< Johane 3 >

1 Mme ya re bosigo bongwe morago ga lotlatlana, moeteledipele wa tumelo ya Sejuta yo o bidiwang Nikodemo, wa leloko la phuthego ya Bafarasai, a tla go kopa Jesu thuso. A re, “Rra, rotlhe re itse gore Modimo o go romile go tla go re ruta. Dikgakgamatso tsa gago di supa ka botlalo gore o romilwe ke Modimo.”
Ἦν δὲ ἄνθρωπος ἐκ τῶν Φαρισαίων, Νικόδημος ὄνομα αὐτῷ, ἄρχων τῶν Ἰουδαίων·
2
οὗτος ἦλθεν πρὸς αὐτὸν νυκτὸς καὶ εἶπεν αὐτῷ Ῥαββεί, οἴδαμεν ὅτι ἀπὸ Θεοῦ ἐλήλυθας διδάσκαλος· οὐδεὶς γὰρ δύναται ταῦτα τὰ σημεῖα ποιεῖν ἃ σὺ ποιεῖς, ἐὰν μὴ ᾖ ὁ Θεὸς μετ’ αὐτοῦ.
3 Mme Jesu a fetola a re, “Ka tlhoafalo yotlhe e ke nang nayo ke go bolelela se: fa o sa tsalwe sesha, ga o kake wa tsena mo Bogosing jwa Modimo.”
ἀπεκρίθη Ἰησοῦς καὶ εἶπεν αὐτῷ Ἀμὴν ἀμὴν λέγω σοι, ἐὰν μή τις γεννηθῇ ἄνωθεν, οὐ δύναται ἰδεῖν τὴν βασιλείαν τοῦ Θεοῦ.
4 Mme Nikodemo a gakgamala a re, “Ke tsalwe gape! O rayang? Motho e ka re e le mogolo o ka boela jang mo sebopelong sa ga mmaagwe gore a tsalwe gape?”
λέγει πρὸς αὐτὸν ὁ Νικόδημος Πῶς δύναται ἄνθρωπος γεννηθῆναι γέρων ὤν; μὴ δύναται εἰς τὴν κοιλίαν τῆς μητρὸς αὐτοῦ δεύτερον εἰσελθεῖν καὶ γεννηθῆναι;
5 Mme Jesu a fetola a re, “Se ke se go bolelelang ka tlhoafalo ke se: kwa ntle ga gore motho a tsalwe ka metsi le ka mowa ga a ka ke a tsena mo Bogosing jwa Modimo.
ἀπεκρίθη Ἰησοῦς Ἀμὴν ἀμὴν λέγω σοι, ἐὰν μή τις γεννηθῇ ἐξ ὕδατος καὶ Πνεύματος, οὐ δύναται εἰσελθεῖν εἰς τὴν βασιλείαν τοῦ Θεοῦ.
6 Batho ba ka tsala batho ba bangwe fela, mme Mowa O O Boitshepo o naya botshelo jo bosha jo bo tswang legodimong.
τὸ γεγεννημένον ἐκ τῆς σαρκὸς σάρξ ἐστιν, καὶ τὸ γεγεννημένον ἐκ τοῦ Πνεύματος πνεῦμά ἐστιν.
7 Jalo he, o se gakgamalele go bua ga me fa ke re o tshwanetse go tsalwa gape!
μὴ θαυμάσῃς ὅτι εἶπόν σοι Δεῖ ὑμᾶς γεννηθῆναι ἄνωθεν.
8 Fela jaaka o ka utlwa phefo mme o ka seka wa bolela kwa e tswang teng kgotsa kwa e tlaa fokelang teng gape, Mowa o ntse fela jalo. Ga re itse gore o tlaa neela mang botshelo jo, jo bo tswang legodimong.”
τὸ πνεῦμα ὅπου θέλει πνεῖ, καὶ τὴν φωνὴν αὐτοῦ ἀκούεις, ἀλλ’ οὐκ οἶδας πόθεν ἔρχεται καὶ ποῦ ὑπάγει· οὕτως ἐστὶν πᾶς ὁ γεγεννημένος ἐκ τοῦ Πνεύματος.
