< Timotheo II 1 >

1 Lokwalo lo lo tswang kwa go: Paulo, mo rongwa wa ga Jesu Keresete, yo o rometsweng ke Modimo go ya go bolelela banna le basadi gongwe le gongwe kaga botshelo jo bo sa khutleng jo o ba bo solofeditseng ka tumelo mo go Jesu Keresete. 2 Lo ya kwa go: Timotheo, morwaake yo o rategang. A Modimo Rara le Keresete Jesu Morena wa rona o go nosetse bopelonomi jwa one, kutlwelo-botlhoko le kagiso. 3 Ke leboga Modimo jang ka wena, Timotheo. Ke go rapelela malatsi otlhe, le ka nako tsotlhe mo masigong a maleele ke kopa Modimo wa me go go segofatsa mo go menaganyeng. Ke Modimo wa borre, le wa me, mme maikaelelo a me fela mo botshelong ke go o itumedisa. 4 Ke tlhwaafaletse thata go go bona gape. Kana ke ka itumela thatajang, gonne ke gakologelwa selelo sa gago fa re kgaogana. 5 Ke itse gore o ikanya Morena go le kae, fela jaaka mmago Yunise le mmago-mogolo Loise ba mo ikanya; ebile ke tlhomamisa gore o santse o mo ikanya thata fela jaaka gale. 6 Ka ntlha ya moo, ke batla go go gakolola gore o tlhotlheletse nonofo le bopelokgale jo bo mo teng ga gago, jo bo tsenyeng mo go wena ka nako e ke neng ke go baya diatla ka yone ke go segofatsa. 7 Gonne Mowa O O Boitshepo, neo ya Modimo, ga o rate gore wena o tshabe batho, mme e leng go nna botlhale le nonofo, le go ba rata le go itumelela go nna le bone. 8 Fa o ka tlhotlheletsa nonofo e e mo teng ga gago ga o kitla o boifa go bolelela ba bangwe ka Morena, wa rona, Kgotsa go ba itsise gore ke tsala ya gago le fa ke le mo kgolegelong fano ka ntlha ya ga Keresete. O tlaa ipaakanyetsa go boga le nna ka ntlha ya Morena, gonne o tlaa go nonotsha mo dipogisong. 9 Ke ene yo o re bolokileng le yo o re tlhophetseng tiro ya gagwe e e boitshepo, e seng ka ntlha ya gore e re tshwanetse mme e le ka ntlha ya gore e ne e le leano la One la bogologolo pele ga lefatshe le simologa, go supa lorato lwa One mo go rona le bopelotlhomogi ka Jesu Keresete. (aiōnios g166) 10 Mme jaanong o dirile mo gotlhe gore go bonale mo go rona sentle ka go tla ga Mmoloki wa rona Jesu Keresete, yo o robileng nonofo ya loso a bo a re bontsha tsela ya botshelo jo bo safeleng ka go mo ikanya. 11 Mme Modimo o ntlhophile go nna morongwa wa one, go rerela Badichaba le go ba ruta. 12 Ke ka moo ke bogang fano mo kgolegelong ebile ga go ntlhabise ditlhong, gonne ke itse yo ke mo ikanyang, ebile ke tlhomamisa gore o nonofile go tlhokomela tsotlhe tse ke di mo neileng go fitlhelela letsatsi la go bowa ga gagwe. 13 Tshegetsa thata sekao sa boammaaruri jo ke go bo rutileng, segolo thata jang tumelo le lorato lo Keresete Jesu a lo go neileng. 14 Tlhokomela thata, nonofo e o e amogetseng mo Modimong e le mpho e e tswang mo Moweng o o Boitshepo o o nnang mo teng ga gago. 15 Jaaka o itse, Bakeresete botlhe ba ba tsileng mono ba tswa kwa Asia ba mphatlalaletse; le e leng Fugalo le Hegemogenese tota ba tsamaile. 16 A Morena a segofatse Onisiforo le botlhe ba ntlo ya gagwe, ka gore o ne a nketela a bo a nkgothatsa gantsi. Go nketela ga gagwe go ne ga ntsoseletsa jaaka mowa wa phefo e e monate, ebile go nna ga me mo kgolegelong ga go ise go mo tlhabise ditlhong. 17 Le gone erile a tla mo Roma o mpatlile gongwe le gongwe, a leka go bona kwa ke teng, mme la bofelo a mpona. 18 A Modimo o mo nee lesego le le faphegileng motlhang Keresete a bowang. Ebile o itse botoka go na le jaaka ke ka go bolelela ka fa o nthusitseng ka teng kwa Efeso.

< Timotheo II 1 >