< 马太福音 12 >

1 那时,耶稣在安息日从麦地经过。他的门徒饿了,就掐起麦穗来吃。
Mme erile ka lobaka loo, ka letsatsi le-ngwe Jesu a tsamaya a raletse masimo a mabele le barutwa ba gagwe. Go ne go le letsatsi la Sabata, letsatsi la Sejuta la kobamelo-Modimo, barutwa ba gagwe ba ne ba tshwerwe ke tlala, jalo ba simolola go roba diako tsa mabele ba a ja.
2 法利赛人看见,就对耶稣说:“看哪,你的门徒做安息日不可做的事了!”
Mme Bafarasai bangwe ba ba bona ba dira jalo mme ba go tlhabantsha ba re, “Barutwa ba gago ba tlola molao. Ba roba go le Sabata.”
3 耶稣对他们说:“经上记着大卫和跟从他的人饥饿之时所做的事,你们没有念过吗?
Mme Jesu a ba raya a re, “A ga lo ise nke lo bo lo bale se Kgosi Dafide o neng a se dira fa a bolailwe ke tlala le ditsala tsa gagwe?
4 他怎么进了 神的殿,吃了陈设饼,这饼不是他和跟从他的人可以吃得,惟独祭司才可以吃。
O na a tsena mo Tempeleng mme ba a ja senkgwe se se faphegileng se se letleletsweng baperesiti fela. Moo le gone e ne e le go tlola molao!
5 再者,律法上所记的,当安息日,祭司在殿里犯了安息日还是没有罪,你们没有念过吗?
Gape a ga lo ise nke lo bo lo bale mo molaong wa ga Moshe ka fa baperesiti ba ba mo tirong mo Tempeleng, ba ka dirang ka teng go le Sabata?
6 但我告诉你们,在这里有一人比殿更大。
Mme ammaaruri, mongwe o fano yo o mogolo go Tempele!
7 ‘我喜爱怜恤,不喜爱祭祀。’你们若明白这话的意思,就不将无罪的当作有罪的了。
Mme fa lo ka bo lo itsile tlhaloso ya temana ya lokwalo lo lo reng, ‘Ke batla gore lo nne kutlwelobotlhoko go feta jaaka ke batla dimpho tsa lona,’ lo ka bo lo sa sekisa ba ba senang molato.
8 因为人子是安息日的主。”
Gonne Morwa Motho, ke Morena le wa Sabata tota.”
9 耶稣离开那地方,进了一个会堂。
Mme ka nako eo a ya kwa ntlung ya thuto,
10 那里有一个人枯干了一只手。有人问耶稣说:“安息日治病可以不可以?”意思是要控告他。
Mme teng koo a bona monna yo o golafetseng seatla. Bafarasai ba botsa Jesu ba re, “A go letleletswe go fodisa ka letsatsi la Sabata?” (Tota ba ne ba solofetse gore o tlaa re, “Ee”, gore ba tle ba mo tshware).
11 耶稣说:“你们中间谁有一只羊,当安息日掉在坑里,不把它抓住、拉上来呢?
Hong Jesu a fetola a re; “Fa o ne o na le nku e le yosi fela, ya be e wela mo sedibeng go le Sabata, a o no o ka dira gore o e falotshe ka letsatsi leo? Ee tota o no o ka dira jalo.
12 人比羊何等贵重呢!所以,在安息日做善事是可以的。”
Mme motho o tlhwatlhwa-kgolo thata jang go feta nku! Ee go siame go dira tshiamo ka Sabata!”
13 于是对那人说:“伸出手来!”他把手一伸,手就复了原,和那只手一样。
Mme a raya monna yoo a re, “Otlolola lebogo la gago.” Mme ya re a le otlolola, seatla sa gagwe sa itekanela, fela jaaka se sengwe!
14 法利赛人出去,商议怎样可以除灭耶稣。
Mme, Bafarasai ba bitsa phuthego go loga maano a ka fa ba ka tshwarang le go bolaya Jesu ka teng.
15 耶稣知道了,就离开那里,有许多人跟着他。他把其中有病的人都治好了;
Mme a itse leano le ba neng ba le loga, mme a tswa mo ntlung ya thuto a setswe morago ke bontsi. A fodisa botlhe ba ba lwalang mo go bone,
16 又嘱咐他们,不要给他传名。
mme a ba tlhagisa gore ba seka ba anamisa mafoko kaga dikgakgamatso tsa gagwe.