9 Mme Nikodemo a mmotsa a re, “O rayang?”
ἀπεκρίθη Νικόδημος καὶ εἶπεν αὐτῷ Πῶς δύναται ταῦτα γενέσθαι;
10 Mme Jesu a fetola a re, “O moruti wa Bajuta yo o tlotlegang, mme a ga o ise o tlhaloganye dilo tse? Ke go bolelela se ke se itseng e bile ke se bonye, mme le fa go ntse jalo ga o ise o ntumele.
ἀπεκρίθη Ἰησοῦς καὶ εἶπεν αὐτῷ Σὺ εἶ ὁ διδάσκαλος τοῦ Ἰσραὴλ καὶ ταῦτα οὐ γινώσκεις;
ἀμὴν ἀμὴν λέγω σοι ὅτι ὃ οἴδαμεν λαλοῦμεν καὶ ὃ ἑωράκαμεν μαρτυροῦμεν, καὶ τὴν μαρτυρίαν ἡμῶν οὐ λαμβάνετε.
12 Mme fa o sa ntumele fa ke go bolelela ka ga dilo tse di diragalang fano mo bathong, o ka dumela jang fa ke go bolelela ka tse di diragalang kwa legodimong?
εἰ τὰ ἐπίγεια εἶπον ὑμῖν καὶ οὐ πιστεύετε, πῶς ἐὰν εἴπω ὑμῖν τὰ ἐπουράνια πιστεύσετε;
13 Gonne ke nna fela, Morwa Motho, yo ke tsileng mo lefatsheng mme ke tlaa boela kwa legodimong gape.
καὶ οὐδεὶς ἀναβέβηκεν εἰς τὸν οὐρανὸν εἰ μὴ ὁ ἐκ τοῦ οὐρανοῦ καταβάς, ὁ Υἱὸς τοῦ ἀνθρώπου.
14 “Mme fela jaaka Moshe a ne a tsholetsa setshwantsho sa noga ya kgotlho mo mopakong, le nna ke tshwanetse go tsholediwa fela jalo mo mopakong.
καὶ καθὼς Μωϋσῆς ὕψωσεν τὸν ὄφιν ἐν τῇ ἐρήμῳ, οὕτως ὑψωθῆναι δεῖ τὸν Υἱὸν τοῦ ἀνθρώπου,
15 Gore le fa e le mang yo o dumelang mo go nna a tle a bone botshelo jo bo sa khutleng. (aiōnios g166)
ἵνα πᾶς ὁ πιστεύων ἐν αὐτῷ ἔχῃ ζωὴν αἰώνιον. (aiōnios g166)
16 Gonne Modimo o ratile lefatshe mo go kalokalo mo o neng wa ntsha Morwa One a le esi gore le fa e le mang yo o dumelang mo go ene a seka a nyelela mme a bone botshelo jo bo sa khutleng. (aiōnios g166)
Οὕτως γὰρ ἠγάπησεν ὁ Θεὸς τὸν κόσμον, ὥστε τὸν Υἱὸν τὸν μονογενῆ ἔδωκεν, ἵνα πᾶς ὁ πιστεύων εἰς αὐτὸν μὴ ἀπόληται ἀλλ’ ἔχῃ ζωὴν αἰώνιον. (aiōnios g166)
17 Modimo ga o wa ka wa romela Morwa One go atlhola lefatshe, fa e se go le boloka.
οὐ γὰρ ἀπέστειλεν ὁ Θεὸς τὸν Υἱὸν εἰς τὸν κόσμον ἵνα κρίνῃ τὸν κόσμον, ἀλλ’ ἵνα σωθῇ ὁ κόσμος δι’ αὐτοῦ.
18 “Ga go na tshekiso ya bosakhutleng e e emetseng ba ba mo ikanyang go ba boloka. Mme ba ba sa mo ikanyeng ba setse ba sekisitswe ebile ba atlhotswe ka ntlha ya go sa dumeleng mo go morwa Modimo yo o esi.
ὁ πιστεύων εἰς αὐτὸν οὐ κρίνεται· ὁ μὴ πιστεύων ἤδη κέκριται, ὅτι μὴ πεπίστευκεν εἰς τὸ ὄνομα τοῦ μονογενοῦς Υἱοῦ τοῦ Θεοῦ.
