< 1 Corinthians 14 >

1 Follow after love and earnestly desire spiritual gifts, but especially that you may prophesy.
A lorato e nne lone maikaelelo a lona a magolo; le fa go ntse jalo, kopang le tsone dineo tsa botlhokwa tse Mowa O O Boitshepo o di nayang mme bogolo thata mpho ya seporofeso, go kgona go rera molaetsa wa Modimo.
2 For he who speaks in another language speaks not to men, but to God, for no one understands, but in the Spirit he speaks mysteries.
Mme fa mpho ya gago e le ya go “bua ka diteme,” ke gore go bua ka dipuo tse o iseng o ke o di ithute, o tlaa bo o bua le Modimo e seng le batho ba bangwe, ka gonne ga ba kitla ba kgona go go tlhaloganya. O tlaa bo o bua ka nonofo ya Mowa mme e tlaa bo e le sephiri.
3 But he who prophesies speaks to men for their edification, exhortation, and consolation.
Mme yo o porofesang, a rera melaetsa ya Modimo, o thusa ba bangwe go gola mo Moreneng, go ba kgothatsa le go ba gomotsa.
4 He who speaks in another language edifies himself, but he who prophesies edifies the assembly.
Jalo motho yo o “buang ka diteme” o ithusa go gola mo moweng, mme yo o porofesang, a rera melaetsa e e tswang kwa Modimong, o thusa phuthego yotlhe go gola mo boitshepong le mo boitumelong.
5 Now I desire to have you all speak with other languages, but even more that you would prophesy. For he is greater who prophesies than he who speaks with other languages, unless he interprets, that the assembly may be built up.
Ke eletsa fa lotlhe lo ka bo lo na le mpho ya go “bua ka diteme,” mme le e leng go feta foo. Ke eletsa fa lotlhe lo ka bo lo kgona go porofesa, lo rera melaetsa ya Modimo, gonne seo ke nonofo e kgolo e e nang le mosola thata go na le go bua dipuo tse di sa itsiweng, fa e se fela fa o ka bolelela batho botlhe kwa morago gore o ne o rayang, gore le bone polelo ya gago e tle e ba solegele molemo.
6 But now, brothers, if I come to you speaking with other languages, what would I profit you unless I speak to you either by way of revelation, or of knowledge, or of prophesying, or of teaching?
Ditsala tse di rategang, le fa e le nna ke tla kwa go lona ke bua dipuo tse lo sa di tlhaloganyeng, moo go ka lo thusa ka eng? Mme fa ke bua ka tlhamalalo se Modimo o se ntshenoletseng, ke lo bolelela dilo tse ke di itseng, le se se tlaa diregang le boammaaruri jo bogolo jwa Lefoko la Modimo, seo ke selo se lo se tlhokang; ke sone se se tlaa lo thusang.
7 Even lifeless things that make a sound, whether pipe or harp, if they didn’t give a distinction in the sounds, how would it be known what is piped or harped?
Le fa e le diletso jaaka phala kgotsa harepa, ke dikai tsa tlhokego ya go bua puo e e utlwalang, go na le go bua ka dipuo tse di sa itsiweng. Gonne ga go ope yo o ka tlhaloganyang modumo o phala e o tshamekang fa e se ntlha nngwe le nngwe ya molodi e utlwala sentle.
8 For if the trumpet gave an uncertain sound, who would prepare himself for war?
Mme fa moletsa-phala wa mophato a sa letse phala sentle, masole a tlaa itse jang gore ba bilediwa go ya ntweng.
9 So also you, unless you uttered by the tongue words easy to understand, how would it be known what is spoken? For you would be speaking into the air.
Ka tsela e e ntseng jalo, fa o bua le motho ka puo nngwe e a sa e tlhaloganyeng, o tlaa itse jang gore o rayang? Go ka bo go tshwana fela le motho a bua a le nosi.
10 There are, it may be, so many kinds of languages in the world, and none of them is without meaning.
Ke dumela gore go na le makgolo kgolo a dipuo tse di farologanyeng mo lefatsheng, mme tsotlhe di siametse ba ba di tlhaloganyang,
11 If then I don’t know the meaning of the language, I would be to him who speaks a foreigner, and he who speaks would be a foreigner to me.
mme mo go nna ga di reye sepe. Motho yo o buang le nna ka nngwe ya dipuo tse o tlaa bo a le moeng mo go nna le nna ke tlaa bo ke le moeng mo go ene.
12 So also you, since you are zealous for spiritual gifts, seek that you may abound to the building up of the assembly.
E re ka lo tshwenyegile thata go nna le dimpho tse di faphegileng tse di tswang mo Moweng O O Boitshepo, mo kopeng tse di botoka thata, tse di tlaa nnang le thuso thata mo phuthegong yotlhe.
