< Bakorintha I 2 >

1 Bakaulengwe ba ba rategang, erile fa ke tla kwa go lona ga ke a ka ka dirisa mafoko a boikgogomoso le megopolo e e nonofileng go lo bolelela molaetsa wa Modimo.
And I, brothers, when I came to you, came not with excellency of speech or of wisdom, declaring to you the testimony of God.
2 Gonne ke ne ke ikaeletse gore ke tlaa bua kaga Jesu Keresete fela le loso lwa gagwe mo mokgorong.
For I determined not to know any thing among you, save Jesus Christ, and him crucified.
3 Ke tsile kwa go lona ke le bokoa, ke boifa ke roroma.
And I was with you in weakness, and in fear, and in much trembling.
4 Mme thero ya me e ne e tlhamaletse, e sena puo e e tsietsang ya botlhale jwa setho, mme nonofo ya Mowa O O Boitshepo e ne e le mo mafokong a me, e supegetsa ba ba neng ba a utlwa gore molaetsa o ne o tswa kwa Modimong.
And my speech and my preaching was not with enticing words of man’s wisdom, but in demonstration of the Spirit and of power:
5 Ke ne ke dira se ka gore ke ne ke batla gore tumelo ya lona e nitame mo Modimong, e seng mo megopolong e megolo ya batho.
That your faith should not stand in the wisdom of men, but in the power of God.
6 Le fa go ntse jalo fa ke na le Bakeresete ba ba nonofileng mo tumelong ke a tle ke bue mafoko a botlhale jo bogolo, mme e seng a mofuta o o tswang mono lefatsheng, le e seng ka mofuta wa batho ba lefatshe le, ba ba tlaa tlogang ba nyelela. (aiōn g165)
However, we speak wisdom among them that are perfect: yet not the wisdom of this world, nor of the princes of this world, that come to nothing: (aiōn g165)
7 Mafoko a rona a botlhale ka gore a tswa mo Modimong, a re bolelela botlhale jwa leano la Modimo le le re tlisang mo dikgalalelong tsa Legodimo. Leano le le ne le fitlhegile mo lobakeng lwa pele, le fa le ne la dirwa go re solegela molemo pele ga tshimologo ya lefatshe. (aiōn g165)
But we speak the wisdom of God in a mystery, even the hidden wisdom, which God ordained before the world to our glory: (aiōn g165)
8 Mme batho ba bagolo ba lefatshe ga ba a ka ba le tlhaloganya; fa ba ne ba le tlhalogantse, ba ka bo ba sa bapola Morena wa kgalalelo. (aiōn g165)
Which none of the princes of this world knew: for had they known it, they would not have crucified the Lord of glory. (aiōn g165)
9 Ke sone se Dikwalo di se rayang fa di re, ga go na motho ope yo o kileng a bona, a utlwa kgotsa a akanya tse dintle tse Modimo o di baakanyeditseng ba ba ratang Morena.
But as it is written, Eye has not seen, nor ear heard, neither have entered into the heart of man, the things which God has prepared for them that love him.
10 Mme re itse kaga dilo tse ka gore Modimo o rometse Mowa wa one go re di bolelela, mme Mowa wa one o a puruputsha ebile o re bontsha diphiri tse di kwa teng tsa Modimo.
But God has revealed them to us by his Spirit: for the Spirit searches all things, yes, the deep things of God.
11 Ga go na ope yo o ka itseng se yo mongwe o se akanyang, kgotsa gore o ntse jang, fa e se ene motho yoo ka boene. Ebile ga go ope yo o ka itseng dikakanyo tsa Modimo fa e se Mowa wa Modimo ka bo-one.
For what man knows the things of a man, save the spirit of man which is in him? even so the things of God knows no man, but the Spirit of God.
12 Modimo o re neile Mowa wa one (eseng mowa wa lefatshe) go re bolelela kaga dineo tse di ntle tsa tshegofatso tse Modimo o re di neileng.
Now we have received, not the spirit of the world, but the spirit which is of God; that we might know the things that are freely given to us of God.
13 Mo go lo boleleleng kaga dineo tse, re dirisitse one tota mafoko a re neng re a newa ke Mowa O O Boitshepo go tlhalosa ditiro tsa Mowa O O Boitshepo.
Which things also we speak, not in the words which man’s wisdom teaches, but which the Holy Ghost teaches; comparing spiritual things with spiritual.
14 Mme motho yo e seng Mokeresete ga a ka ke a tlhaloganya a bo a amogela megopolo e e tswang mo Modimong, e Mowa O O Boitshepo o re e rutang. E utlwala e le boeleele mo go ene, ka gore ke ba ba nang le Mowa O O Boitshepo fela ba ba ka tlhaloganyang gore Mowa O O Boitshepo o rayang. Ba bangwe ga ba ka ke ba tlhaloganya.
But the natural man receives not the things of the Spirit of God: for they are foolishness to him: neither can he know them, because they are spiritually discerned.
15 Mme motho wa semowa o tlhaloganya dilo tsotlhe, le tse di tshwenyang ebile di palela motho wa lefatshe, yo o se ka keng a mo tlhaloganya gotlhelele.
But he that is spiritual judges all things, yet he himself is judged of no man.
16 Go ka nna jang? Gonne ka boammaaruri ga a ise a ke a itse dikakanyo tsa Morena, kgotsa le fa e le go di buisana nae, kgotsa go tshikinya mabogo a Modimo ka thapelo. Mme go bonala go hakgamatsa, rona bakeresete mo go rona re na le bontlha bongwe jwa dikakanyo le mogopolo wa ga Keresete.
For who has known the mind of the Lord, that he may instruct him? But we have the mind of Christ.

< Bakorintha I 2 >