19 Katlholo ya bone e itsetsepetse mo boammaaruring jo: gore Lesedi le le tswang kwa legodimong le tsile mo lefatsheng, mme ba rata lefifi go gaisa Lesedi, gonne ditiro tsa bone di ne di le bosula.
αὕτη δέ ἐστιν ἡ κρίσις, ὅτι τὸ φῶς ἐλήλυθεν εἰς τὸν κόσμον καὶ ἠγάπησαν οἱ ἄνθρωποι μᾶλλον τὸ σκότος ἢ τὸ φῶς· ἦν γὰρ αὐτῶν πονηρὰ τὰ ἔργα.
20 Ba ila Lesedi la legodimo gonne ba ne ba batla go leofa mo lefifing. Ba nna kgakala le Lesedi leo gonne ba ne ba tshaba gore dibe tsa bone di tlaa bewa mo pontsheng, mme ba otlhaiwe.
πᾶς γὰρ ὁ φαῦλα πράσσων μισεῖ τὸ φῶς καὶ οὐκ ἔρχεται πρὸς τὸ φῶς, ἵνα μὴ ἐλεγχθῇ τὰ ἔργα αὐτοῦ·
21 Mme ba ba dirang tshiamo, ba tla ka boitumelo mo Leseding gore mongwe le mongwe a bone gore ba dira se Modimo o batlang ba se dira.”
ὁ δὲ ποιῶν τὴν ἀλήθειαν ἔρχεται πρὸς τὸ φῶς, ἵνα φανερωθῇ αὐτοῦ τὰ ἔργα ὅτι ἐν Θεῷ ἐστιν εἰργασμένα.
22 Erile morago, Jesu le barutwa ba gagwe ba tswa mo Jerusalema mme ba nna ka lobakanyana mo Judea ba kolobetsa teng.
Μετὰ ταῦτα ἦλθεν ὁ Ἰησοῦς καὶ οἱ μαθηταὶ αὐτοῦ εἰς τὴν Ἰουδαίαν γῆν, καὶ ἐκεῖ διέτριβεν μετ’ αὐτῶν καὶ ἐβάπτιζεν.
23 Ka nako e, Johane wa Mokolobetsi o ne a ise a tsenngwe mo kgolegelong. O ne a kolobetsa kwa Ainona gaufi le Salema, gonne go ne go na le metsi a mantsi teng.
ἦν δὲ καὶ Ἰωάνης βαπτίζων ἐν Αἰνὼν ἐγγὺς τοῦ Σαλείμ, ὅτι ὕδατα πολλὰ ἦν ἐκεῖ, καὶ παρεγίνοντο καὶ ἐβαπτίζοντο·
οὔπω γὰρ ἦν βεβλημένος εἰς τὴν φυλακὴν Ἰωάνης.
25 Letsatsi lengwe mongwe a simolola go ngangisa barutwa ba ga Johane a ba bolelela gore kolobetso ya ga Jesu ke yone fela e e botoka.
Ἐγένετο οὖν ζήτησις ἐκ τῶν μαθητῶν Ἰωάνου μετὰ Ἰουδαίου περὶ καθαρισμοῦ.
26 Hong ba tla kwa go Johane ba mo raya ba re, “Rra, monna yo o neng o na nae ka kwa moseja ga Noka ya Jorodane, yo o neng wa re ke Mesia, le ene o a kolobetsa, mme mongwe le mongwe o ya teng mo boemong jwa go tla kwano go rona.”
καὶ ἦλθον πρὸς τὸν Ἰωάνην καὶ εἶπαν αὐτῷ Ῥαββεί, ὃς ἦν μετὰ σοῦ πέραν τοῦ Ἰορδάνου, ᾧ σὺ μεμαρτύρηκας, ἴδε οὗτος βαπτίζει καὶ πάντες ἔρχονται πρὸς αὐτόν.
27 Johane a fetola a re, “Modimo kwa legodimong o tlhoma tiro ya mongwe le mongwe.
ἀπεκρίθη Ἰωάνης καὶ εἶπεν Οὐ δύναται ἄνθρωπος λαμβάνειν οὐδὲν ἐὰν μὴ ᾖ δεδομένον αὐτῷ ἐκ τοῦ οὐρανοῦ.
