< Bakorintha I 15 >

1 Jaanong mmang ke lo gakolole, bakaulengwe, gore Efangele tota ke eng, gonne ga e a fetoga, e ntse ke one Mafoko a a Molemo a ke a lo reretseng pele. Lo a amogetse mme le gompieno lo santse lo le mo go one, gonne tumelo ya lona e agilwe ka go lekalekana mo godimo ga molaetsa o o hakgamatsang o;
Bet es jums daru zināmu, brāļi, to evaņģēliju, ko jums esmu pasludinājis, ko jūs arī esat pieņēmuši, kurā jūs arī stāvat,
2 mme ke Mafoko a a Molemo a, a a lo bolokang fa lo santse lo a dumela ka tlhomamo, fa e se fela fa lo ne lo se ka lwa a dumela lwa ntlha.
Caur ko jūs arī mūžīgi dzīvosiet, ja to paturat tādā prātā, kādā es jums to esmu pasludinājis; - ja tikai neesat velti ticējuši.
3 Ke lo boleletse fela go tswa kwa tshimologong se ke se boleletsweng gore Keresete o swetse dibe tsa rona fela jaaka Dikwalo di boletse.
Jo mācīdams visu papriekš esmu devis, ko es arī esmu dabūjis, ka Kristus par mūsu grēkiem ir nomiris pēc tiem rakstiem,
4 Le gore o ne a fitlhwa le gore morago ga malatsi a le mararo o ne a tsoga mo phupung fela jaaka baporofiti ba boletse pele.
Un ka Tas ir aprakts, un ka Tas trešā dienā uzmodināts pēc tiem rakstiem,
5 O bonywe ke Petere mme morago a bonwa ke botlhe “ba ba lesome le bobedi”.
Un ka Tas ir redzēts no Kefasa, pēc no tiem divpadsmit.
6 Morago ga moo o bonywe ke bakaulengwe mo Moreneng ba feta makgolo a matlhano ka nako e le nngwe fela, ba bontsi jwa bone bo santseng bo tshela, le fa ba bangwe ba setse ba sule.
Un pēc Tas ir redzēts no vairāk nekā piecsimt brāļiem vienā reizē, no kuriem vēl daudz dzīvi un citi arī aizmiguši.
7 Mme Jakobe a mmona mme morago a bonwa ke baaposetoloi botlhe.
Pēc Tas ir redzēts no Jēkaba, pēc no visiem apustuļiem.
8 Morago ga bone botlhe le nna ka mmona, lobaka lo lo leele morago ga ba bangwe, jaaka e ka re ke tsetswe moragorago mabapi le se.
Pēc visiem šiem Tas arī redzēts no manis, kā no kāda nelaikā dzimuša bērna.
9 Gonne ke mmotlana mo baaposetoloing botlhe, ebile ke ne ke sa tshwanela go bidiwa moaposetoloi gotlhelele ka ntlha ya ka fa ke neng ke bogisa phuthego ya Modimo ka teng.
Jo es esmu tas vismazākais no tiem apustuļiem un neesmu cienīgs, ka mani sauc par apustuli, tāpēc ka es Dieva draudzi esmu vajājis.
10 Mme se ke leng sone gompieno, ke ka ntlha ya gore Modimo o tshetse bopelonomi jo bogolo le tshegofatso mo go nna, e seng kwa ntle ga maduo: gonne ke dirile thata go gaisa baaposetoloi ba bangwe botlhe, le fa go ntse jalo e ne e sa dirwe ke nna, mme Modimo o dira mo go nna, go ntshegofatsa.
Bet no Dieva žēlastības esmu, kas es esmu, un Viņa žēlastība pie manis nav bijusi veltīga, bet es esmu vairāk strādājis nekā tie visi, tomēr ne es, bet Dieva žēlastība, kas ir ar mani.
11 Ga go na pharologanyo epe mo go yo o dirileng thata, nna kgotsa bone; selo sa botlhokwa ke gore re lo reretse Efangele, le gore lo e dumetse.
Tad nu lai būtu vai es, vai viņi, tā mēs sludinājam, un tā jūs esat ticējuši.