13 Therefore let him who speaks in another language pray that he may interpret.
Fa mongwe a neilwe mpho ya go bua ka diteme tse di sa itsiweng, o tshwanetse go rapelela mpho ya go itse se a se buileng gore a tle a kgone go tlhalosetsa batho sentle se a neng a se bua.
14 For if I pray in another language, my spirit prays, but my understanding is unfruitful.
Gonne fa ke rapela ka puo e ke sa e tlhaloganyeng, mowa wa me o a rapela mme nna ga ke itse se ke se buang.
15 What should I do? I will pray with the spirit, and I will pray with the understanding also. I will sing with the spirit, and I will sing with the understanding also.
Mme jalo he, ke tlaa dirang? Ke tlaa di dira ka bobedi. Ke tlaa rapela ka diteme tse di sa itsiweng le ka puo fela e mongwe a e tlhaloganyang. Ke tlaa opela ka diteme tse di sa itsegeng le ka puo fela ya gale, gore ke tle ke tlhaloganye pako e ke e opelang;
16 Otherwise, if you bless with the spirit, how will he who fills the place of the unlearned say the “Amen” at your giving of thanks, seeing he doesn’t know what you say?
gonne fa o baka ebile o leboga Modimo ka mowa fela, o bua ka loleme lo longwe, ba ba sa go tlhaloganyeng ba ka baka Modimo jang le wena? Ba ka tlhakanela jang tebogo le wena fa ba sa itse gore wa reng?
17 For you most certainly give thanks well, but the other person is not built up.
O tlaa bo o leboga sentle thata, fa go belaesega, mme batho ba bangwe ba ba leng teng ga ba kitla ba thusega.
18 I thank my God, I speak with other languages more than you all.
Ke leboga Modimo go bo ke “bua ka diteme” mo sephiring go lo gaisa lotlhe.
19 However, in the assembly I would rather speak five words with my understanding, that I might instruct others also, than ten thousand words in another language.
Mme mo kobamelong e e mo pepeneneng ke ka bua mafoko a le matlhano a batho ba ka a tlhaloganyang a bo a ba thusa, go na le mafoko a a dikete di le lesome a a buiwang ka diteme ka puo e e sa itsiweng.
20 Brothers, don’t be children in thoughts, yet in malice be babies, but in thoughts be mature.
Bakaulengwe ba ba rategang, se nneng banyana mo go tlhaloganyeng dilo tse. Nnang banyana fa go logwa maano a bosula, mme lo nne batho ba ba botlhale mo go tlhaloganyeng dilo tsa mofuta o.
21 In the law it is written, “By men of strange languages and by the lips of strangers I will speak to this people. They won’t even listen to me that way, says the Lord.”
Re boleletswe mo dikwalong tsa bogologolo gore Modimo o tlaa roma batho go tswa mafatsheng a mangwe go bua ka dipuo tsa seeng mo bathong ba one, mme le fa go ntse jalo ga ba kitla ba reetsa.
22 Therefore other languages are for a sign, not to those who believe, but to the unbelieving; but prophesying is for a sign, not to the unbelieving, but to those who believe.
Jalo a o a bona gore go kgona go “bua ka diteme” ga se sesupo sa bana ba Modimo kaga nonofo ya one, mme ke sesupo mo go ba ba sa bolokwang. Mme le fa go ntse jalo, seporofeso (go rera boammaaruri jo bo tibileng jwa Modimo) ke se Bakeresete ba se tlhokang, mme ba ba sa dumeleng ga ba ise ba go ipaakanyetse.
23 If therefore the whole assembly is assembled together and all speak with other languages, and unlearned or unbelieving people come in, won’t they say that you are crazy?
Mme le fa go ntse jalo, fa motho yo o sa bolokwang, a utlwa lotlhe lo bua dipuo tse dingwe, o a tshwanela go akanya gore lo a tsenwa.
24 But if all prophesy, and someone unbelieving or unlearned comes in, he is reproved by all, and he is judged by all.
Mme fa lo porofesa, lo rera Lefoko la Modimo, (le fa tota thero e e ntseng jalo bogolo e le ya badumedi) mme motho yo o sa bolokwang, kgotsa Mokeresete yo mosha a tsena, yo o sa tlhaloganyeng kaga dilo tse, dithero tse tsotlhe di tlaa dira gore a dumele gore ke moleofi, le segakolodi sa gagwe se tlaa tlhajwa ke sengwe le sengwe se a se utlwang.
25 And thus the secrets of his heart are revealed. So he will fall down on his face and worship God, declaring that God is among you indeed.
