< 로마서 11 >

1 그러므로 내가 말하노니 하나님이 자기 백성을 버리셨느뇨 그럴수 없느니라 나도 이스라엘인이요 아브라함의 씨에서 난 자요 베냐민 지파라
Jaanong ke a botsa, A Modimo o ganne ebile o latlhile batho ba one Bajuta? Nnyaa, le goka! Gakologelwang gore nna ke Mojuta, wa losika lwa ga Aberahame, wa lotso lwa ga Benjamine.
2 하나님이 그 미리 아신 자기 백성을 버리지 아니하셨나니 너희가 성경이 엘리야를 가리켜 말한 것을 알지 못하느냐 저가 이스라엘을 하나님께 송사하되
Nnyaa, Modimo ga o a latlha batho ba e leng ba one ba o saleng o ba itlhophela go tsweng tshimologong. A lo gakologelwa se Dikwalo di se buang ka ga se? Elija moporofiti o ne a ngongorega mo Modimong kaga Bajuta, a bolelela Modimo ka fa ba bolaileng baporofiti ka teng ba bo ba rutlolola dibeso tsa Modimo; Elija o ne a bua gore e ne e le ene fela yo o setseng mo lefatsheng lotlhe a santse a rata Modimo, mme le ene ba ne ba leka go mmolaya.
3 주여 저희가 주의 선지자들을 죽였으며 주의 제단들을 헐어버렸고 나만 남았는데 내 목숨도 찾나이다 하니
4 저에게 하신 대답이 무엇이뇨 내가 나를 위하여 바알에게 무릎을 꿇지 아니한 사람 칠천을 남겨 두었다 하셨으니
A mme lo gakologelwa ka fa Modimo o neng wa mo fetola ka teng? Modimo o ne wa re, “Nnyaa, ga se wena o le nosi yo o setseng. Ke na le ba bangwe ba le dikete tse di supang kwa ntle ga gago, ba ba santseng ba nthata le gone ga ba ise ba ke ba obamele medimo ya disetwa.”
5 그런즉 이와 같이 이제도 은혜로 택하심을 따라 남은 자가 있느니라
Go ntse jalo le gompieno. Ga se Bajuta botlhe ba ba furaletseng Modimo; go na le ba se kae ba ba bolailweng ka ntlha ya kutlwelobotlhoko ya Modimo ka go ba itshenkela.
6 만일 은혜로 된 것이면 행위로 말미암지 않음이니 그렇지 않으면 은혜가 은혜 되지 못하느니라
Mme fa e le gore ke ka kutlwelo-botlhoko ya Modimo, mme ga se ka ntlha ya tshiamo ya bone. Gonne ka lebaka leo, neo ya mahala e ne e tlaa bo e sa tlhole e le mahala. Fa e direlwa ga e tlhole e le mahala.
7 그런즉 어떠하뇨 이스라엘이 구하는 그것을 얻지 못하고 오직 택하심을 입은 자가 얻었고 그 남은 자들은 완악하여졌느니라
Jalo, he, seemo ke se: Bajuta ba le bantsi ga ba a bona kutlwelobotlhoko ya Modimo e ba e batlang. Ba se kae ba e bonye, bone ba Modimo o ba itlhophetseng, mme matlho a ba bangwe a foufaditswe.
8 기록된 바 하나님이 오늘날까지 저희에게 혼미한 심령과 보지 못할 눈과 듣지 못할 귀를 주셨다 함과 같으니라
Ke sone se Dikwalo tsa rona di se rayang fa di re Modimo o ba robaditse, o tswetse matlho le ditsebe tsa bone gore ba seka ba tlhaloganya se re se buang fa re ba bolelela Keresete. Nako kgolo ke eno ba ntse ba ntse fela jalo.
