< Johane III 1 >

1 Lokwalo lo lo tswa kwa go: Nna Johane, mogolwane wa phuthego. Ke lo kwalela: Gaeyo yo ke mo ratang ka boammaaruri. 2 Tsala e e rategang, ke rapelela gore o segofale mo dilong tsotlhe le gore mmele wa gago o itekanele fela jaaka ke itse ka fa mowa wa gago o itekanetseng ka teng. 3 Bangwe ba bakaulengwe ba ba kileng ba tla kwano ba intumedisitse thata ka go mpolelela gore botshelo jwa gago bo phepa ebile bo boammaaruri ka nako tsotlhe, le gore o tshela kafa Mafokong a a Molemo. 4 Go ne go se na boitumelo bope jo ke neng ka nna najo go gaisa go utlwa dikgang tse di ntseng jalo ka bongwanake. 5 Tsala e e rategang, o direla Modimo tiro e e molemo ka go tlhokomela baruti ba e leng batsamai le bareri ba ba fetang. 6 Ba boleletse phuthego kwano ka botsalano jwa lona le ditiro tsa gago tsa lorato. Ke itumela fa e a re ba tsamaya o ba fe dimpho ka bopelotshweu. 7 Gonne ba tsamaela Morena, mme ga ba tseye dijo, diaparo, mogope (tante) le fa e le madi mo go ba e seng Bakeresete, le fa tota ba ba reretse. 8 Jalo rona ka sebele re tshwanetse ra ba tlhokomela gore re tle re nne badiri le bone mo tirong ya Morena. 9 Ke romeletse phuthego lokwalo lo lo khutshwane ka selo se, mme Dioterefese wa moikgantshi, yo o ratang go itshusumeletsa kwa pele go nna moeteledipele wa Bakeresete teng koo, ga a batle ke mo laola ebile o gana go ntheetsa. 10 E tlaa re ke tsena koo ke tlaa go bolelela dingwe tsa dilo tse a di dirang le ka dilo tse di sa siamang tse a buang kaga me le ka puo e e tlhapatsang. Ga a gane fela go amogela batsamaisi ba Lefoko la Modimo, mme o raya ba bangwe a re ba seka ba ba amogela, mme fa ba dira jalo o leka go ba kgaola mo phuthegong. 11 Tsala e e rategang, o seka wa letla sekao se se maswe se go go tlhotlheletsa. Sala morago fela se se molemo. Gakologelwa gore ba ba dirang tshiamo ba supa gore ke bana ba Modimo; mme ba ba tswelelang ba dira bosula ba supa gore ba kgakala le Modimo. 12 Mme batho botlhe, le Boammaaruri tota ba bua ka Demeterio. Le nna ka sebele ke ka bua jalo kaga gagwe, mme oa itse gore ke bua boammaaruri. 13 Ke na le go le gontsi mo ke ka go buang mme ga ke batle go go kwala, 14 gonne ke solofela go go bona mo bogautshwaneng mme ke gone re tlaa buang go le gontsi re le mmogo. Ke gone salang sentle. Ditsala kwano di a lo dumedisa, mme tswee-tswee o ntumedisetse mongwe le mongwe koo. Wa lona ruri, Johane.

< Johane III 1 >