< Jakobe 5 >

1 Bonang, lona bahumi, jaanong ke nako ya go lela le go bokolela ka bohutsana jo bogolo ka ntlha ya go bona matshwenyego otlhe a a boitshegang a a kwa pele ga lona.
Wohlan nun ihr Reichen, weinet mit Wehklagen über die Trübsale, die euch bevorstehen.
2 Gonne khumo ya lona e setse jaanong e bola, le diaparo tsa lona tse dintle di fetoga makgasa a a jelweng ke motoutwane.
Euer Reichtum ist vermodert, eure Kleider sind Mottenfraß geworden;
3 Tlhwatlhwa ya gouta le selefera ya lona e wela kwa tlase ka bofefo, go ntse jalo e tlaa nna e le bosupi jo bo lo tlhabantshang, e bo e e ja nama ya lona jaaka molelo. Ke sone se lo se ipeetseng go se amogela mo letsatsing leo la tshekiso.
euer Gold und Silber ist verrostet, und sein Rost wird zum Zeugnis für euch und frißt euer Fleisch. Wie zum Feuer habt ihr Schätze gesammelt in den letzten Tagen.
4 Mme reetsang! Reetsang selelo sa badiri ba ba dirang mo masimong a lona ba lo ba tsieditseng ka tuelo ya bone. Selelo sa bone se tsenye mo ditsebeng tsa Morena wa Masomosomo.
Siehe, der Lohn der Arbeiter, die auf euren Feldern geschnitten, um welchen ihr sie gebracht, schreit auf, und das Rufen der Schnitter ist zu den Ohren des Herrn Sabaoth gedrungen.
5 Lo dirisitse dingwaga tsa lona mo lefatsheng lo le mo letlepung, lo itumedisa dikeletso tsotlhe tsa dipelo tsa lona, mme jaanong dipelo tsa lona tse di nonneng di siametse polao.
Ihr habt geschwelgt und gepraßt auf Erden, ihr habt eure Herzen gemästet am Schlachttag.
6 Lo atlhotshe ebile lo bolaile batho ba ba molemo ba ba neng ba sena nonofo go itshireletsa mo go lona.
Ihr habt verurteilt und getötet den Gerechten, er widersetzt sich euch nicht.
7 Ke lona bagaetsho, bakaulengwe ba ba rategang, ba lo letetseng go bowa ga Morena, nnang pelotelele, jaaka molemi yo o letelang go fitlhelela letlhabula fa thobo ya gagwe ya botlhokwa e butswa.
So harret nun in Geduld, Brüder, auf die Ankunft des Herrn. Siehe, der Bauer erwartet die kostbare Frucht der Erde, indem er in Geduld über ihr harrt, bis sie Frühregen und Spätregen bekomme.
8 Ee nnang, pelotelele. Lo bo lo kgothale, gonne go tla ga Morena go gaufi.
Harret auch ihr in Geduld, machet eure Herzen fest, denn die Ankunft des Herrn ist nahe.
9 Lo se ka lwa ngongoregela bakaulengwe. A lona ka bolona lo setse lo fetile go nyadiwa? Gonne bonang! Moatlhodi yo mogolo o e tla. O setse a le gaufi mo leseng e nne ene yo o tshwayang diphoso tsotlhe tse di tshwanetseng go supiwa.
Seufzet nicht, Brüder, wider einander, damit ihr nicht gerichtet werdet; siehe, der Richter steht vor der Thüre.
10 Mo dikaing tsa bopelotelele mo dipogisegong, tsayang malebela mo baporofiting ba Morena.
Nehmet euch, Brüder, die Propheten zum Vorbild im Leiden und Dulden, die geredet haben im Namen des Herrn.
11 Re itse ka fa ba itumelang ka teng jaanong gonne ba ne ba le boammaruri mo go ene ka nako eo, le fa ba ne ba go bogela thata. Jobe ke sesupo sa motho yo o neng a tsweletse a ikanya Morena mo matshwenyegong; mo maitemogelong a gagwe re bona ka fa leano la Modimo le neng la felela ka bomolemo ka teng, gonne Morena o tletse bopelotlhomogi le kutlwelo-botlhoko.
Siehe, wir preisen selig die ausgeharrt; von Hiobs Ausharren habt ihr gehört, und das Ende vom Herrn gesehen; denn mitleidsvoll ist der Herr und barmherzig.
12 Mme mo godimo ga dilo tsotlhe, bakaulengwe ba ba rategang, se ikaneng ka legodimo kgotsa ka lefatshe kgotsa le fa e le ka eng; lo re “ee” kgotsa “nnyaa” fela, gore lo seka lwa leofa lwa tloga lwa welwa ke phutso ya Modimo.
Vor allem aber, meine Brüder, schwöret nicht, weder beim Himmel noch bei der Erde, noch irgend einen anderen Schwur.
13 A mongwe mo go lona o tlhokofetse? A a nne a tswelele a rapele ka gone. Mme ba ba nang le lobaka lwa go leboga ba tshwanetse go tswelela ba opelela Morena dipako.
Euer Ja sei Ja und euer Nein sei Nein, damit ihr nicht dem Gerichte verfallet.
14 A mongwe o a lwala? O tshwanetse go bitsa bagolwane ba phuthego mme ba mo rapelele ba bo ba mo tshele lookwane ba kope Morena go mo fodisa.
Leidet einer unter euch, der bete. Ist einer wohlgemut, der singe Psalmen.
15 Mme thapelo ya bone, fa e dirwa ka tumelo, e tlaa mo fodisa, gonne o tlaa mo kakatlolola mme fa e le gore bolwetse jwa gagwe bo ne bo dirwa ke sebe sengwe, Morena o tlaa mo itshwarela.
Ist einer krank unter euch, der rufe die Aeltesten der Gemeinde, die sollen über ihn beten, und ihn salben mit Oel im Namen des Herrn,
16 Ipolelaneng ditlolo mme lo rapelelane gore lo tle lo fodisiwe. Thapelo ya mosiami e e tlhomameng e na le nonofo e kgolo le maungo a mantle.
so wird das Gebet des Glaubens dem Kranken helfen, und der Herr wird ihn aufrichten; und wenn er Sünden gethan hat, so wird ihm vergeben werden.
17 Elija e ne e le motho fela jaaka rona, mme le fa go ntse jalo e ne ya re a rapela ka tlhoafalo gore pula e seka ya na ya se ka ya na mo dingwageng tse tharo le dikgwedi tse thataro tse di latelang!
So bekennet denn einander die Sünden, und betet für einander, auf daß ihr geheilt werdet; denn viel vermag eines Gerechten kräftiges Gebet.
18 Mme a rapela gape, gore jaanong e ne, mme ya simolola go na mme bojang jwa nna botala le masingwana a simolola go ungwa gape.
Elias war ein Mensch von gleicher Art wie wir, und flehte daß es nicht regne, und es regnete nicht auf der Erde, drei Jahre und sechs Monate.
19 Bagaetsho, ha mongwe mo go lona a timeletswe ke boammaruri, mme mongwe a mo sokolola;
Und abermals betete er, und der Himmel gab Regen und die Erde sproßte ihre Frucht.
20 a a itse ha yo o sokololang moleofi mo timelong ya tsela ya gagwe, a tlaa golola mowa mo losong, mme a ba a bipa bontsi jwa dibe.
Meine Brüder, wenn einer unter euch sich von der Wahrheit verirrt, und es bekehrt ihn einer: wisset, daß wer einen Sünder bekehrt hat vom Irrtum seines Wegs, der wird seine Seele retten vom Tod, und bedecken eine Menge von Sünden.

< Jakobe 5 >