< Johane 16 >

1 “Ke lo boleletse dilo tse gore lo seka lwa etsaetsega (ka ga dilo tse di kwa pele).
ܗܠܝܢ ܡܠܠܬ ܥܡܟܘܢ ܕܠܐ ܬܬܟܫܠܘܢ
2 Gonne lo tlaa kgaolwa mo matlung a thuto, mme tota lobaka lo, e tla nna lo ka lone babolai ba lona ba tlaa gopolang gore ba dira tiro ya Modimo.
ܢܦܩܘܢܟܘܢ ܓܝܪ ܡܢ ܟܢܘܫܬܗܘܢ ܘܬܐܬܐ ܫܥܬܐ ܕܟܠ ܕܢܩܛܘܠܟܘܢ ܢܤܒܪ ܕܩܘܪܒܢܐ ܡܩܪܒ ܠܐܠܗܐ
3 Se ke ka ntlha ya gore ga go nako epe e ba kileng ba itse Rara le fa e le nna.
ܘܗܠܝܢ ܢܥܒܕܘܢ ܡܛܠ ܕܠܐ ܝܕܥܘ ܘܠܐ ܠܐܒܝ ܘܠܐ ܠܝ
4 Ee, ke lo bolelela dilo tse gompieno gore e tle e re di diragala lo tlo lo gakologelwe gore ke lo tlhagisitse. Ga ke ise ke ko ke lo bolelele le fa e le sepe gonne ke ne ke tsile go nna le lona ka lobaka lo lo leejana.
ܗܠܝܢ ܡܠܠܬ ܥܡܟܘܢ ܕܡܐ ܕܐܬܐ ܥܕܢܗܝܢ ܬܥܗܕܘܢ ܐܢܝܢ ܕܐܢܐ ܐܡܪܬ ܠܟܘܢ ܗܠܝܢ ܕܝܢ ܡܢ ܩܕܝܡ ܠܐ ܐܡܪܬ ܠܟܘܢ ܕܥܡܟܘܢ ܗܘܝܬ
5 “Mme jaanong ke a tsamaya ke boela kwa go yo o nthomileng; mme go bonala fa e le gore ga go na ope wa lona yo o nang le kgatlhego mo lebakeng la go tsamaya ga me; le fa e le ope ga a hakgamale.
ܗܫܐ ܕܝܢ ܐܙܠ ܐܢܐ ܠܘܬ ܡܢ ܕܫܕܪܢܝ ܘܠܐ ܐܢܫ ܡܢܟܘܢ ܡܫܐܠ ܠܝ ܠܐܝܟܐ ܐܙܠ ܐܢܬ
6 Mo boemong jwa go dira jalo lo tletse bohutsana fela.
ܐܡܪܬ ܠܟܘܢ ܓܝܪ ܗܠܝܢ ܘܐܬܬ ܟܪܝܘܬܐ ܘܡܠܬ ܠܒܘܬܟܘܢ
7 Mme boammaaruri ke gore, go lo solegela molemo fa ke tsamaya, gonne fa ke sa tsamaye, Mogomotsi ga a na go tla. Fa ke tsamaya, o tlaa tla, gonne ke tlaa mo romela kwa go lona.
ܐܠܐ ܐܢܐ ܫܪܪܐ ܐܡܪ ܐܢܐ ܠܟܘܢ ܕܦܩܚ ܠܟܘܢ ܕܐܢܐ ܐܙܠ ܐܢ ܓܝܪ ܐܢܐ ܠܐ ܐܙܠ ܐܢܐ ܦܪܩܠܛܐ ܠܐ ܐܬܐ ܠܘܬܟܘܢ ܐܢ ܕܝܢ ܐܙܠ ܐܫܕܪܝܘܗܝ ܠܘܬܟܘܢ
8 “Mme fa a sena go tla, o tlaa senolela lefatshe boleo jwa lone, le gore tshiamo ya Modimo e teng, le kgololo mo katlholong.
