< Bahebera 2 >

1 Jalo re tshwanetse go reetsa sentle thata boammaaruri jo re bo utlwileng, e seng jalo re ka tloga ra tswa mo go jone. 2 Gonne ka melaetsa e e tswang kwa baengeleng e aga e le boammaaruri le batho ba ne ba aga ba otlhaelwa go tlhoka go e obamela, 3 se se re dirang gore re itheye re re re ka falola ke eng fa re tlhokomologa poloko e kgolo e, e e anamisiwang ke Morena Jesu ka sebele, ebile e tsile mo go rona ka ba ba mo utlwileng a bua? 4 Modimo ka malatsi otlhe o ntse o re kaela gore melaetsa e, e boammaaruri ka ditshupo le dikgakgamatso le ka ditiro tsa nonofo tse di farologanyeng le ka go naya ba ba dumelang dineo tsa botlhokwa tse di tswang mo Moweng O O Boitshepo; ee, Modimo o neetse mongwe le mongwe wa rona dineo tse di ntseng jalo. 5 Mme lefatshe le le tlang le re buang ka lone ga le na go laolwa ke baengele. 6 Nnyaa, gonne mo lokwalong lwa Dipesalema Dafide o raya Modimo a re, “Kana motho e bo e le eng fa o tshwenyega thata ka ene? Le Morwa Motho yo o mo tlotlang thata ke mang? 7 “Gonne le fa o mo dirile go nna monnye mo baengeleng ka lobakanyana, jaanong o mo rwesitse kgalalelo le tlotlo. 8 Ebile o mo tlhomile go nna motlhokomedi wa sengwe le sengwe se se leng teng. Ga gona sepe se se tlogetsweng”. Ga re ise re bo re bone gotlhe mo go diragala, 9 mme re bona ene Jesu, yo ka lobakanyana a neng a le kwa tlase ga baengele go le gonnye, jaanong a rwesiwa kgalalelo le tlotlo ke Modimo gonne o re bogetse ka loso. Ee, gonne ka kutlwelobotlhoko ya Modimo e kgolo, Jesu o ne a utlwa loso ka ntlha ya batho botlhe mo lefatsheng lotlhe. 10 Mme go ne go siame ebile go tlhamaletse gore Modimo o o tlhodileng sengwe le sengwe ka ntlha ya kgalalelo ya one, o leseletse Jesu go boga, gonne ka go dira jaana o ne o lere bontsintsi jo bogolo jwa batho ba Modimo kwa legodimong; gonne go boga ga gagwe go dirile Jesu moeteledipele yo o senang selabe, yo o nonofileng go ba lere mo polokong ya bone. 11 Rona ba re itshepisitsweng ke Jesu, jaanong re na le Rara a le mongwe nae. Ke sone se Jesu a sa tlhabiweng ke ditlhong go re bitsa barwaa-rraagwe. 12 Gonne mo lokwalong lwa Dipesalema a re, “Ke tlaa bua le barwa rre kaga Modimo Rara, mme re tlaa opela dipako tsa one mmogo.” 13 Ka lobaka longwe o ne a re, “Ke tlaa baya tshepo ya me mo Modimong ga mmogo le barwa rre.” Mme gape ka lobaka longwe a bua a re, “Bonang, ke fano le bana ba Modimo o ba nneetseng.” 14 Ka rona bana ba Modimo, re le batho ba ba dirilweng ka nama le madi, le ene o ne a nna nama le madi ka go tsalwa mo setshwanong sa motho; gonne o ne a ka swa fela fa e le motho mme mo go sweng a fenya nonofo ya ga diabolo yo o neng a na le nonofo ya loso. 15 Ke gone fela ka tsela eo, a neng a ka golola ba ka ntlha ya poifo ya loso ba neng ba ntse ba tshela botshelo jwa bone jotlhe e le magolegwa mo letsho-gong le legolo le le tsweletseng pele. 16 Rotlhe re itse gore o ne a sa tla e le moengele mme e ne e le motho ee, Mojuta. 17 Mme go ne go tlhokega gore Jesu a nne jaaka rona, barwa-rraagwe, gore a tle a nne Moperesiti yo Mogolo wa rona yo o kutlwelo-botlhoko mo go rona ebile a ikanyega mo Modimong, go tlhabantsha dibe tsa batho. 18 Gonne e re ka ene ka sebele a bogile ebile a tsamaile mo thaelong, o itse gore go utlwala jang fa re bogisega ebile re raelwa, mme o nonofile thata go re thusa.

< Bahebera 2 >