosadi ba re, “Jaanong re a dumela gonne re mo ikutlwetse, e seng fela ka ntlha ya se wena o se re boleletseng. Ke ene tota Mmoloki wa lefatshe.”
And said to the woman, Now we believe, not because of your saying: for we have heard him ourselves, and know that this is indeed the Christ, the Savior of the world.
43 Erile a sena go nna malatsi a mabedi, a ya Galalea
Now after two days he departed there, and went into Galilee.
44 fela jaaka a ne a tle a re, “Moporofiti o tlotlega gongwe le gongwe fa e se fela mo lefatsheng la ga gabo!”
For Jesus himself testified, that a prophet has no honor in his own country.
45 Mme Bagalalea ba feta ba mo amogela sentle ka diatla tsoo pedi gonne ba ne ba le mo Jerusalema ka moletlo wa Tlolaganyo le gore ba ne ba bonye dikgakgamatso dingwe tsa gagwe.
Then when he was come into Galilee, the Galilaeans received him, having seen all the things that he did at Jerusalem at the feast: for they also went to the feast.
46 Mo lobakeng lwa loeto lwa gagwe a raletse Galalea, o ne a goroga mo motseng wa Kana kwa a neng a kile a fetola metsi mofine teng. Erile a sale teng koo, monna mongwe mo motseng wa Kaperenama, yo e neng e le kgosana, yo morwawe o neng a lwala thata,
So Jesus came again into Cana of Galilee, where he made the water wine. And there was a certain nobleman, whose son was sick at Capernaum.
47 a utlwa gore Jesu o boile kwa Judea jaanong o mo Galalea. Monna yo a ya kwa Kana, a fitlhela Jesu, mme a kopa gore a ye le ene kwa Kaperenama go ya go fodisa morwawe yo a neng a le fa gare ga loso le botshelo.
When he heard that Jesus was come out of Judaea into Galilee, he went to him, and sought him that he would come down, and heal his son: for he was at the point of death.
48 Mme Jesu a mmotsa a re, “A ga gona ope wa lona yo o dumelang mo go nna fa e se ke tswelela ka go dira dikgakgamatso?”
Then said Jesus to him, Except you see signs and wonders, you will not believe.
49 Kgosana ya mo rapela ya re, “Rra, tswee-tswee itlhaganele pele ngwanake o a swa.”
The nobleman says to him, Sir, come down before my child dies.
50 Mme Jesu a mo raya a re, “Boela kwa gae. Morwao o fodile!” Mme kgosana ya dumela Jesu ya boela kwa gae.
Jesus says to him, Go your way; your son lives. And the man believed the word that Jesus had spoken to him, and he went his way.
51 Mme ya re fa a sale mo tseleng, bangwe ba batlhanka ba gagwe ba mo rakantsha ka mafoko a a reng sengwe le sengwe se siame, morwao o namologile mo bolwetseng.
And as he was now going down, his servants met him, and told him, saying, Your son lives.
52 A ba botsa gore mosimanyana o sale a simolola go ikutlwa botoka leng? Mme ba mo fetola ba re, “Erile maabane mo tshokologong nako e ka nna ya bongwe, letshoroma la gagwe la bo le nyelela!”
Then inquired he of them the hour when he began to amend. And they said to him, Yesterday at the seventh hour the fever left him.
53 Hong rraagwe a lemoga gore e ne e le ka lone lobaka lo Jesu a neng a mo raya a re, “Morwao o fodile.” Mme Kgosana le bantlo ya gagwe ba dumela gore Jesu ke Mesia.
So the father knew that it was at the same hour, in the which Jesus said to him, Your son lives: and himself believed, and his whole house.
54 Se e ne e le kgakgamatso ya bobedi mo Ga-lalea morago ga go boa ga ga Jesu kwa Judea.
This is again the second miracle that Jesus did, when he was come out of Judaea into Galilee.

< Johane 4 >