ܘܡܐ ܕܐܬܐ ܗܘ ܢܟܤܝܘܗܝ ܠܥܠܡܐ ܥܠ ܚܛܝܬܐ ܘܥܠ ܙܕܝܩܘܬܐ ܘܥܠ ܕܝܢܐ
9 Boleo jwa lefatshe ke go sa dumeleng mo go Nna;
ܥܠ ܚܛܝܬܐ ܕܠܐ ܡܗܝܡܢܝܢ ܒܝ
10 mme tshiamo e teng gonne ke ya kwa go Rara mme ga lo na go tlhola lo mpona gape;
ܥܠ ܙܕܝܩܘܬܐ ܕܝܢ ܕܠܘܬ ܐܒܝ ܐܙܠ ܐܢܐ ܘܠܐ ܬܘܒ ܚܙܝܢ ܐܢܬܘܢ ܠܝ
11 go na le go gololwa mo katlholong gonne kgosana ya lefatshe leno e setse e bile e atlhotswe.
ܥܠ ܕܝܢܐ ܕܝܢ ܕܐܪܟܘܢܐ ܕܥܠܡܐ ܗܢܐ ܕܝܢ ܗܘ
12 “Oo, go sa ntse go na le dilo di le dintsi tse ke batlang go di lo bolelela, mme ga lo ka ke lwa di tlhaloganya jaanong jaana.
ܬܘܒ ܤܓܝ ܐܝܬ ܠܝ ܠܡܐܡܪ ܠܟܘܢ ܐܠܐ ܠܐ ܡܫܟܚܝܢ ܐܢܬܘܢ ܠܡܐܚܕ ܗܫܐ
13 Fa Mowa O O Boitshepo, o e leng boammaaruri, o tla, o tlaa lo gogela mo boammaaruring jotlhe, mme o tlaa bo o sa bue mafoko a one; mme o tlaa bo o lo bolelela se o se utlwileng. O tlaa lo bolelela kaga dilo tse di tlaa tlang.
ܡܐ ܕܐܬܐ ܕܝܢ ܪܘܚܐ ܕܫܪܪܐ ܗܘ ܢܕܒܪܟܘܢ ܒܟܠܗ ܫܪܪܐ ܠܐ ܓܝܪ ܢܡܠܠ ܡܢ ܪܥܝܢ ܢܦܫܗ ܐܠܐ ܟܠ ܕܢܫܡܥ ܗܘ ܢܡܠܠ ܘܥܬܝܕܬܐ ܢܘܕܥܟܘܢ
14 O tlaa nkgalaletsa a bo a nteretse tlotlo e kgolo ka go lo bontsha kgalalelo ya me.
ܘܗܘ ܢܫܒܚܢܝ ܡܛܠ ܕܡܢ ܕܝܠܝ ܢܤܒ ܘܢܚܘܝܟܘܢ
15 Kgalalelo yotlhe ya ga Rara ke ya me; ke sone se ke se rayang fa ke re o tlaa lo supegetsa kgalalelo ya me.
ܟܠ ܡܕܡ ܕܐܝܬ ܠܐܒܝ ܕܝܠܝ ܗܘ ܡܛܠ ܗܢܐ ܐܡܪܬ ܠܟܘܢ ܕܡܢ ܕܝܠܝ ܢܤܒ ܘܢܚܘܝܟܘܢ
16 E tlaa re fela mo lobakanyaneng morago ga moo, lo tlaa mpona gape!”
ܩܠܝܠ ܘܠܐ ܬܚܙܘܢܢܝ ܘܬܘܒ ܩܠܝܠ ܘܬܚܙܘܢܢܝ ܕܐܙܠ ܐܢܐ ܠܘܬ ܐܒܐ
17 Mme bangwe ba barutwa ba gagwe ba re, “A reng? Ke eng se a se rayang fa a re ke ya kwa go Rara? Rona ga re tlhaloganye se a se rayang.”
ܘܐܡܪܘ ܗܘܘ ܬܠܡܝܕܘܗܝ ܚܕ ܠܚܕ ܡܢܐ ܗܝ ܗܕܐ ܕܐܡܪ ܠܢ ܕܩܠܝܠ ܘܠܐ ܬܚܙܘܢܢܝ ܘܬܘܒ ܩܠܝܠ ܘܬܚܙܘܢܢܝ ܘܕܐܙܠ ܐܢܐ ܠܘܬ ܐܒܝ
