< Johane I 5 >

1 Fa o dumela gore Jesu ke Keresete, gore ke Morwa Modimo le gore ke Mmoloki wa gago, jalo o ngwana wa Modimo. Mme botlhe ba ba ratang Rara ba rata le bana ba gagwe.
Whoever believes that Jesus is the Christ is born of God: and every one that loves him that fathered loves him also that is begotten of him.
2 Jalo o ka ipatlisisa gore o rata bana ba Modimo go le kae, barwa-rrago le bokgaitsadio mo Moreneng, ka gore o rata Modimo go le kae.
By this we know that we love the children of God, when we love God, and keep his commandments.
3 Go rata Modimo go dira se Modimo o re bolelelang gore re se dire, mme go bua boammaaruri, go dira jalo ga go thata gotlhelele;
For this is the love of God, that we keep his commandments: and his commandments are not grievous.
4 gonne ngwana mongwe le mongwe wa Modimo o ka o obamela, a fenya sebe le dikgatlhego tse di bosula ka go ikanya Keresete go mo thusa.
For whatever is born of God overcomes the world: and this is the victory that overcomes the world, even our faith.
5 Mme ke mang yo o ka kgonang go lwa a bo a fenya ntwa e fa e se ka go dumela gore Jesu ka boammaaruri ke Morwa Modimo?
Who is he that overcomes the world, but he that believes that Jesus is the Son of God?
6 Mme re itse gore ke Morwa Modimo, gonne Modimo o buile jalo ka lentswe le le tswang kwa legodimong fa Jesu a kolobediwa, le jaaka a ne a lebaganye le loso, ee, eseng fela ka nako ya kolobetso ya gagwe mme e leng le ka nako e a neng a lebaganye le loso ka yone. Le Mowa O O Boitshepo, o o leng boammaaruri ka bosenabokhutlo o bua jalo.
This is he that came by water and blood, even Jesus Christ; not by water only, but by water and blood. And it is the Spirit that bears witness, because the Spirit is truth.
7 Jalo re na le basupi ba le bararo ebong lentswe la Mowa O O Boitshepo mo dipelong tsa rona, lentswe le le neng la tswa kwa legodimong ka nako e Jesu a neng a kolobediwa ka yone, le lentswe le le neng la utlwala pele ga a a swa.
For there are three that bear record in heaven, the Father, the Word, and the Holy Ghost: and these three are one.
8 Mme botlhe fela basupi ba, ba bua selo se le sengwe: gore Jesu Keresete ke Morwa Modimo.
And there are three that bear witness in earth, the Spirit, and the water, and the blood: and these three agree in one.
9 Re dumela batho ba ba ntshang bosupi mo dikgotleng tsa rona tsa ditsheko, jalo re tlaa dumela ka boammaaruri sengwe le sengwe se Modimo o se re bolelelang. Mme Modimo o supa gore Jesu ke Morwaone.
If we receive the witness of men, the witness of God is greater: for this is the witness of God which he has testified of his Son.
10 Botlhe ba ba dumelang se ke se buang se, ba itse mo dipelong tsa bone gore ke boammaaruri. Fa motho le fa e le mang a sa dumele se, o dira Modimo moaki, ka gore ga a dumele se Mo-dimo o se buileng ka ga Morwaone.
He that believes on the Son of God has the witness in himself: he that believes not God has made him a liar; because he believes not the record that God gave of his Son.
11 Mme se tota Modimo o se buileng ke eng? Ke gore o re file botshelo jo bo sa khutleng, le gore jone botshelo jo bo sa khutleng jo, bo mo go Morwaone. (aiōnios g166)
And this is the record, that God has given to us eternal life, and this life is in his Son. (aiōnios g166)
12 Ke gone le fa e le mang yo o nang le Morwa Modimo o na le botshelo; le fa e le mang yo o senang Morwa One, ga a na botshelo.
He that has the Son has life; and he that has not the Son of God has not life.
13 Ke lo kwaletse se, lona ba lo dumelang mo go Morwa Modimo gore lo itse gore lo na le botshelo jo bo sa khutleng. (aiōnios g166)
These things have I written to you that believe on the name of the Son of God; that you may know that you have eternal life, and that you may believe on the name of the Son of God. (aiōnios g166)
14 Ebile re tlhomamisa se, gore o tlaa re reetsa nako le nako fa re kopa sengwe fela mo go ene ka fa go rateng ga gagwe.
And this is the confidence that we have in him, that, if we ask any thing according to his will, he hears us:
15 Mme fa re itse gore o a re reetsa fa re bua le ene le fa re isa dikopo tsa rona, mme re ka tlhomamisa gore o tlaa re araba.
And if we know that he hear us, whatever we ask, we know that we have the petitions that we desired of him.
16 Fa o bona Mokeresete a leofa ka mokgwa o o sa iseng losong, o kope Modimo go mo itshwarela mme Modimo o tlaa mo naya botshelo, fa e se a dirile boleo jo bo isang losong. Mme go na le boleo jo bo felelang ka loso mme fa a bo dirile, ga go thuse sepe gore o mo rapelele.
If any man see his brother sin a sin which is not to death, he shall ask, and he shall give him life for them that sin not to death. There is a sin to death: I do not say that he shall pray for it.
17 Ee, tshiamololo nngwe le nngwe ke sebe. Ga ke bue ka dibe tse di tlwaelesegileng tse; ke bua ka tshiamololo ele e e isang losong.
All unrighteousness is sin: and there is a sin not to death.
18 Ga go na ope yo e reng e le wa ba ntlo ya Modimo a bo a santse a leofa, gonne Keresete Morwa Modimo, o mo tshegeditse mme diabolo ga a kake a mo leofisa.
We know that whoever is born of God sins not; but he that is begotten of God keeps himself, and that wicked one touches him not.
19 Re itse gore re bana ba Modimo le gore lefatshe lotlhe mo tikologong ya rona le ka fa tlase ga nonofo le taolo ya ga Satane.
And we know that we are of God, and the whole world lies in wickedness.
20 Ebile re itse gore Keresete, Morwa Modimo, o tletse go re thusa go tlhaloganya le go itse Modimo wa boammaaruri. Mme jaanong re mo Modimong gonne re mo go Jesu Keresete Morwaone yo e leng Modimo wa boammaaruri a le nosi; ebile e le Botshelo jo bo sa khutleng. (aiōnios g166)
And we know that the Son of God is come, and has given us an understanding, that we may know him that is true, and we are in him that is true, even in his Son Jesus Christ. This is the true God, and eternal life. (aiōnios g166)
21 Bana bame ba ba rategang, ikgogeng mo go sengwe le sengwe se se ka tsayang maemo a Modimo mo dipelong tsa lona. Amen. Wa lona ruri, Johane.
Little children, keep yourselves from idols. Amen.

< Johane I 5 >