12 Mme mpolelelang se! Ka lo dumela se re se rerang, gore Keresete o ne a tsoga mo baswing, ke eng fa bangwe ba lona ba re baswi ga ba kitla ba rula?
Ja nu Kristus top sludināts, ka Tas no miroņiem ir uzmodināts, kā tad citi jūsu starpā saka, ka miroņu augšāmcelšanās neesot?
13 Gonne fa go se na tsogo ya baswi, jalo Keresete o tshwanetse a bo a santse a sule.
Bet ja miroņu augšāmcelšanās nav, tad arī Kristus nav augšāmcēlies.
14 Mme fa a santse a sule, go raya gore thero yotlhe ya rona ga e na molemo le go tshepa Modimo ga lona ga go reye sepe, ga go na thuso, ga go na tsholofelo;
Un ja Kristus nav augšāmcēlies, tad mūsu sludināšana ir veltīga, un jūsu ticība arīdzan veltīga;
15 mme le rona baaposetoloi re maaka rotlhe ka gore re rile Modimo o tsositse Keresete mo phupung, mme moo ga se boammaaruri fa baswi ba sa rule.
Un mēs arī topam atrasti nepatiesīgi Dieva liecinieki; jo mēs esam liecinājuši pret Dievu, ka Viņš Kristu ir uzmodinājis, ko Viņš nav uzmodinājis, ja miroņi netop uzmodināti.
16 Fa ba sa rule, jalo go raya gore Keresete o santse a sule,
Jo ja miroņi netop uzmodināti, tad arī Kristus nav uzmodināts.
17 ebile lo dieleele thata go tswelela lo tshepa Modimo go lo boloka, mme lo santse lo le ka fa tlase ga katlholo ya maleo a lona;
Un ja Kristus nav uzmodināts, tad jūsu ticība ir veltīga; tad jūs vēl esat iekš saviem grēkiem;
18 ka tsela eo, Bakeresete botlhe ba ba suleng ba latlhegile!
Tad arīdzan tie ir pazuduši, kas iekš Kristus aizmiguši.
19 Mme fa go nna Mokeresete go re solegela molemo gompieno mo botshelong jo, re dibopiwa tse di tlhomolang pelo.
Ja vien šinī dzīvībā cerējam uz Kristu, tad esam jo nožēlojami pār visiem cilvēkiem.
20 Mme boammaaruri ke gore Keresete o tsogile mo baswing mme a nna wa ntlha wa batho ba ba didikadike ba ba tlaa rulang letsatsi lengwe.
Bet nu Kristus ir uzmodināts no miroņiem, Viņš tas pirmais ir tapis no tiem, kas ir aizmiguši.
21 Loso lo tsile mo lefatsheng ka ntlha ya se motho a le esi (Adamo) o se dirileng, ebile ke ka ntlha ya se motho yo mongwe yo (Keresete) o se dirileng gore jaanong go nne le tsogo ya baswi.
Jo kad caur vienu cilvēku nāve, tad arī caur vienu cilvēku miroņu augšāmcelšanās.
22 Mongwe le mongwe o a swa ka ntlha ya gore rotlhe re ba losika lwa ga Adamo, re le maloko a lotso lwa gagwe a sebe, mme gongwe le gongwe kwa go nnang le sebe, loso lo a diragala. Mme botlhe ba losika lwa ga Keresete ba tlaa tsoga gape.
Jo tā kā iekš Ādama visi mirst, tāpat arī iekš Kristus visi taps dzīvi darīti.
23 Mme le fa go ntse jalo mongwe le mongwe o tlaa tsoga ka fa thulaganong: Keresete o tsogile pele; mme fa Keresete a bowa, batho botlhe ba gagwe ba tlaa rula.
Bet ikviens savā kārtā: tas pirmais ir Kristus, pēc tie, kas Kristum pieder pie Viņa atnākšanas.
24 Morago ga moo bokhutlo bo tlaa tla fa o tlaa busetsang bogosi kwa go Modimo Rara, a beile fa fatshe baba botlhe ba mefuta mengwe le mengwe.
Pēc tam tas gals, kad Viņš nodos to valstību Dievam Tam Tēvam, kad Viņš iznīcinās visu valdību un visu varu un spēku.
