< Timotheo I 4 >

1 Mme Mowa O O Boitshepo o re bolelela sentle gore mo metlheng ya bofelo bangwe mo phuthegong ba tlaa fularela Keresete mme ba nne balatedi ba baruti ba ba tlhotlheleditsweng megopolo e e bosula ke Satane. 2 Baruti ba ba tlaa bolela maaka ka difatlhogo tse di gagametseng ba bo ba go dira gantsi thata mo e leng gore digakolodi tsa bone ga di kitla di ba kgoreletsa ka gope. 3 Ba tlaa re go nyala ga go a siama le go ja nama, le fa Modimo o neetse Bakeresete ba ba rutilweng sentle dilo tse go di itumelela le go di lebogela, 4 gonne sengwe le sengwe se Modimo o se dirileng se siame, mme re ka se ja ka boitumelo fa re se itumelela, 5 le fa re kopa Modimo go se segofatsa, gonne se siamisiwa ke Lefoko la Modimo le thapelo. 6 Fa o tlhalosetsa ba bangwe selo se, o tlaa bo o dira tiro ya gago jaaka moruti yo o itekanetseng yo o otlilweng ka tumelo le ka thuto ya boammaaruri e o e setseng morago. 7 Se senye nako mo dikganetsanyong tsa megopolo ya bomatla le dinaane tsa boeleele le ditlhamane. Dirisa nako ya gago le nonofo mo go itlwaetseng go nna o nitame mo moweng. 8 Katiso ya mmele e siame, mme katiso ya semowa e botlhokwa thata ebile ke molemo mo go tsotlhe tse o di dirang. Jalo ikatise mo moweng o itlwaetse go nna Mokeresete yo o siameng, ka gore mo go tlaa go thusa e seng fela mo botshelong jono, mme le e leng le mo go jo bo tlang. 9 Se ke boammaaruri mme mongwe le mongwe o tshwanetse go bo amogela. Re dira thata re bile re boga thata gore batho ba tle ba bo dumele, gonne tsholofelo ya rona e mo Modimong o o tshelang o o re swetseng rotlhe, bogolo jang ba ba amogetseng poloko ya One. 10 11 Ruta dilo tse, o bo o tlhomamise gore mongwe le mongwe o di ithuta sentle. 12 Se letle gore ope a go nyatse ka go bo o le mmotlana. Nna sekao sa bone, dira gore ba latele ka fa o ba rutang ka teng le ka fa o tshelang ka teng; nna sekao mo go bone ka lorato lwa gago; tumelo ya gago, le ka megopolo e e phepa. 13 Go fitlhelela ke tsena koo, bala o bo o tlhalosetse phuthego Dikwalo; rera Lefoko la Modimo. 14 Tlhomamisa go dirisa dinonofo tse Modimo o di go neileng ka baporofiti ba One fa bagolwane ba phuthego ba go baya diatla. 15 Dirisa dinonofo tse; dira tiro yotlhe ya gago ka botlalo gore batho botlhe ba tle ba lemoge tlhabologo ya gago le tswelelopele. 16 Lebelela ka kelotlhoko mo go tsotlhe tse o di dirang le tse o di akanyang. Nna boammaaruri mo go se se siameng mme Modimo o tlaa go segofatsa o bo o go dirisa go thusa ba bangwe.

< Timotheo I 4 >