9 또 다윗이 가로되 저희 밥상이 올무와 덫과 거치는 것과 보응이 되게 하옵시고
Kgosi Dafide o ne a bua kaga sone selo se fa a re, “A dijo tsa bone tse di monate le masego a mangwe e nne seru mo go bone mo go itheyeng ga bone ba re gotlhe go siame fa gare ga bone le Modimo. A dilo tse di siameng tse di boele mo go bone di bo di ba wele mo ditlhogong go ba ripitla kwa ntle ga patiko.
10 저희 눈은 흐려 보지 못하고 저희 등은 항상 굽게 하옵소서 하였느니라
A matlho a bone a fifale gore ba seka ba bona, o bo o ba obe mekwatla ka mokgweleo o o bokete ka bosakhutleng.”
11 그러므로 내가 말하노니 저희가 넘어지기까지 실족하였느뇨 그럴수 없느니라 저희의 넘어짐으로 구원이 이방인에게 이르러 이스라엘로 시기나게 함이니라
A mo go raya gore Modimo o latlhetse ruri batho ba one Bajuta? Nnyaa, ga go a nna jalo! Maikaelelo a one e ne e le go dira gore poloko ya one e bonwe ke Badichaba, gonne Bajuta ba ne ba tlaa fufega ba bo ba simolola go ipatlela poloko ya Modimo ka bo bone.
12 저희의 넘어짐이 세상의 부요함이 되며 저희의 실패가 이방인의 부요함이 되거든 하물며 저희의 충만함이리요
Jaanong fa e le gore lefatshe lotlhe le humisitswe ka ntlha ya neo ya Modimo ya poloko, erile fa Bajuta ba kgotswa mo go yone ba bo ba e itatola, akanyang gore lefatshe le le tlaa nna le seabe sa lesego le legolo thata jang motlhang Bajuta le bone ba tlang kwa go Keresete.
13 내가 이방인인 너희에게 말하노라 내가 이방인의 사도인만큼 내 직분을 영광스럽게 여기노니
Jaaka lo itse, Modimo o ntlhophetse go nna morongwa wa botlhokwa mo go lona badichaba. Ke gatelela selo se, ebile ke gakolola Bajuta kaga sone gangwe le gape fela ka fa ke ka kgonang ka teng,
14 이는 곧 내 골육을 아무쪼록 시기케 하여 저희 중에서 얼마를 구원하려 함이라
gore e re fa go kgonega ke tle ke ba ratise se lona Badichaba lo nang naso mme ka yone tsela eo ke boloke bangwe ba bone.
15 저희를 버리는 것이 세상의 화목이 되거든 그 받아들이는 것이 죽은 자 가운데서 사는 것이 아니면 무엇이리요
Mme go tlaa nna go ntle thata jang fa ba nna Bakeresete! Erile fa Modimo o ba furalela go bo go raya gore o retologetse kwa go Badichaba go ba naya poloko ya one; mme jaanong ebile go go ntle thata fa Bajuta ba tla mo go Keresete. Go tlaa bo go tshwana le batho ba ba suleng ba boela mo botshelong.
16 제사하는 처음 익은 곡식 가루가 거룩한즉 떡 덩이도 그러하고 뿌리가 거룩한즉 가지도 그러하니라
Mme ka Aberahame le baporofiti e le batho ba Modimo, le bana ba bone e tlaa nna bana ba Modimo. Gonne fa medi ya setlhare e le boitshepo, dikala le tsone di tlaa nna fela jalo.
17 또한 가지 얼마가 꺾여졌는데 돌감람나무인 네가 그들 중에 접붙임이 되어 참감람나무 뿌리의 진액을 함께 받는 자 되었은즉
Mme dingwe tsa dikala tse, tse di tswang mo setlhareng sa ga Aberahame, dingwe tsa Bajuta, di kgaotswe. Mme lona Badichaba ba lo foo lo le dikala, a re re kgotsa, lo ditlhare tse di neng di kgaotswe mo motlhwareng wa naga, lwa lomelelwa mo go one. Jaanong le lona, lo amogela lesego le Modimo o le solofeditseng Aberahame le bana ba gagwe, lo tlhakanela go ja dikotla tsa Modimo.
