< 1 Corinthians 3 >

1 And I, brethren, was not able to speak to you, as to spiritual men, but as to those who are carnal, as to babes in Christ.
Bakaulengwe ba ba rategang, ke ntse ke bua le lona jaaka ekete lo santse lo le bana mo bo-tshelong jwa Sekeresete, ba ba sa latelang Morena, mme lo latela dikeletso tsa lona; ga ke ka ke ka bua le lona jaaka fa ke ka bua le Bakeresete ba ba nonofileng, ba ba tletseng Mowa O O Boitshepo.
2 I fed you with milk, not with meat; for you were not then able to bear it; indeed, not even now are you able;
Ke tshwanetse go lo otla ka mashi e seng ka dijo tse di thata, gonne ga lo ka ke lwa kgona go di sila. Mme le jaanong lo santse lo tshwanetswe ke go otlwa ka mashi.
3 for you are yet carnal. For, since envy and strife and divisions are among you, are you not carnal, and do you not walk as men?
Gonne lo santse lo le Bakeresete ba ba botlana, ba lo laolwang ke dikeletso tsa lona; e seng tsa Modimo. Fa lo huhegelana mme lo ikaba ka ditlhopha tse di omanang, a se ga se supe gore lo sa le bananyana, lo batla tsela e e leng ya lona? Le fa go ntse jalo, lo dira jaaka batho ba eseng ba Morena gotlhelele.
4 For when one says, I am of Paul, and another, I of Apollos, are you not carnal?
Mme ke foo, lo omana ka gore a ke mogolo go feta Apolose, ebile lo kgaoganya phuthego. A se ga se supe gore lo godile go le gonnye mo Moreneng?
5 Who, then, is Paul? and who is Apollos? Ministers by whom you have believed, even as the Lord gave to each one.
Nna ke mang, mme Apolose ene ke mang mo e leng gore re ka tsosa kgang? Ka goreng, gonne re batlhanka ba Modimo fela, mongwe le mongwe wa rona o na le dinonofo tse di faphegileng, mme ka thuso ya rona lo dumetse.
6 I planted, Apollos watered: but God made to grow.
Tiro ya me e ne e le go jala peo mo dipelong tsa lona, mme tiro ya ga Apolose e ne e le go e nosetsa, mme e ne e le Modimo fela, e seng rona, o o godisitseng peo mo dipelong tsa lona.
7 So, neither he that plants nor he that waters is any thing: but God that makes to grow.
Motho yo o jalang kgotsa yo o nosetsang ga a botlhokwa thata, mme Modimo o botlhokwa gonne ke one o o godisang dilo.
8 But he that plants and he that waters are one; and each one shall receive his own reward, according to his own labor.
Apolose le nna re badiri mmogo ka maikaelelo a a tshwanang, le fa mongwe le mongwe wa rona a tlaa duelelwa tiro ya gagwe e a e dirileng ka bonatla.
9 For we are fellow-laborers for God: you are God’s field, you are God’s building.
Re badiri mmogo le Modimo. Lona lo tshimo ya Modimo, ebile; lo kago ya Modimo e seng ya rona.
10 According to the grace of God that is given to me, as a wise master-builder, I have laid the foundation, and another builds on this. But let every one take heed how he builds on this.
Modimo mo bopelonoming jwa one o nthutile gore ke ka nna moitseanape wa moagi jang. Ke tlhomile motheo mme Apolose o agile mo go one. Mme yo o agang mo motheong o tshwanetse go tlhokomela thata.
11 For other foundation can no man lay than that which is laid, which, is Jesus Christ.
Gonne ga go na ope yo o ka tlhomang motheo ope wa boammaaruri go gaisa o re setseng re na nao, ebong Jesu Keresete.
12 If any man builds on this foundation, gold, silver, precious stones, wood, hay, stubble,
Mme go na le mekgwa e le mentsi thata e e ka dirisiwang go aga mo motheong oo. Bangwe ba dirisa Gauta le Selefera le maje a a phatsimang; bangwe ba aga ka dikgong, le bojang, kgotsa ka lotlhaka!