25 Gonne Keresete o tlaa nna Kgosi go fitlhelela a fenya baba botlhe ba gagwe,
Jo Viņam pienākas valdīt, tiekams Viņš visus ienaidniekus būs licis Sev apakš kājām.
26 mmogo le mmaba wa bofelo ebong, loso. Le lone lo tshwanetse go fenngwa lwa ba lwa khutlisiwa.
Tas pēdīgais ienaidnieks, kas taps izdeldēts, ir nāve.
27 Gonne Keresete o neetswe puso le taolo mo dilong tsotlhe ke Rraagwe; fa e se fela gore, Keresete ga a buse Rara ka bo ene, yo o mo neileng nonofo ya go busa.
Jo Tas Viņam visu ir licis apakš kājām, tomēr kad saka, ka viss Viņam padots, tad protams, ka bez Tā, kas Viņam visu padevis.
28 Fa Keresete a sena go fenya baba ba gagwe mo ntweng, mme ene Morwa Modimo, o tlaa ipaya ka fa tlase ga ditaolo tsa ga Rraagwe, gore Modimo o o mo neileng phenyo mo go sengwe le sengwe o nne mogolo mo go tsotlhe.
Bet kad Viņam viss būs padots, tad arī pats Tas Dēls taps padots Tam, kas Viņam visu ir padevis, lai Dievs ir viss iekš visiem.
29 Fa baswi ba sa rule, jaanong go thusang gore batho ba kolobelediwe ba ba suleng? Ke eng fa lo go dira fa ele gore ga lo dumele gore letsatsi lengwe baswi ba tlaa tsoga.
Jo ko tie darīs, kas par miroņiem top kristīti, ja miroņi nemaz netop uzmodināti? Kādēļ tad tie par miroņiem top kristīti?
30 Mme ke eng fa rona re aga re tsenya matshelo a rona mo diphatseng re lebagana le loso nako le nako?
Kādēļ arī mēs ikstundas esam briesmās?
31 Gonne ke boammaaruri gore ke lebagane le loso letsatsi le letsatsi; moo go boammaaruri fela jaaka boipelafatso jwa me mo go goleng ga lona mo Moreneng.
Es mirstu ikdienas, - tik tiešām, ka jūs, brāļi, esat mans gods iekš Kristus Jēzus, mūsu Kunga.
32 Mme go ne go na le thuso ya eng mo go lona go lwantsha dibatana tsa naga, ebong batho bale ba Efeso, fa e ne e le ka ntlha ya se ke se amogelang mo botshelong jono? Fa e le gore ga re kitla re tshela gape re sena go swa, le rona go ka nna botoka gore re tsamaye re ye go iitumedisa; a re jeng, re nweng, mme re itumeleng. Pharologanyo ke eng? Gonne ka moso re a swa, mme seo se lere sengwe le sengwe kwa bokhutlong.
Ja es pēc cilvēku prāta Efesū esmu kāvies ar zvēriem, kas man no tā atlec, ja miroņi netop uzmodināti? Ēdīsim un dzersim, jo rītu mēs mirsim.
33 Lo se ka lwa tsiediwa ke ba ba buang dilo tseo. Fa lo ba reetsa lo tlaa simolola go dira jaaka bone.
Nepieviļaties! Ļaunas sabiedrības samaitā labus tikumus.
34 Itharabologelweng, lo tlogele go leofa. Gonne go tlhabisa ditlhong go re, bangwe ba lona ga se Bakeresete gotlhelele ebile ga ba ise ba ke ba itse Modimo.
Uzmostaties it no tiesas un negrēkojiet; jo citiem nav Dieva atzīšanas, to es saku jums par kaunu.
35 Mme mongwe o ka botsa a re, “Baswi ba tlaa rudisiwa jang? Ba tlaa nna le mebele e e ntseng jang?”
Bet ja kāds saka: kā tad miroņi top uzmodināti? Un kādā miesā tie nāk?
36 Ke potso ya boeleele jang! Fa o tsenya peo mo mmung ga e gole e nna setlhatshana fa e se gore e “swe” pele.
Tu nesapraša, ko tu sēji, tas nepaliek atkal dzīvs, ja tas nemirst.