E tlaa re fa a reeditse, dikakanyo tsa gagwe tsa sephiri di tlaa bewa mo pepeneneng mme o tlaa wela fa fatshe ka mangole a obamela Modimo, a bolela gore tota Modimo o teng mo gare ga lona.
26 What is it then, brothers? When you come together, each one of you has a psalm, has a teaching, has a revelation, has another language, or has an interpretation. Let all things be done to build each other up.
Jaanong bakaulengwe ba me, a re oketseng se ke se buang. Fa lo kopana, bangwe ba tlaa opela, mongwe o tlaa ruta kgotsa a bolele kitsiso nngwe e Modimo o e mo neileng, kgotsa a bue puo e e sa itsegeng, kgotsa a bolele se yo mongwe a se buang ka puo e e sa itsegeng, mme sengwe le sengwe se se dirwang se tshwanetse go solegela botlhe molemo, le go ba aga mo Moreneng.
27 If any man speaks in another language, let there be two, or at the most three, and in turn; and let one interpret.
Go se nne palo e e fetang bobedi kgotsa boraro ya ba ba buang puo e e sa itsegeng, mme gape ba tshwanetse go bua ka go latelana mme mongwe o tshwanetse go ipaakanyetsa go ranola se ba se buang.
28 But if there is no interpreter, let him keep silent in the assembly, and let him speak to himself and to God.
Mme fa go sena ope yo o ka ranolang, ga ba a tshwanela go buela kwa godimo. Ba tshwanetse go buela kwa tlase le Modimo ka puo e e sa itsegeng mme e seng mo pepeneneng.
29 Let two or three of the prophets speak, and let the others discern.
Ba babedi kgotsa ba bararo ba ka porofesa ka tatelano fa ba na le mpho eo, ba bangwe botlhe ba reeditse. Mme fa mongwe a porofesa, mongwe o sele a amogela molaetsa kgotsa mogopolo mo Moreneng, yo o buang o tshwanetse go khutlisa puo ya gagwe.
30 But if a revelation is made to another sitting by, let the first keep silent.
31 For you all can prophesy one by one, that all may learn and all may be exhorted.
Ka tsela e botlhe ba ba nang le mpho ya go porofesa ba ka bua ka tatelano, mme mongwe le mongwe o tlaa ithuta a bo a kgothatsega a bo a thusega.
32 The spirits of the prophets are subject to the prophets,
Gakologelwang gore motho yo o nang le molaetsa o o tswang mo Modimong o na le nonofo ya go ikganela kgotsa go emela lobaka lwa gagwe gore lo tle.
33 for God is not a God of confusion but of peace, as in all the assemblies of the saints.
Modimo ga se one o o ratang gore dilo di nne e seng ka fa thulaganyong le ka tsela e e tenang. O rata kutlwano, mme o e bona mo diphuthegong tsotlhe tse dingwe.
34 Let the wives be quiet in the assemblies, for it has not been permitted for them to be talking except in submission, as the law also says,
Basadi ba tshwanetse go didimala mo dikopanong tsa phuthego. Ga ba a tshwanela go akgela mo puisanyong, gonne ba ba botlana mo banneng jaaka dikwalo le tsone di bolela.
35 if they desire to learn anything. “Let them ask their own husbands at home, for it is shameful for a wife to be talking in the assembly.”
Fa ba na le potso go botsa, a ba botse banna ba bone kwa malapeng gonne ga go a siama gore basadi ba bue megopolo ya bone mo dikopanong tsa phuthego.
36 What!? Was it from you that the word of God went out? Or did it come to you alone?
A ga lo dumele? A mme lo akanya gore kitso ya thato ya Modimo e a simologa ebile e felela ka lona Bakorinta? Fa lo rialo, lo a fosa!
37 If any man thinks himself to be a prophet or spiritual, let him recognize the things which I write to you, that they are the commandment of the Lord.
Lona ba lo reng lo na le mpho ya go porofesa kgotsa nonofo nngwe e e tswang mo Moweng O O Boitshepo lo tshwanetse go nna ba ntlha go lemoga gore se ke se buang ke taolo e e tswang mo Moreneng ka bo ene.
38 But if anyone is ignorant, let him be ignorant.
Mme fa go na le mongwe yo o santseng a ganetsa, re tla mo tlogela mo boeleeleng jwa gagwe.
39 Therefore, brothers, desire earnestly to prophesy, and don’t forbid speaking with other languages.
Jalo badumedi ka nna, eletsang go nna baporofiti gore lo kgone go rera molaetsa wa Modimo sentle; mme lo seka lwa re go phoso go “bua ka diteme,”
40 Let all things be done decently and in order.
le fa go ntse jalo, tlhomamisang gore sengwe le sengwe se dirwa sentle mo tshiamong le mo thulaganyong.

< 1 Corinthians 14 >