18 그 가지들을 향하여 자긍하지말라 자긍할지라도 네가 뿌리를 보전하는 것이 아니요 뿌리가 너를 보전하는 것이니라
Mme o ikele tlhoko o seka wa ipelafatsa ka go lomelelwa ga gago mo motlhwareng go emisetsa dikala tse di neng di kgaotswe. Gakologelwa gore o botlhokwa fela ka ntlha ya gore jaanong o kala ya setlhare sa Modimo; o kala fela, e seng modi.
19 그러면 네 말이 가지들이 꺾이운 것은 나로 접붙임을 받게 하려함이라 하리니
Mme o ka ne o re, “Hei, dikala tsele di ne di kgaolelwa gore ke tle ke lomelelwe, jalo, he, mo go raya gore ke tshwanetse ka be ke siame tota.”
20 옳도다 저희는 믿지 아니하므로 꺾이우고 너는 믿으므로 섰느니라 높은 마음을 품지 말고 도리어 두려워하라
Tlhokomelang Gakologelwang gore dikala tseo, ebong Bajuta ba lomolotswe ka ntlha ya gore ba ne ba sa dumele Modimo, mme wena o foo fela ka gore o a dumela. Se nne le boikgogomoso, nna le boingotlo le go leboga gape o ikele tlhoko.
21 하나님이 원 가지들도 아끼지 아니하셨은즉 너도 아끼지 아니하시리라
Gonne fa Modimo o ise o ke o rekegele dikala tse o neng wa di tlhogisa pele, le wena ga o na go go rekegela.
22 그러므로 하나님의 인자와 엄위를 보라 넘어지는 자들에게는 엄위가 있으니 너희가 만일 하나님의 인자에 거하면 그 인자가 너희에게 있으리라 그렇지 않으면 너도 찍히는 바 되리라
Lemoga ka fa Modimo o leng pelonomi le pelo-e-thata ka teng. O pelo e thata mo go maswe mo go ba ba sa o reetseng, mme o molemo thata mo go wena fa o tswelela ka go o rata le go o ikanya. Mme fa o sa dire jalo, le wena o tlaa kgaolwa.
23 저희도 믿지 아니하는데 거하지 아니하면 접붙임을 얻으리니 이는 저희를 접붙이실 능력이 하나님께 있음이라
Gape, fa Bajuta ba kgaogana le go tlhoka go dumela ga bone mme ba boela kwa Modimong, Modimo o tlaa ba lomelela gape mo setlhareng. O na le nonofo go dira jalo.
24 네가 원 돌감람나무에서 찍힘을 받고 본성을 거스려 좋은 감람나무에 접붙임을 얻었은즉 원 가지인 이 사람들이야 얼마나 더 자기 감람나무에 접붙이심을 얻으랴
Gonne fa Modimo o ne wa lo tsaya lona ba lo neng lo le kgakala nao, lo le dikala tsa motlhware wa naga, wa ba wa lo lomelela mo setlhareng sa one se se molemo, a ga lo bone gore o tlaa bo o ipaakanyeditse go lomelela Bajuta ba ba neng ba le foo lwa ntlha?
25 형제들아 너희가 스스로 지혜있다 함을 면키 위하여 이 비밀을 너희가 모르기를 내가 원치 아니하노니 이 비밀은 이방인의 충만한 수가 들어오기까지 이스라엘의 더러는 완악하게 된 것이라
Ke batla gore lo itse kaga boammaaruri jo, jo bo tswang kwa Modimong, bakaulengwe ba ba rategang, gore lo tlo lo seka lwa ikgogomosa lwa simolola go belafala. Ee, ke boammaruri gore jaanong bangwe ba Bajuta ba itirile go nna kgatlhano le Mafoko a a Molemo, mme mo go tlaa nna fela jalo go fitlhelela lona Badichaba lo tla mo go Keresete.