37 Mme fa mogwang o motala o tswa mo teng ga peo, o pharologanyo thata le peo eo e o e jetseng lwa ntlha. Gonne se o se tsentseng mo mmung ke peo e nnye ya mabele e e omeletseng, kgotsa le fa e ka nna eng se o se jalang,
Un ko tu sēji, nav tā miesa, kas celsies, bet tikai grauds, vai nu kviešu, vai cits kāds.
38 fela jalo Modimo o e neye mmele o montle o mosha, mofuta fela o o batlang e nna le one; ditlhatshana tse di farologaneng di tswa mo mofuteng mongwe le mongwe wa peo.
Bet Dievs tam dod tādu miesu, kādu Viņš grib, un ikkatrai sēklai savu īpašu miesu.
39 Mme fela jaaka go na le mefuta e e farologanyeng ya dipeo le ditlhatshana, fela jalo go na le mefuta e e farologanyeng ya nama. Batho, diphologolo, ditlhapi le dinonyane tsotlhe di a farologana.
Ne ikkatra miesa ir vienāda miesa; bet savāda ir cilvēku miesa un savāda lopu un savāda zivju un savāda putnu miesa.
40 Baengele ba ba mo legodimong ba na le mebele e e farologanyeng thata le ya rona, le bontle le kgalalelo ya mebele ya bone e farologanye le bontle le kgalalelo ya rona.
Un ir gan debesu lietas un ir gan zemes lietas; bet savāda godība ir debesu lietām un savāda zemes lietām,
41 Letsatsi le na le kgalalelo e le nngwe fa ngwedi le dinaledi di na le mofuta o mongwe. Mme dinaledi le tsone di farologanye le tse dingwe ka bontle jwa tsone le phatsimo.
Cits spožums ir saulei, un cits spožums mēnesim, un cits spožums zvaigznēm; jo viena zvaigzne ir spožāka pār otru.
42 Fela jalo, mebele ya rona ya selefatshe e e swang, e bo e bola, e farologanye le mebele e re tlaa nnang le yone fa re rula, gonne ga e kitla ee swa.
Tāpat arī būs miroņu augšāmcelšanās. Sēts top iekš satrūdēšanas un top uzmodināts iekš nesatrūdēšanas;
43 Mebele e re nang nayo gompieno e a re bogisa gonne e a lwala ebile e a swa; mme e tlaa tlala kgalalelo fa re rula. Ee, e bokoa, mebele e e swang gompieno, mme fa re sena go rula e tlaa bo e tletse nonofo.
Sēts top iekš negodības un top uzmodināts iekš godības; sēts top iekš vājības un top uzmodināts iekš spēka.
44 Ke mebele ya setho fela mo losong, mme fa e rula e tlaa bo e le mebele e e nonofileng thata. Gonne fela jaaka go na le mebele ya tlholego, go na le mebele e e nonofileng ya semowa.
Sēta top dabīga miesa, uzmodināta garīga miesa. Jo kā ir dabīga miesa, ir arī garīga miesa.
45 Dikwalo di bolela gore motho wa ntlha Adamo, o ne a neilwe mmele wa tlholego, mme Keresete o feta moo, gonne o ne a le Mowa o o nayang botshelo.
Tāpat arīdzan ir rakstīts: tas pirmais cilvēks, Ādams, ir palicis par dzīvu dvēseli, tas pēdīgais Ādams par garu, kas dzīvu dara.
46 Lwa ntlha, re na le mebele e ya setho mme moragonyana Modimo o tlaa re naya mebele ya semoya ya selegodimo.
Bet tā garīgā miesa nav tā pirmā, bet tā dabīgā, pēc tam tā garīgā.
47 Adamo o ne a dirilwe ka lorole lwa lefatshe, mme Keresete o dule kwa legodimong.
Tas pirmais cilvēks ir no zemes, no pīšļiem, tas otrais cilvēks ir Tas Kungs no debesīm.
48 Motho mongwe le mongwe o na le mmele o o tshwanang fela le wa ga Adamo, o dirilwe ka lorole, mme botlhe ba ba nnang ba ga Keresete ba tlaa nna le mmele o o tshwanang le wa gagwe mmele o o tswang kwa legodimong.
