< Bahebera 4 >

1 Le fa tsholofetso ya Modimo e ise e diragale, ebong tsholofetso ya One ya gore botlhe ba ka tsena mo lefelong la One la boikhutso, re tshwanetse go roroma ka letshogo gonne morago ga tsotlhe, bangwe ba lona ba ka nna mo seemong sa go tlhaela go goroga teng koo.
Let us therefore fear, lest, a promise being left us of entering into his rest, any of you should seem to come short of it.
2 Gonne Mafoko a a Molemo a, ebong molaetsa wa gore Modimo o batla go re boloka, re o neetswe fela jaaka o ne wa neelwa ba ba neng ba tshela mo lobakeng lwa ga Moshe. Mme ga o a ka wa ba solegela molemo gonne ga ba a ka ba o dumela. Ga ba a ka ba o kopanya le tumelo.
For to us was the gospel preached, as well as to them: but the word preached did not profit them, not being mixed with faith in them that heard it.
3 Ke rona fela ba re dumelang Modimo re ka tsenang mo lefelong la One la boikhutso. O rile, “Ke ikanne mo bogaleng jwa me gore ba ba sa ntumeleng ga ba kitla ba tsena,” le fa tota o ne o ntse o ba ipaakanyeditse ebile o ntse o ba emetse go tswa tshimologong ya lefatshe.
For we which have believed do enter into rest, as he said, As I have sworn in my wrath, if they shall enter into my rest: although the works were finished from the foundation of the world.
4 Re itse fa o ipaakantse ebile o letile gonne go kwadilwe gatwe Modimo o ne wa ikhutsa ka letsatsi la bosupa la lobopo o sena go fetsa tsotlhe tse o neng o ikaeletse go di dira.
For he spoke in a certain place of the seventh day on this wise, And God did rest the seventh day from all his works.
5 Le fa go ntse jalo ga ba a ka ba tsena, gonne lwa bofelo Modimo o ne wa re, “Ga ba kitla ba tsena mo boikhutsong jwa me.”
And in this place again, If they shall enter into my rest.
6 Le fa go ntse jalo, tsholofetso e ntse e ntse fela jalo, bangwe ba a tsena, mme eseng ba ba neng ba bona sebaka sa go rerelwa pele gonne ga ba a ka ba ikobela Modimo mme ka ntlha ya go dira jalo ba tlhaela go tsena.
Seeing therefore it remains that some must enter therein, and they to whom it was first preached entered not in because of unbelief:
7 Mme o beile nako e nngwe ya go tsena mo lefelong la boikhutso, mme nako eo ke jaanong jaana. O anamisitse polelo e ka Kgosi Dafide morago ga lobaka lo loleele lwa dingwaga motho a sena go palelwa ke go tsena mo felong ga boikhutso, o ne wa bua jaana ka mafoko a a setseng a boletswe, a a reng, “Gompieno fa lo mo utlwa a bitsa, se mo thatafaletseng dipelo tsa lona.”
Again, he limits a certain day, saying in David, To day, after so long a time; as it is said, To day if you will hear his voice, harden not your hearts.
8 Lefelo le lesha le la boikhutso le Modimo o buang ka lone ga se lefatshe la Iseraele le Joshua a neng a etelela pele Baiseraela a ba gorosa mo go lone. Fa e le gore Modimo o ne o raya lone, o ka bo o ne wa seka ya re morago ga lobaka lo lo leele wa bua ka “Gompieno” e le yone nako ya go tsena mo lefelong la boikhutso.
For if Jesus had given them rest, then would he not afterward have spoken of another day.
9 Jalo go na le boikhutso jo bo tletseng jo bo santseng bo letetse batho ba Modimo.
There remains therefore a rest to the people of God.
10 Keresete o setse a tsenye teng. O itapolositse mo tirong ya gagwe, fela jaaka Modimo o ne wa itapolosa morago ga lobopo.
For he that is entered into his rest, he also has ceased from his own works, as God did from his.
11 Mme le rona a re lekeng ka bojotlhe jwa rona go tsena mo lefelong leo la boikhutso, re iketse tlhoko, e se re kgotsa le rona ra tloga ra tlhoka kutlo mo Modimong jaaka bana ba Iseraela ba ne ba dira, mme ka go dira jalo ba tlhaela go tsena mo lefelong la boikhutso.
Let us labor therefore to enter into that rest, lest any man fall after the same example of unbelief.
12 Gonne le fa e le eng se Modimo o se re bolelelang se tletse nonofo e e tshedileng: se bogale thata go gaisa chaka e e bogale jo bo feteletseng e tlhabela ka bofefo mo teng teng ga megopolo ya rona le dikeletso le gotlhe ga tsone, e re senolela se tota re leng sone.
For the word of God is quick, and powerful, and sharper than any two edged sword, piercing even to the dividing asunder of soul and spirit, and of the joints and marrow, and is a discerner of the thoughts and intents of the heart.
13 O itse ka mongwe le mongwe gongwe le gongwe. Sengwe le sengwe ka rona se apogile ebile se bulegetse thata matlho otlhe a a bonang a Modimo wa rona o o tshelang; ga go na sepe se Modimo o ka se fitlhelwang, One o re tshwanetseng go o tlhalosetsa tsotlhe tse re di dirileng.
Neither is there any creature that is not manifest in his sight: but all things are naked and opened to the eyes of him with whom we have to do.
14 Mme Jesu Morwa Modimo Ke Moperesiti wa rona yo Mogolo thata ene yo o ileng kwa legodimong go re thusa; jalo a re se khutliseng go mo ikanya.
Seeing then that we have a great high priest, that is passed into the heavens, Jesus the Son of God, let us hold fast our profession.
15 Moperesiti yo Mogolo yo wa rona o tlhaloganya makoa a rona, gonne le ene o kile a nna mo dithaelong jaaka rona, le fa go ntse jalo ga a ise a ke a bo a neye dithaelo sebaka mme a leofa.
For we have not an high priest which cannot be touched with the feeling of our infirmities; but was in all points tempted like as we are, yet without sin.
16 Jalo a re tleng kwa setilong sa bogosi jwa Modimo ka bopelokgale re bo re nne teng koo go amogela kutlwelo botlhoko ya One le go nna le tshegofatso go re thusa mo dinakong tsa rona tsa botlhoki.
Let us therefore come boldly to the throne of grace, that we may obtain mercy, and find grace to help in time of need.

< Bahebera 4 >