< 1 Timothy 3 >

1 This is a faithful saying: someone who seeks to be an overseer desires a good work.
Mme ke boammaaruri gore fa motho a batla go nna modisa wa phuthego, o eletsa tiro e e molemo.
2 The overseer therefore must be without reproach, the husband of one wife, temperate, sensible, modest, hospitable, good at teaching;
Gonne modisa wa phuthego (moruti) o tshwanetse ya bo e le motho yo botshelo jwa gagwe bo sa belaetseng. O tshwanetse go nna le mosadi a le mongwe fela, e le modiri yo o tlhaga, yo o dirisang tlhaloganyo yo o matsetseleko a bile a le ditiro di ntle. O tshwanetse go itumelela go amogela baeng mo lapeng la gagwe a bile a kgona go ruta Lefoko la Modimo sentle.
3 not a drinker, not violent, not greedy for money, but gentle, not quarrelsome, not covetous;
Ga aa tshwanela go bo a le letagwa kgotsa moomani, mme o tshwanetse go nna bonolo le bopelonomi, a sa rate madi.
4 one who rules his own house well, having children in subjection with all reverence;
Ba ntlo ya gagwe ba tshwanetse go nna le maitseo, e le bana ba ba utlwang ka bonako le ka tshisimogo.
5 (for how could someone who doesn’t know how to rule his own house take care of God’s assembly?)
Gonne fa monna a sa ka ke a aga maitseo a ba ntlo ya gagwe, o ka thusa phuthego yotlhe jang?
6 not a new convert, lest being puffed up he fall into the same condemnation as the devil.
Moruti ga a a tshwanela go bo e le Mokeresete yo mosha mo tumelong, gonne o ka tloga a ikgantsha ka go tlhophiwa ka bonako, mme maikgantsho a tla pele ga go wa. (Go wa ga ga Satane ke sekai).
7 Moreover he must have good testimony from those who are outside, to avoid falling into reproach and the snare of the devil.
Gape, o tshwanetse go kaiwa ka tshiamo ke batho ba ba kwa ntle ga phuthego, ba e seng Bakeresete, e se re kgotsa Satane a mo digela mo serung ka go mmaya melato e mentsi, mme a mo tlogele a sa gololesega go etelela phuthego ya gagwe pele.
8 Servants, in the same way, must be reverent, not double-tongued, not addicted to much wine, not greedy for money,
Batiakoni le bone ba tshwanetse go nna le tshiamo e e ntseng fela jalo, e le banna ba ba iketlileng jaaka baruti. Ga ba a tshwanela go bo e le matagwa le digagapa mo mading.
9 holding the mystery of the faith in a pure conscience.
Ba tshwanetse go nna tlhwaafalo, balatedi ba ba pelo dingwe fela ba ga Keresete, yo e leng motswedi o o fitlhegileng wa tumelo ya bone.
10 Let them also first be tested; then let them serve if they are blameless.
Pele ga ba kopiwa go nna Batiakoni, ba tshwanetse go newa ditiro dingwe mo phuthegong e le go bona maitsholo (maitseo) a bone le nonofo, mme fa ba dira sentle, ke gone ba ka tlhophiwang go nna Batiakoni.
11 Their wives in the same way must be reverent, not slanderers, temperate, and faithful in all things.
Basadi ba bone ba tshwanetse go nna masisi, e se matagwa, e se basebi, mme ba ikanyega mo dilong tsotlhe tse ba di dirang.
12 Let servants be husbands of one wife, ruling their children and their own houses well.
Motiakoni mongwe le mongwe o tshwanetse go nna le mosadi a le mongwe ebile o tshwanetse go nna le lolwapa lo lo itumedisang lo lo nang le kutlo.
13 For those who have served well gain for themselves a good standing and great boldness in the faith which is in Christ Jesus.
Batiakoni ba ba dirang sentle ba tlaa duelwa ka tlotlo ke ba bangwe le go godisa boikanyo le bopelokgale jwa bone mo go ikanyeng Morena.
14 These things I write to you, hoping to come to you shortly,
Ke lo kwalela dilo tse jaanong, le fa ke solofela go nna le lona ka bonako,
15 but if I wait long, that you may know how men ought to behave themselves in God’s house, which is the assembly of the living God, the pillar and ground of the truth.
gore e re fa ke sa tle ka lobakanyana lo itse mofuta wa batho ba lo tshwanetseng go ba tlhopha go nna badiredi ba phuthego ya Modimo o o tshelang, e e nang le boammaaruri jo bo tletseng jwa Modimo.
16 Without controversy, the mystery of godliness is great: God was revealed in the flesh, justified in the spirit, seen by angels, preached among the nations, believed on in the world, and received up in glory.
Go boammaaruri tota gore go tshelela Modimo ga go motlhofo. Mme karabo e mo go Keresete, yo o tsileng mo lefatsheng a le mo setshwanong sa motho, yo o supegileng a sena selabe a bile a itshekile mo Moweng wa gagwe, yo o diretsweng ke baengele, a rerwa mo dichabeng, a amogelwa ke batho gongwe le gongwe mme a amogelwa gape mo kgalalelong ya gagwe kwa legodimong.

< 1 Timothy 3 >