< Jakobe 1 >

1 Lokwalo lo lo tswa kwa go nna: Jakobe, motlhanka wa Modimo le Morena Jesu Keresete.
Jacobus, Dei et Domini nostri Jesu Christi servus, duodecim tribubus, quæ sunt in dispersione, salutem.
2 Lo ya kwa: Bajuteng ba ba rategang, Bakaulengwe a botshelo jwa lona bo mo mathateng le dithaelong? Ke gone he itumeleng,
Omne gaudium existimate fratres mei, cum in tentationes varias incideritis:
3 gonne fa tsela e na le dikgopi, bopelotelele jwa lona bo nna le nako e ntle ya go gola.
scientes quod probatio fidei vestræ patientiam operatur.
4 Ke gone mmang bopelotelele jwa lona bo gole, le gone lo seka lwa leka go intsha mo mathateng a lona ka go iphethekganya. Gonne bopelotelele jwa lona bo setse bo godile, jalo lo tlaa bo lo ipaakanyeditse go lebagana le sengwe le sengwe, lo itekanetse mo mokgweng, lo tletse ebile lo feletse.
Patientia autem opus perfectum habet: ut sitis perfecti et integri in nullo deficientes.
5 Fa lo batla go itse se Modimo o batlang lo se dira, o kopeng, mme o tlaa lo bolelela ka boitumelo, gonne o ipaakanyeditse ka malatsi otlhe go naya botlhe ba ba o kopang botlhale jo bogolo; o sa kgopege.
Si quis autem vestrum indiget sapientia, postulet a Deo, qui dat omnibus affluenter, et non improperat: et dabitur ei.
6 Mme fa lo o kopa, tlhomamisang ka botlalo gore lo lebeletse gore o tlaa lo bolelela, gonne tlhaloganyo e e belaelang e tlaa etsaetsega fela jaaka lekhubu la lewatle le le kgwekgweediwang le phailakwa ke phefo;
Postulet autem in fide nihil hæsitans: qui enim hæsitat, similis est fluctui maris, qui a vento movetur et circumfertur:
7 jalo maikaelelo mangwe le mangwe a o a dirang a tlaa bo a sa tlhomama, ka ntlha ya gore o leba kwa le kwa. Fa o sa kgope ka tumelo, se solofele Morena go go naya karabo nngwe e e tlhomameng.
non ergo æstimet homo ille quod accipiat aliquid a Domino.
8
Vir duplex animo inconstans est in omnibus viis suis.
9 Mokeresete yo o lebelwang kwa tlase mo lefatsheng leno a itumele, gonne o mogolo mo matlhong a Morena.
Glorietur autem frater humilis in exaltatione sua:
10 Mme mohumi o tshwanetse go itumelela gore dikhumo tsa gagwe ga di reye sepe mo Moreneng, gonne o tlaa tloga a nyelela, jaaka sethunya se se latlhegetsweng ke bontle jwa sone se bo se e swa se swabile, se bolailwe ke mogote wa letsatsi la selemo. Go ntse fela jalo mo bahuming. Ba tlaa tloga ba a swa ba bo ba tlogela ditiro tsa bone tse dintsi kwa morago.
dives autem in humilitate sua, quoniam sicut flos fœni transibit;
exortus est enim sol cum ardore, et arefecit fœnum, et flos ejus decidit, et decor vultus ejus deperiit: ita et dives in itineribus suis marcescet.
12 Go sego motho yo o sa ineeleng mo go direng boleo fa a lekwa, gonne e tlaa re kwa morago o tlaa amogela serwalo sa botshelo e le tuelo ya gagwe, serwalo se Modimo o se solofeditseng ba ba o ratang.
Beatus vir qui suffert tentationem: quoniam cum probatus fuerit, accipiet coronam vitæ, quam repromisit Deus diligentibus se.
13 Mme gakologelwang, fa mongwe a batla go dira boleo ga se Modimo o mo raelang, gonne Modimo ga o ke o batla go dira boleo le gone ga o ke o raela ope gore a bo dire.
Nemo cum tentatur, dicat quoniam a Deo tentatur: Deus enim intentator malorum est: ipse autem neminem tentat.
