< 1 Peter 2 >

1 Putting away therefore all wickedness, all deceit, hypocrisies, envies, and all evil speaking,
Ke gone tlogelang maikutlo a lona a kilo. Se itirengjaaka e ka re lo siame! Latlhang go tlontlololana le mafufa le ditshebo.
2 as newborn babies, long for the pure spiritual milk, that with it you may grow,
Fa lo ikutlwetse bomolemo jwa Modimo le tshiamo ya One, lelelang gore lo okelediwe, jaaka losea lo lelela mashi. Jang lefoko la Modimo le baleng, akanyang kaga lone mme lo gole ka nonofo mo Moreneng lo bo lo bolokwe.
3 if indeed you have tasted that the Lord is gracious.
4 Come to him, a living stone, rejected indeed by men, but chosen by God, precious.
Tlang mo go Keresete, yo e leng ene motheo wa Lefika le le tshedileng le Modimo o agang mo go lone le fa batho ba mo ganne o botlhokwa thata mo Modimong o o mo tlhophileng mo godimo ga botlhe.
5 You also as living stones are built up as a spiritual house, to be a holy priesthood, to offer up spiritual sacrifices, acceptable to God through Jesus Christ.
Mme jaanong lo fetogile maje a kago aa tshelang go dirisiwa ke Modimo mo go ageng ntlo ya One. Se sengwe se segolo, lo baperesiti ba One ba ba boitshepo; jalo tlang kwa go One. (Lona ba lo amogelesegang mo go One ka ntlha ya ga Jesu Keresete), mme lo abele Modimo dilo tse di O itumedisang.
6 Because it is contained in Scripture, “Behold, I lay in Zion a chief cornerstone, chosen and precious. He who believes in him will not be disappointed.”
Jaaka Dikwalo di gatelela di re, “Bonang ke romela Keresete go nna mokgethegi yo o tlhophilweng ka kelotlhoko, Lentswe la botlhokwa la kgokgotsho la phuthego ya me, ebile ga ke kitla ke tlhabisa bape ditlhong ba ba mo ikanyang.”
7 For you who believe therefore is the honor, but for those who are disobedient, “The stone which the builders rejected has become the chief cornerstone,”
Ee, o botlhokwa thata mo go lona ba lo dumelang; le mo go ba ba mo ganang, ee, “Lone lentswe la kgokotsho, le le gannweng ke baagi ke lone le e leng lentswe la kgokgotsho, le le tlotlwang thata ebile e le bontlha bongwe jwa kago.”
8 and, “a stumbling stone and a rock of offense.” For they stumble at the word, being disobedient, to which also they were appointed.
Gape Dikwalo tsa re, “Ke lentswe le bangwe ba tlaa kgotswang mo go lone, ebile ke le le tlaa ba digang.”
9 But you are a chosen race, a royal priesthood, a holy nation, a people for God’s own possession, that you may proclaim the excellence of him who called you out of darkness into his marvelous light.
Mme ga lo a nna jalo, gonne lo tlhophilwe ke Modimo ka bo One, lo baperesiti ba Kgosi, lo boitshepo ebile lo a galalela, lo ba Modimo tota, tse tsotlhe e le gore lo tle lo supegetse ba bangwe ka fa Modimo o lo biditseng ka teng go lo ntsha mo lefifing go tsena mo leseding la one le le ntle.
10 In the past, you were not a people, but now are God’s people, who had not obtained mercy, but now have obtained mercy.
Lo kile lwa bo lo se ba sepe; mme jaanong lo ba Modimo. Lo kile lwa bo lo itse go le gonnye ka tshiamo ya Modimo; mme jaanong matshelo a lona a fetotswe ke gone.
11 Beloved, I beg you as foreigners and pilgrims to abstain from fleshly lusts which war against the soul,
Bakaulengwe ba ba rategang, lo baeti fela mono. E re ka legae la lona tota le le kwa legodimong ke lo kopa gore lo ikgaphe mo ditlhapelong tse di bosula tsa lefatshe leno; ga se tsa lona, gonne di tlhabana le mewa ya lona.
12 having good behavior among the nations, so in that of which they speak against you as evildoers, they may see your good works and glorify God in the day of visitation.
