< Ditiro 20 >

1 Mme erile mo gotlhe go fela, Paulo a laetsa gore barutwa ba ye go bidiwa, a ba rerela molaetsa wa go ba sadisa sentle, mme a ya Masedonia, 2 a tsamaya a rerela badumedi mo tseleng, mo metseng yotlhe e o neng a feta ka yone. 3 O ne a nna mo Gerika dikgwedi di le tharo mme o ne a ipaakanyetsa go ya kwa Siria fa a lemoga leano la Bajuta la go mmolaya, jalo a ikaelela go ya kwa borwa jwa Masedonia pele. 4 Banna ba le bantsinyana ba ne ba tsamaya nae, ba ya kwa Asia; e ne e le bo Sopatere wa Berea, morwa Pirilia, Arisetareko le Sekundo wa Mothesalonia, Gaio wa Moderebe le Timotheo; le Tukiko le Terofimo, ba ba neng ba boela kwa magaeng a bone kwa Asia, 5 mme ba ne ba tsamaetse pele ebile ba ne ba re letetse kwa Teroase. 6 Erile fela fa modiro wa Tlolaganyo o fela, ra palama sekepe kwa Filipi, borwa jwa Gerika mme morago ga malatsi a matlhano ra goroga mo Teroase, kwa re neng ra nna teng beke. 7 Mme ka Sontaga ra phuthega ra a ja selalelo, Paulo a rera. Mme ka a ne a tsamaya letsatsi le le latelang, o ne a bua go fitlhelela bosigogare! 8 Ntlwana e e kwa godimo e re neng re phuthaganetse mo go yone e ne e na le dipone di le dintsi tse di tshubilweng. 9 Mme erile Paulo a ntse a tsweletse a bua, lekau lengwe le le neng le bidiwa Eutiko, a nnetse fa fensetereng, a thulamela mme a wa a tswa kwa ntlwaneng ya boraro e e kwa godimo a swa. 10 Paulo o ne a tswela kwa ntle mme a mo tsaya ka diatla a re, “Se tshwenyegeng, o siame fela!” Mme ka boammaaruri o ne a siame! Mme ga nna boitumelo jwa kgakgamalo jang mo bathong! Botlhe ba boela kwa ntlwaneng e e kwa godimo mme ba a ja selalelo sa Morena mmogo; Paulo a rera gape thero e telele go fitlhelela phakela fa a ba tlogela lwa bofelo! 11 12 13 Paulo o ne a tsamaya ka dinao go ya kwa Asoso, mme rona re ne ra tsamaela pele ka sekepe. 14 O ne a re fitlhela teng kwa Asoso mme ra tsena mo sekepeng rotlhe ra ya Mitilene; 15 mme ka letsatsi le le latelang ra feta Kioso; le le latelang ra tsena mo Samosa; mme morago ga letsatsi leo ra goroga mo Mileto. 16 Paulo o ne a feditse mogopolo gore ga a kake a ema mo Efeso ka nako e, gonne o ne a itlhaganeletse go tsena kwa Jerusalema, gore fa go kgonega, a ye go kopanela modiro wa Pentekosete le bone. 17 Mme erile fa re goroga kwa Mileto, a romela molaetsa kwa bagolwaneng ba phuthego kwa Efeso a ba kopa gore ba ye go kopana nae kwa mokorong. 18 Mme erile ba goroga, a ba raya a re, “Lona banna ke lona lo itse gore go simologa ka letsatsi le ke gorogileng ka lone mo Asia go fitlhelela gompieno, 19 ke dirile tiro ya Morena ka boikokobetso, ee, le ka dikeledi, mme ke kopane le mathata a a boitshegang a maano a Bajuta a go mpolaya. 20 Mme ke ne ke sa etsaetsege go lo bolelela boammaaruri, mo bathong kgotsa mo magaeng a lona. 21 Ke ne ka nna le molaetsa o o tshwanang mo Bajuteng le mo go Badichaba ebong tlhokego ya gore ba sokologe mo sebeng ba ye kwa Modimong ka tumelo mo go Morena wa rona Jesu Keresete. 22 “Mme jaanong ke ya Jerusalema, ke gogelwa teng ke Mowa O O Boitshepo o ke se ka keng ka o ganetsa, ke sa itse se se nkemetseng kwa pele, 23 fa e se fela gore Mowa O O Boitshepo o mpoleletse gore fa ke sena go tsena motse le motse kgolegelo le tshotlego di ntetetse kwa pele. 24 Mme botshelo ga se sepe fa ke sa bo dirise go dira tiro e ke e neetsweng ke Morena Jesu, tiro ya go bolelela ba bangwe Mafoko a a Molemo kaga lorato le kutlwelo botlhoko e kgolo ya Modimo. 25 Mme jaanong ke a itse gore ga go ope wa lona mo go ba ke ba rutileng kaga Bogosi yo o tlaa mponang gape. 26 Mmang ke bue phatlalatsa fela ke re ga go na madi a ga ope a a tlaa lopiwang mo tlhogong ya me, 27 gonne ga ke a ka ka boifa go lo bolelela molaetsa wa Modimo otlhe. 28 “Mme jaanong itlhokomeleng! Tlhomamisang gore lo otle lo bo lo dise letsomane la Modimo, ebong phuthego, e e rekolotsweng ka madi a gagwe, gonne Mowa O O Boitshepo o lo tlhomile go nna baokamedi. 29 Ke itse sentle gore morago ga ke tsamaya, go tlaa tla mo go lona baruti ba ba maaka, jaaka diphiri tse di gagolakang, tse di sa rekegeleng letsomane. 30 Bangwe ba lona ba tlaa fetola boammaaruri gore ba salwe morago. 31 Itlhokomeleng! Gakologelwang dingwaga tse tharo tse ke di ntseng le lona, tlhokomelo ya me mo go lona ka metlha yotlhe le dikeledi tsa me tse dintsi ke lo lelela. 32 “Mme jaanong ke lo neela Modimo le mo tlhokomelong ya one le mo mafokong a one a a hakgamatsang a a kgonang go aga tumelo ya lona le go lo fa boswa jotlhe jwa ba ba itshenketsweng ke one. 33 “Ga ke ise ke be ke eletse madi kgotsa diaparo tse dintle, 34 lo itse gore diatla tse tsa me di diretse tse ke neng ke di tlhoka le go thusa ba ke neng ke na nabo. 35 Mme ke ne ka nna sekao sa nako tsotlhe mo go lona mo go thuseng bahumanegi; gonne ke ne ka gakologelwa mafoko a ga Morena Jesu a a reng; ‘Go lesego go aba go na le go amogela.’” 36 Erile fa a sena go bua a khubama a rapela nabo, 37 mme ba lelela kwa godimo fa ba mo tlamparela ba mo tsamaisa sentle, 38 ba utlwa botlhoko go feta ka gore o ne a re ga a kitla a tlhola a tla gape. Hong ba tsamaya nae go ya kwa sekepeng.

< Ditiro 20 >