ܘܐܡܪܝܢ ܗܘܘ ܡܢܐ ܗܝ ܗܕܐ ܩܠܝܠ ܕܐܡܪ ܠܐ ܝܕܥܝܢܢ ܡܢܐ ܡܡܠܠ
19 Jesu a lemoga gore ba batla go mmotsa, mme a ba botsa a re, “A lo ipotsa se ke se rayang?
ܝܫܘܥ ܕܝܢ ܝܕܥ ܕܒܥܝܢ ܗܘܘ ܠܡܫܐܠܘܬܗ ܘܐܡܪ ܠܗܘܢ ܥܠ ܗܕܐ ܒܥܝܢ ܐܢܬܘܢ ܥܡ ܚܕܕܐ ܕܐܡܪܬ ܠܟܘܢ ܕܩܠܝܠ ܘܠܐ ܬܚܙܘܢܢܝ ܘܬܘܒ ܩܠܝܠ ܘܬܚܙܘܢܢܝ
20 Lefatshe le tlaa itumela thata kaga se se tsileng go ntiragalela, mme lona lo tlaa lela. Mme e tlaa re ka bonako selelo sa lona se fetoge boitumelo jo bogolo (fa lo mpona gape).
ܐܡܝܢ ܐܡܝܢ ܐܡܪ ܐܢܐ ܠܟܘܢ ܕܬܒܟܘܢ ܐܢܬܘܢ ܘܬܐܠܘܢ ܘܥܠܡܐ ܢܚܕܐ ܘܠܟܘܢ ܬܟܪܐ ܐܠܐ ܟܪܝܘܬܟܘܢ ܠܚܕܘܬܐ ܬܗܘܐ
21 E tlaa bo e le boitumelo jo bo tshwanang le jwa mosadi a le mo ditlhabing fa a tshola ngwana wa gagwe, hong ditlhabi tse di lebalwe gotlhelele.
ܐܢܬܬܐ ܡܐ ܕܝܠܕܐ ܟܪܝܐ ܠܗ ܕܡܛܐ ܝܘܡܐ ܕܡܘܠܕܗ ܡܐ ܕܝܠܕܬ ܕܝܢ ܒܪܐ ܠܐ ܥܗܕܐ ܐܘܠܨܢܗ ܡܛܠ ܚܕܘܬܐ ܕܐܬܝܠܕ ܒܪܢܫܐ ܒܥܠܡܐ
22 Gompieno jaana lo futsafetse, mme ke tlaa lo bona gape, mme lo tlaa itumela, mme ga gona ope yo o ka lo tseelang boitumelo joo.
ܐܦ ܐܢܬܘܢ ܗܫܐ ܟܪܝܐ ܠܟܘܢ ܬܘܒ ܕܝܢ ܐܚܙܝܟܘܢ ܘܢܚܕܐ ܠܒܟܘܢ ܘܚܕܘܬܟܘܢ ܠܐ ܐܢܫ ܢܤܒ ܡܢܟܘܢ
23 Ka nako eo ga lo na go tlhokana le go nkopa sepe, gonne lo tlaa bo lo ka tlhamalalela kwa go Rara go mo kopa, mme o tlaa lo naya se lo tlaa bong lo se kopa gonne lo tlaa bo lo dirisa leina la me.
ܘܒܗܘ ܝܘܡܐ ܠܝ ܠܐ ܬܫܐܠܘܢ ܡܕܡ ܐܡܝܢ ܐܡܝܢ ܐܡܪ ܐܢܐ ܠܟܘܢ ܕܟܠ ܡܕܡ ܕܬܫܐܠܘܢ ܠܐܒܝ ܒܫܡܝ ܢܬܠ ܠܟܘܢ
24 Ga lo ise lo ke lo leke go dira jaana pele, (mme simololang gompieno). Kopang, lo dirisa leina la me. Mme lo tlaa amogela, mme senwelo sa lona sa boitumelo se tlaa penologa.
ܥܕܡܐ ܠܗܫܐ ܠܐ ܫܐܠܬܘܢ ܡܕܡ ܒܫܡܝ ܫܐܠܘ ܘܬܤܒܘܢ ܕܬܗܘܐ ܚܕܘܬܟܘܢ ܡܫܡܠܝܐ
25 Ke buile kaga dilo tse ke itisitse mo puong, mme nako e tlaa tla fa go itisa mo puong go tlaa bo go sa tlhokege mme ke tlaa lo bolelela sentle thata gotlhe ka ga Rara.