14 Thaelo ke go gogwa ke dikakanyo tse di bosula tsa motho le dikeletso tsa gagwe.
Unusquisque vero tentatur a concupiscentia sua abstractus, et illectus.
15 Dikakanyo tse di bosula tse, di gogela mo ditirong tse di bosula mme morago go bo go nna katlholelo loso e tswa kwa Modimong.
Deinde concupiscentia cum conceperit, parit peccatum: peccatum vero cum consummatum fuerit, generat mortem.
16 Ke gone se tsietsegeng, bakaulengwe ba ba rategang.
Nolite itaque errare, fratres mei dilectissimi.
17 Mme le fa e le eng se se molemo ebile se itekanetse se tla kwa go rona se tswa kwa Modimong Motlhodi wa lesedi lotlhe, mme o phatshimela ruri ka bosakhutleng go sena phetogo epe kgotsa moriti.
Omne datum optimum, et omne donum perfectum desursum est, descendens a Patre luminum, apud quem non est transmutatio, nec vicissitudinis obumbratio.
18 Gape e ne e le letsatsi le le itumedisang mo go One fa o re naya matshelo a masha, ka boammaaruri jwa Lefoko la one, mme re ne ra nna jaaka ekete re bana ba One ba ntlha mo go ba ntlo ya One e ncha.
Voluntarie enim genuit nos verbo veritatis, ut simus initium aliquod creaturæ ejus.
19 Bakaulengwe, se lebaleng gore go botoka go reetsa thata, le go bua go le gonnye mme o sa tlale bogale;
Scitis, fratres mei dilectissimi. Sit autem omnis homo velox ad audiendum: tardus autem ad loquendum, et tardus ad iram.
20 gonne bogale ga bo re siamise, jaaka Modimo o batla re siama.
Ira enim viri justitiam Dei non operatur.
21 Ke gone latlhang gotlhe mo go sa siamang mo botshelong jwa lona, ke gore ka fa teng ga gago le ka fa ntle, mme ka boingotlo itumeleleng molaetsa o montle o re o amogetseng, gonne o nonofile go boloka mewa ya rona jaaka e le One o o tshwereng dipelo tsa lona.
Propter quod abjicientes omnem immunditiam, et abundantiam malitiæ, in mansuetudine suscipite insitum verbum, quod potest salvare animas vestras.
22 Gape gakologelwang gore molaetsa o, o tshwanetse go obamelwa, eseng go reediwa fela. Ke gone se itsietseng.
Estote autem factores verbi, et non auditores tantum: fallentes vosmetipsos.
23 Gonne fa motho a reetsa fela a sa o obamele o tshwana le motho yo o itebileng sefatlhogo mo seiponeng;
Quia si quis auditor est verbi, et non factor, hic comparabitur viro consideranti vultum nativitatis suæ in speculo:
24 gonne fela jaaka a tsamaya, ga a tlhole a ipona, gape ga a sa tlhole a gakologelwa gore o lebega jang.
consideravit enim se, et abiit, et statim oblitus est qualis fuerit.
25 Mme fa mongwe a tswelela ka go lebela pele mo molaong wa Modimo wa batho ba ba gololesegileng, ga a kitla a o gakologelwa fela, mme o tlaa dira se o se buang, mme Modimo o tlaa mo segofatsa thata mo go sengwe le sengwe se o se dirang.
Qui autem perspexerit in legem perfectam libertatis, et permanserit in ea, non auditor obliviosus factus, sed factor operis: hic beatus in facto suo erit.
26 Lefa e le mang yo o reng ke Mokeresete mme a sa laole loleme lwa gagwe lo lo bogale, o itsietsa fela, le tumelo ya gagwe ga e na molemo ope.
Si quis autem putat se religiosum esse, non refrenans linguam suam, sed seducens cor suum, hujus vana est religio.
27 Mokeresete yo o phepa a bile a sena molato, ka fa ponong ya Modimo ke yo o tlhokomelang masiela le batlholagadi, le yo mowa wa gagwe o emeng ka boammaaruri mo Moreneng, a sa marwa gope ke dibe tsa lefatshe.
Religio munda et immaculata apud Deum et Patrem, hæc est: visitare pupillos et viduas in tribulatione eorum, et immaculatum se custodire ab hoc sæculo.

< Jakobe 1 >