26 그리하여 온 이스라엘이 구원을 얻으리라 기록된 바 구원자가 시온에서 오사 야곱에게서 경건치 않은 것을 돌이키시겠고
Mme hong Chaba yotlhe e tlaa bolokwa. A lo gakologelwa se baporofiti ba se buileng kaga se? “Go tlaa tswa Mogolodi mo Siona, mme o tlaa sokolola Bajuta mo boikepong jotlhe.
27 내가 저희 죄를 없이 할 때에 저희에게 이루어질 내 언약이 이것이라 함과 같으니라
Ka nako eo ke tlaa tlosa dibe tsa bone tsotlhe, fela jaaka ke solofeditse.”
28 복음으로 하면 저희가 너희를 인하여 원수 된 자요 택하심으로 하면 조상들을 인하여 사랑을 입은 자라
Jaanong bontsi jwa Bajuta ke baba ba Mafoko a a Molemo. Ba a a ila. Mme mo go lo solegela molemo, gonne go dirile gore Modimo o lo neye dineo tsa one lona Badichaba. Legale Bajuta ba sa ntse ba ratwa ke Modimo ka ntlha ya ditsholofetso tsa one mo go Aberahame, Isake le Jakoba.
29 하나님의 은사와 부르심에는 후회하심이 없느니라
Gonne Modimo ga o ke o busetsa morago dineo le pitso ya one; ga o kitla o boela kwa morago mo ditsholofetsong tsa one.
30 너희가 전에 하나님께 순종치 아니하더니 이스라엘의 순종치 아니함으로 이제 긍휼을 입었는지라
Lo kile lwa bo lo le batsuulodi ba Modimo, mme erile fa Bajuta ba gana dineo tsa one, Modimo mo boemong jwa go gana ga bone wa nna kutlwelo botlhoko mo go lona.
31 이와 같이 이 사람들이 순종치 아니하니 이는 너희에게 베푸시는 긍휼로 이제 저희도 긍휼을 얻게 하려 하심이니라
Mme jaanong Bajuta ke batsuulodi, legale letsatsi lengwe le bone ba tlaa balelwa mo kutlwelong botlhoko ya Modimo fela jaaka lona.
32 하나님이 모든 사람을 순종치 아니하는 가운데 가두어 두심은 모든 사람에게 긍휼을 베풀려 하심이로다 (eleēsē g1653)
Gonne Modimo o ba dirile baleofi botlhe gore o tle o ba utlwele botlhoko botlhe ka go tshwana. (eleēsē g1653)
33 깊도다 하나님의 지혜와 지식의 부요함이여 그의 판단은 측량치 못할 것이며 그의 길은 찾지 못할 것이로다
Ana re na le Modimo O O molemo jang? Botlhale jwa one le kitso le dikhumo tsa one di dikgolo jang! Ga go kgonege jang mo go rona go tlhaloganya maikaelelo a One le ditsela tsa One.
34 누가 주의 마음을 알았느뇨 누가 그의 모사가 되었느뇨
Gonne ke ofe mo go rona yo o ka itseng mogopolo wa Morena? Ke mang yo o ka itseng sentle go ka nna mogakolodi le mogogi wa one?
35 누가 주께 먼저 드려서 갚으심을 받겠느뇨
Gape ke ofe yo o ka abelang Morena sengwe se se lekanyeng pele go mo tlhotlheletsa gore le ene a tle a mo direle sengwe?
36 이는 만물이 주에게서 나오고 주로 말미암고 주에게로 돌아감이라 영광이 그에게 세세에 있으리로다 아멘 (aiōn g165)
Gonne sengwe le sengwe se ntse ka nonofo ya one. A kgalalelo e nne mo go one ka bosakhutleng. (aiōn g165)

< 로마서 11 >