Kāds tas, kas no pīšļiem, tādi pat arīdzan tie no pīšļiem, un kāds Tas debešķīgais, tādi pat arī tie debešķīgie.
49 Fela jaaka mongwe le mongwe wa rona a na le mmele o o tshwanang le wa ga Adamo, jalo e tlaa re letsatsi lengwe re bo re na le mmele o tshwanang le wa ga Keresete.
Un tā kā esam nesuši tā ģīmi, kas no pīšļiem, tā arī nesīsim Tā ģīmi, kas no debesīm.
50 Ke lo bolelela se, bakaulengwe: mmele wa selefatshe o o dirilweng ka nama le madi ga o kake wa tsena mo Bogosing jwa Modimo. Mebele e ya rona e e swang ga e a siamela go ka tshelela ruri.
Bet to es saku, brāļi, ka miesa un asinis Dieva valstību nevar iemantot, nedz iznīcība iemantos neiznīcību.
51 Mme ke lo bolelela sephiri se se sa tlwaelesegang se, se se hakgamatsang: ga re kitla re e swa rotlhe, mme re tlaa newa mebele e mesha rotlhe!
Redzi, es jums saku noslēpumu: mēs gan visi neaizmigsim, bet visi tapsim pārvērsti,
52 Go tlaa diragala gotlhe ka nakonyana ka ponyo ya leitlho, fa torompeta ya bofelo e lela. Gonne go tlaa nna le go galaotega ga torompeta mo loaping mme Bakeresete botlhe ba ba suleng ba tlaa rula, ka mebele e mesha e e se kitlang e tlhola ee swa; mme rona ba re sa ntseng re tshela re tlaa akofa re nna le mebele e mesha.
It piepeši, acumirklī, pie pēdīgās bazūnes skaņas. Jo tā bazūne skanēs un miroņi taps uzmodināti nesatrūdami un mēs tapsim pārvērsti.
53 Gonne mebele ya rona ya selefatshe, e re nang nayo gompieno e e swang, e tlaa tshwanelwa ke go fetolelwa mo mebeleng ya selegodimo e e se ka keng ya a swa mme e tlaa tshela ka bosakhutleng.
Jo šim, kas ir satrūdams, būs apvilkt nesatrūdēšanu, un šim mirstamam būs apvilkt nemirstību.
54 Fa se se direga, mme kwa bofelong lokwalo lo lo tlaa diragadiwa, lo lo reng, “Loso lo meditswe ke phenyo.”
Un kad tas, kas iznīcīgs, apvilks neiznīcību, un tas, kas mirstams, apvilks nemirstību, tad tas vārds notiks, kas ir rakstīts: nāve ir aprīta uzvarēšanā!
55 Loso ana phenyo ya gago e kae? Go loma ga gago go kae? Gonne sebe, lobolela lo lo dirang loso, lo tlaa bo lo nyeletse; mme molao o o senolang dibe tsa rona o tlaa bo o sa tlhole o le moatlhodi wa rona. (Hadēs g86)
Nāve, kur ir tavs dzelonis? Elle, kur ir tava uzvarēšana? (Hadēs g86)
Bet nāves dzelonis ir grēks, un grēka spēks ir bauslība.
57 Re leboga Modimo jang ka mo! Ke one o o re dirileng gore re fenye ka Jesu Keresete Morena wa rona.
Bet pateicība Dievam, kas mums to uzvarēšanu devis caur mūsu Kungu Jēzu Kristu.
58 Jalo bakaulengwe ba me, e re ka phenyo e e tlang e tlhomamisega, nonofang lo nitame, lo tshwaragane mo tirong ya Morena ka nako tsotlhe, gonne lo itse gore ga go sepe se lo se direlang Morena se se senyegang jaaka go ne go ka nna fa go ne go sena tsogo ya baswi.
Tad nu, mani mīļie brāļi, esiet pastāvīgi, nešaubīgi, pilnīgi iekš Tā Kunga darba vienmēr, zinādami, ka jūsu darbs nav veltīgs iekš Tā Kunga.

< Bakorintha I 15 >