ܗܠܝܢ ܒܦܠܐܬܐ ܡܠܠܬ ܥܡܟܘܢ ܐܬܝܐ ܕܝܢ ܫܥܬܐ ܐܡܬܝ ܕܠܐ ܐܡܠܠ ܥܡܟܘܢ ܒܦܠܐܬܐ ܐܠܐ ܥܝܢ ܒܓܠܐ ܐܒܕܩ ܠܟܘܢ ܥܠ ܐܒܐ
26 Mme lo tlaa lere dikopo tsa lona ka leina la me! Mme ga nkitla ke tlhoka go kopa Rara go lo naya dikarabo tsa dikopo tse,
ܒܗܘ ܝܘܡܐ ܕܬܫܐܠܘܢ ܒܫܡܝ ܘܠܐ ܐܡܪ ܐܢܐ ܠܟܘܢ ܕܐܢܐ ܐܒܥܐ ܡܢ ܐܒܐ ܥܠܝܟܘܢ
27 gonne Rara ene o lo rata fela thata ka gore lo a nthata ebile lo dumela gore ke tsile ke tswa kwa go Ene.
ܗܘ ܓܝܪ ܐܒܐ ܪܚܡ ܠܟܘܢ ܕܐܢܬܘܢ ܪܚܡܬܘܢܢܝ ܘܗܝܡܢܬܘܢ ܕܐܢܐ ܡܢ ܠܘܬ ܐܠܗܐ ܢܦܩܬ
28 Ee, ke tsile ke tswa kwa go Rara fa ke tla mo lefatsheng, mme ke tlaa tswa mo lefatsheng ke boela kwa go Rara.”
ܢܦܩܬ ܡܢ ܠܘܬ ܐܒܐ ܘܐܬܝܬ ܠܥܠܡܐ ܘܬܘܒ ܫܒܩ ܐܢܐ ܠܥܠܡܐ ܘܐܙܠ ܐܢܐ ܠܝ ܠܘܬ ܐܒܐ
29 Mme barutwa ba gagwe ba re, “Jaanong o bua sentle thata, eseng ka diane.
ܐܡܪܝܢ ܠܗ ܬܠܡܝܕܘܗܝ ܗܐ ܗܫܐ ܓܠܝܐܝܬ ܡܡܠܠ ܐܢܬ ܘܦܠܐܬܐ ܘܠܐ ܚܕܐ ܐܡܪ ܐܢܬ
30 Jaanong re tlhaloganya gore o itse sengwe le sengwe ebile ga o tlhoke ope go go bolelela sepe. Jaanong ka ntlha ya one mabaka a, re dumela gore o tsile o tswa kwa Modimong.”
ܗܫܐ ܝܕܥܝܢ ܚܢܢ ܕܟܠ ܡܕܡ ܝܕܥ ܐܢܬ ܘܠܐ ܤܢܝܩ ܐܢܬ ܕܐܢܫ ܢܫܐܠܟ ܒܗܕܐ ܡܗܝܡܢܝܢ ܚܢܢ ܕܡܢ ܐܠܗܐ ܢܦܩܬ
31 Mme Jesu a ba raya a re, “A jaanong lo dumela se ke se buang?
ܐܡܪ ܠܗܘܢ ܝܫܘܥ ܗܝܡܢܘ
32 Mme lobaka lo e tla, le gone tota lo setse lo fitlhile, fa lo tlaa phatlalala, mongwe le mongwe a boela kwa legaeng la gagwe, a ntlogela ke le nosi. Le fa go ntse jalo ke tlaa bo ke se nosi, gonne Rara o na le nna.
ܕܗܐ ܐܬܝܐ ܫܥܬܐ ܘܗܫܐ ܐܬܬ ܕܬܬܒܕܪܘܢ ܐܢܫ ܠܐܬܪܗ ܘܬܫܒܩܘܢܢܝ ܒܠܚܘܕܝ ܘܠܐ ܗܘܝܬ ܒܠܚܘܕܝ ܕܐܒܐ ܥܡܝ ܗܘ
33 Ke lo boleletse mo gotlhe gore lo tle lo nne le kagiso mo mogopolong le mo pelong. Lo tlaa nna le meleko e mentsi le dikutlobotlhoko fano mo lefatsheng; mme lo itumele thata, gonne ke fentse lefatshe.”
ܗܠܝܢ ܐܡܪܬ ܠܟܘܢ ܕܒܝ ܢܗܘܐ ܠܟܘܢ ܫܠܡܐ ܒܥܠܡܐ ܗܘܐ ܠܟܘܢ ܐܘܠܨܢܐ ܐܠܐ ܐܬܠܒܒܘ ܐܢܐ ܙܟܝܬܗ ܠܥܠܡܐ

< Johane 16 >