13 each man’s work shall be made manifest; for the day shall make it manifest, for it is revealed with fire: and the fire shall try each man’s work, what sort it is.
Mme go tlaa tla lobaka lwa tlhatlhobo ka letsatsi la ga Keresete la Katlholo go bona mofuta wa didirisiwa tse moagi mongwe le mongwe o di dirisitseng. Tiro ya mongwe le mongwe e tlaa tsenngwa mo gare ga molelo go re botlhe ba tle ba bone gore a e tlaa tshegetsa selekanyo sa yone kgotsa nnyaa, le gore go bonwe ka fa go dirilweng ka teng.
14 If any man’s work abide, which he builds on this, he shall receive a reward;
Ke gone ka moo modiri mongwe le mongwe yo o agileng mo motheong ka didirisiwa tsa dikago tse di siameng, le yo tiro ya gagwe e santseng e eme, o tlaa bona tuelo ya gagwe.
15 if any man’s work be burned, he shall suffer loss: but he himself shall be saved, yet so, as through fire.
Mme fa ntlo e o e agileng ee sha, o tlaa nna le tatlhegelo e kgolo. Ene ka boene o tlaa bolokwa, mme o tlaa bolokwa jaaka motho yo o falolang mo kgabong ya molelo.
16 Know you not that you are the temple of God, and that the Spirit of God dwells in you?
A ga lo lemoge gore lotlhe lo ntlo ya Modimo, le gore Mowa wa Modimo o nna mo go lona mo tlung ya one?
17 If any man defile the temple of God, him shall God destroy: for the temple of God is holy, which temple you are.
Fa mongwe a leswafatsa kgotsa a senya legae la Modimo, Modimo o tlaa mo senya. Gonne legae la Modimo le itshepile le phepa, mme ke lona legae leo.
18 Let no one deceive himself: if any one among you is considered as wise in this age, let him become a fool, that he may be wise. (aiōn g165)
Lesang go itsietsa. Fa lo ikaya lo le botlhale jo bo feteletseng, jaaka go lejwa ka fa ponong ya maemo a lefatshe le, go ka nna botoka go beela mo gotlhe fa thoko mme lwa nna dieleele go na le gore lo bo lese bo lo busetsa kwa morago mo botlhaleng jwa boammaarruri jo bo tswang kwa godimo. (aiōn g165)
19 For the wisdom of this world is foolishness with God; for it is written: He takes the wise in their own craftiness.
Gonne botlhale jwa lefatshe ke boeleele mo Modimong. Jaaka mo lokwalong lwa ga Jobe gotwe, Modimo o dirisa botlhale jwa motho go mo tshwara; o kgotswa mo “botlhaleng” jwa gagwe mme a we.
20 And again: The Lord knows the thoughts of the wise, that they are vain.
Gape, mo lokwalong lwa Dipesalema re boleletswe gore Morena o itse sentle ka botlalo gore mogopolo wa motho o akanya jang, le boeleele le go tlhoka ga one.
21 Therefore, let no one glory in men; for all things are yours,
Jalo se ikgantsheng ka go sala morago batlhalefi ba lefatshe le. Gonne Modimo o setse o lo neile sengwe le sengwe se lo se tlhokang.
22 whether Paul, or Apollos, or Cephas, or the world, or life, or death, or things present, or things to come, all are yours:
O lo neile Paulo le Apolose le Petere go nna bathusi ba lona. O lo neile lefatshe lotlhe go le dirisa, le botshelo le lone loso ke batlhanka ba lona. O lo neile tsa motlha ono le tsotlhe tsa o o tlang. Tsotlhe ke tsa lona,
23 and you are Christ’s: and Christ is God’s.
ebile lo ba ga Keresete, mme Keresete ke wa Modimo.

< 1 Corinthians 3 >