< دوم قرنتیان 13 >

این مرتبه سوم نزد شما می‌آیم. به گواهی دو سه شاهد، هر سخن ثابت خواهد شد. ۱ 1
Lo ke lobaka lwa boraro ke ntse ke lo etela. Dikwalo di re bolelela gore fa ba le babedi kgotsa ba le bararo ba bone phoso, e tshwanetse go otlhaelwa. [(Se ke tlhagiso ya me ya boraro jaaka ke tlaa bo ke lo etela)].
پیش گفتم و پیش می‌گویم که گویادفعه دوم حاضر بوده‌ام، هرچند الان غایب هستم، آنانی را که قبل از این گناه کردند و همه دیگران را که اگر بازآیم، مسامحه نخواهم نمود. ۲ 2
Ke setse ke tlhagisitse ba ba neng ba leofa fa ke ne ke le koo mo lobakeng lo lo fetileng; jaanong ke tlhagisa gape le botlhe ba bangwe fela jaaka ke dirile, gore ka nako e, ke tla ke ipaakanyeditse go otlhaya thata ebile ga nke ke ba rekegela.
چونکه دلیل مسیح را که در من سخن می‌گویدمی جویید که او نزد شما ضعیف نیست بلکه درشما تواناست. ۳ 3
Ke tlaa lo naya bosupi jotlhe jo lo bo batlang gore Keresete o bua ka nna. Keresete ga a bokoa mo go dirisanyeng ga gagwe le lona, mme ke ene nonofo e kgolo mo go lona.
زیرا هرگاه از ضعف مصلوب گشت، لیکن از قوت خدا زیست می‌کند. چونکه ما نیز در وی ضعیف هستیم، لیکن با او از قوت خدا که به سوی شما است، زیست خواهیم کرد. ۴ 4
Mmele wa gagwe wa setho o o bokoa o sule mo mokgorong, mme jaanong o tshela ka nonofo e kgolo ya Modimo. Le rona, re bokoa mo mebeleng ya rona, fela jaaka a ne a ntse, mme jaanong re a tshela re bile re na le nonofo yotlhe ya Modimo go e dirisa mo go dirisanyeng le lona.
خود را امتحان کنید که در ایمان هستید یا نه. خود را باز‌یافت کنید. آیا خود را نمی شناسید که عیسی مسیح در شما است اگر مردود نیستید؟ ۵ 5
Itshekatshekeng, a lo Bakeresete tota? A lo fenya tlhatlhobo? A lo ikutlwa bolengteng jwa ga Keresete le nonofo gantsi mo go lona, kgotsa lo ipaya fela jaaka ekete lo Bakeresete ntswa lo se bone gotlhelele?
اما امیدوارم که خواهید دانست که ما مردودنیستیم. ۶ 6
Ke solofela gore lo ka dumela gore ke emelane le tlhatlhobo eo mme ka boammaaruri ke wa Morena.
و از خدا مسالت می‌کنم که شما هیچ بدی نکنید، نه تا ظاهر شود که ما مقبول هستیم، بلکه تا شما نیکویی کرده باشید، هرچند ما گویامردود باشیم. ۷ 7
Ke rapela gore lo tshele matshelo a a siameng e seng ka ntlha ya gore re tla bonala, re supa gore se re se rutang se siame; nnyaa, gonne re batla gore lo dire tshiamo ntswa rona re nyadiwa.
زیرا که هیچ نمی توانیم به خلاف راستی عمل نماییم بلکه برای راستی. ۸ 8
Maikaelelo a rona ke go kgothatsa ka nako tse tsotlhe, e seng go solofela bosula.
وشادمانیم وقتی که ما ناتوانیم و شما توانایید. و نیزبرای این دعا می‌کنیم که شما کامل شوید. ۹ 9
Re itumelela go nna bokoa le go nyadiwa fa tota lo nonofile. Keletso ya rona e kgolo le thapelo ke gore lo nne Bakeresete ba ba nonofileng.
ازاینجهت این را در غیاب می‌نویسم تا هنگامی که حاضر شوم، سختی نکنم بحسب آن قدرتی که خداوند بجهت بنا نه برای خرابی به من داده است. ۱۰ 10
Mme ke lo kwalela se jaanong ka tsholofelo ya gore ga nkitla ke omana kgotsa ke otlhaya fa ke tla, gonne ke batla go dirisa taolo ya Morena e o e nneileng, e seng go lo otlhaya mme e leng go lo nonotsha.
خلاصه‌ای برادران شاد باشید؛ کامل شوید؛ تسلی پذیرید؛ یک رای و با سلامتی بوده باشید و خدای محبت و سلامتی با شما خواهدبود. ۱۱ 11
Ke fetsa lokwalo lwa me ka mafoko a a bofelo. Itumeleng. Golang mo Moreneng. Tlhokomelang se ke se buileng. Nnang ka kutlwano le kagiso. A Modimo o o lorato le kagiso o nne le lona.
یکدیگر را به بوسه مقدسانه تحیت نمایید. ۱۲ 12
Dumedisanyang mo Moreneng ka lorato.
جمیع مقدسان به شما سلام می‌رسانند. ۱۳ 13
Bakeresete botlhe fano ba a dumedisa thata.
فیض عیسی خداوند و محبت خدا وشرکت روح‌القدس با جمیع شما باد. آمین. ۱۴ 14
A tshegofatso ya Morena wa rona Jesu Keresete e nne le lona lotlhe. A lorato lwa Modimo le botsa-lano jwa Mowa O O Boitshepo e nne tsa lona.

< دوم قرنتیان 13 >