Nnang kelotlhoko ka fa lo itshwarang ka teng mo go bangwe ka lona ba ba sa bolokwang; gonne le fa ba lo belaela ba bua kaga lona ba tlaa fetsa ba baka Modimo ka ntlha ya ditiro tsa lona tse di molemo fa Keresete a bowa.
13 Therefore subject yourselves to every ordinance of man for the Lord’s sake: whether to the king, as supreme,
Ka ntlha ya Morena, utlwang molao mongwe le mongwe wa puso ya lona: molao wa kgosi jaaka e le tlhogo ya morafe,
14 or to governors, as sent by him for vengeance on evildoers and for praise to those who do well.
le ya bagolwane ba kgosi, gonne o ba rometse go otlhaya ba ba dirang molato, le go tlotla ba ba dirang tshiamo.
15 For this is the will of God, that by well-doing you should put to silence the ignorance of foolish men.
Ke go rata ga Modimo gore matshelo a lona a a siameng a didimatse dieleele tse di nyatsang Efangele ba sena kitso ya gore e ka ba direla eng, ba ise ba ke ba lemoge nonofo ya yone.
16 Live as free people, yet not using your freedom for a cloak of wickedness, but as bondservants of God.
Lo golotswe mo molaong, mme mo ga go reye gore lo gololesegile go dira molato. Tshelang jaaka ba ba golotsweng go dira go rata ga Modimo fela ka nako tsotlhe.
17 Honor all men. Love the brotherhood. Fear God. Honor the king.
Tlotlang mongwe le mongwe. Ratang Bakeresete gongwe le gongwe. Boifang Modimo lo tlotle puso.
18 Servants, be in subjection to your masters with all respect, not only to the good and gentle, but also to the wicked.
Batlhanka, lo tshwanetse go tlotla beng ba lona lo bo lo dire sengwe le sengwe se ba reng lo se dire, e seng fela fa ba siame ebile ba le bonolo, mme le fa ba le ditlhogo-di-thata ebile ba le setlhogo.
19 For it is commendable if someone endures pain, suffering unjustly, because of conscience toward God.
Bakang Morena fa lo otlhaelwa go dira tshiamo!
20 For what glory is it if, when you sin, you patiently endure beating? But if when you do well, you patiently endure suffering, this is commendable with God.
Le fa go ntse jalo, ga lo newe tlotlo epe ka go nna pelotelele fa lo iteelwa melato ya lona; mme fa lo dira tshiamo lo bo lo e bogela, ebile lo le pelotelele mo dititeong, Modimo o itumela segolo bogolo.
21 For you were called to this, because Christ also suffered for us, leaving you an example, that you should follow his steps,
Dipogo tse ke bontlha bongwe jwa tiro e Modimo o e lo neetseng. Keresete yo o lo bogetseng, ke sekao sa lona. Latelang dikgato tsa gagwe:
22 who didn’t sin, “neither was deceit found in his mouth.”
ga a ise a ke a leofe, ga a ise a ke a bue maaka,
23 When he was cursed, he didn’t curse back. When he suffered, he didn’t threaten, but committed himself to him who judges righteously.
ga a ise a ke a busolose fa a tlhapadiwa; erile fa a boga ga a ise a ke a leke go ipusolosetsa; o ne a tlogela tsheko ya gagwe mo mabogong a Modimo o o atlholang ka tshiamo ka nako tsotlhe
24 He himself bore our sins in his body on the tree, that we, having died to sins, might live to righteousness. You were healed by his wounds.
O tshotse morwalo wa maleo a rona ka mmele wa gagwe fa a a swa mo mokgorong, gore re tle re fetse le sebe mme re tshele botshelo jo bo siameng go tloga gompieno. Gonne dintho tsa gagwe di fodisitse tsa rona!
25 For you were going astray like sheep; but now you have returned to the Shepherd and Overseer of your souls.
Jaaka dinku lo ne lo dule mo Modimong, mme jaanong lo boetse mo modiseng wa lona, motlhokomedi wa mewa ya lona yo o lo babalelang mo ditlhaselong tsotlhe.

< 1 Peter 2 >