28 Tiro ya me ke go betlela monna yoo tsela gore mongwe le mongwe a tle a ye kwa go ene. Le lona tota lo itse ka fa ke lo boleletseng sentle ka teng gore ga ke Mesia. Ke fano go mmaakanyetsa tsela, ke gone gotlhe.
αὐτοὶ ὑμεῖς μοι μαρτυρεῖτε ὅτι εἶπον Οὐκ εἰμὶ ἐγὼ ὁ Χριστός, ἀλλ’ ὅτι Ἀπεσταλμένος εἰμὶ ἔμπροσθεν ἐκείνου.
29 Ka tlwaelo bontsintsi bo ya kwa go se se gapang maikutlo, monyadiwa o ya kwa monyadi o teng! Ditsala tsa monyadi di itumela nae. Ke tsala ya monyadi, mme ke tletse boitumelo mo tswelelong pele ya gagwe.
Ὁ ἔχων τὴν νύμφην νυμφίος ἐστίν· ὁ δὲ φίλος τοῦ νυμφίου ὁ ἑστηκὼς καὶ ἀκούων αὐτοῦ, χαρᾷ χαίρει διὰ τὴν φωνὴν τοῦ νυμφίου. αὕτη οὖν ἡ χαρὰ ἡ ἐμὴ πεπλήρωται.
30 O tshwanetse go tlotlega thata, mme nna ke tshwanetse go ngotlafala thata.
ἐκεῖνον δεῖ αὐξάνειν, ἐμὲ δὲ ἐλαττοῦσθαι.
31 O tswa legodimong ebile o mogolo mo go mongwe le mongwe. Nna ke wa lefatshe, mme tlhaloganyo ya me e lekaganyeditswe mo dilong tsa lefatshe fela.
Ὁ ἄνωθεν ἐρχόμενος ἐπάνω πάντων ἐστίν· ὁ ὢν ἐκ τῆς γῆς ἐκ τῆς γῆς ἐστιν καὶ ἐκ τῆς γῆς λαλεῖ. ὁ ἐκ τοῦ οὐρανοῦ ἐρχόμενος ἐπάνω πάντων ἐστίν·
32 O bolela se a se bonyeng le se a se utlwileng, mme ke ba se kae fela ba ba dumelang se a se ba bolelelang!
ὃ ἑώρακεν καὶ ἤκουσεν, τοῦτο μαρτυρεῖ, καὶ τὴν μαρτυρίαν αὐτοῦ οὐδεὶς λαμβάνει.
33 “Ba ba mo dumelang ba bona gore Modimo ke motswedi wa boammaaruri. Gonne yo, yo o romilweng ke Modimo, ebile o bua mafoko a Modimo, gonne Mowa wa Modimo o mo go ene mo go senang selekanyo.
ὁ λαβὼν αὐτοῦ τὴν μαρτυρίαν ἐσφράγισεν ὅτι ὁ Θεὸς ἀληθής ἐστιν.
ὃν γὰρ ἀπέστειλεν ὁ Θεὸς τὰ ῥήματα τοῦ Θεοῦ λαλεῖ· οὐ γὰρ ἐκ μέτρου δίδωσιν τὸ Πνεῦμα.
35 Rara o rata monna yo gonne ke Morwae, mme Modimo o mo neile sengwe le sengwe se se leng teng.
ὁ Πατὴρ ἀγαπᾷ τὸν Υἱόν, καὶ πάντα δέδωκεν ἐν τῇ χειρὶ αὐτοῦ.
36 Mme botlhe ba ba dumelang Morwa Modimo go ba boloka, ba na le botshelo jo bo sa khutleng; ba ba sa mo dumeleng ebile ba sa mo reetse ga ba kitla ba bona legodimo, mme bogale jwa Modimo bo ntse mo go bone.” (aiōnios g166)
ὁ πιστεύων εἰς τὸν Υἱὸν ἔχει ζωὴν αἰώνιον· ὁ δὲ ἀπειθῶν τῷ Υἱῷ οὐκ ὄψεται ζωήν, ἀλλ’ ἡ ὀργὴ τοῦ Θεοῦ μένει ἐπ’ αὐτόν. (aiōnios g166)

< Johane 3 >