17 这是要应验先知以赛亚的话,说:
Se se diragaditse seporofeso sa ga Isaia se se buang ka ga Jesu se re.
18 看哪!我的仆人, 我所拣选、所亲爱、心里所喜悦的, 我要将我的灵赐给他; 他必将公理传给外邦。
“Bonang motlhanka wa me. Bonang yo ke mo itshenketseng. Ke moratwi wa me, yo mowa wa me o itumelang mo go ene, ke tlaa tsenya mowa wa me mo go ene o tlaa atlhola dichaba.
19 他不争竞,不喧嚷; 街上也没有人听见他的声音。
Ga a lwe e bile ga a goe; ga a tlhatlose lentswe la gagwe!
20 压伤的芦苇,他不折断; 将残的灯火,他不吹灭; 等他施行公理,叫公理得胜。
Ga a repitletse ba ba bokoa, kgotsa go timola tsholofelo e potlana; o tlaa wetsa ntwa ya gagwe yotlhe ka phenyo,
21 外邦人都要仰望他的名。
mme leina la gagwe le tlaa nna tsholofelo ya lefatshe lotlhe.”
22 当下,有人将一个被鬼附着、又瞎又哑的人带到耶稣那里,耶稣就医治他,甚至那哑巴又能说话,又能看见。
Mme ga leriwe kwa go Jesu monna yo o tsenyweng ke badimo, a le sefofu a bile a le semumu, mme Jesu a mo fodisa gore a bue a ba a bone.
23 众人都惊奇,说:“这不是大卫的子孙吗?”
Bontsintsi jwa batho ba gakgamala ba re, “Kgotsa Jesu ke Mesia.”
24 但法利赛人听见,就说:“这个人赶鬼,无非是靠着鬼王别西卜啊。”
Mme e rile fa Bafarasai ba utlwa kaga kgakgamatso e ba re, “O ka kgoromeletsa mewa e e maswe ntle ka gore ke Satane, kgosi ya mewa e e maswe.”
25 耶稣知道他们的意念,就对他们说:“凡一国自相纷争,就成为荒场;一城一家自相纷争,必站立不住;
Jesu a itse megopolo ya bone mme a fetola a re, “Bogosi jo bo kgaoganyeng bo felela ka go pheretlhana. Motse kgotsa lolwapa lo lo ikgaoganyang ga lo ka ke lwa ema.
26 若撒但赶逐撒但,就是自相纷争,他的国怎能站得住呢?
Mme fa Satane a kgoromeletsa Satane ntle, o a itwantsha o bile o senya bogosi jwa gagwe.
27 我若靠着别西卜赶鬼,你们的子弟赶鬼又靠着谁呢?这样,他们就要断定你们的是非。
Mme fa e le gore lwa re, ke goromeletsa mewa e e maswe ntle, ka go dirisa dinonofo tsa ga Satane, jaanong batho ba lona ba dirisa nonofo efe go e kgoromeletsa ntle? A ba arabele ka fa lo mpegang molato ka teng.
28 我若靠着 神的灵赶鬼,这就是 神的国临到你们了。
Mme fa ke kgoromeletsa mewa e e maswe ntle ka Mowa wa Modimo, hong bogosi jwa Modimo bo tsile mo go lona.
29 人怎能进壮士家里,抢夺他的家具呢?除非先捆住那壮士,才可以抢夺他的家财。
Motho ga a ka ke a thopa bogosi jwa ga Satane kwa ntleng ga gore a golege Satane pele. Ke gone fela mewa ya gagwe e e maswe e ka kgoromelediwang ntle a sena go golegwa.
30 不与我相合的,就是敌我的;不同我收聚的,就是分散的。”
Le fa e le mang yo o sa nthuseng o nkutlwisa botlhoko.
31 所以我告诉你们:“人一切的罪和亵渎的话都可得赦免,惟独亵渎圣灵,总不得赦免。
“Mme le fa e le mang yo o ntlhapatsang kgotsa a bua sebe sengwe fela, o tlaa itshwarelwa tsotlhe, fa e se se sengwe fela: go bua bosula kgatlhanong le Mowa o o Boitshepo ga go na go itshwarelwa mo lefatshing leno, le fa e le mo lefatshing le le tlang. (aiōn g165)
32 凡说话干犯人子的,还可得赦免;惟独说话干犯圣灵的,今世来世总不得赦免。” (aiōn g165)
33 “你们或以为树好,果子也好;树坏,果子也坏;因为看果子就可以知道树。
“Setlhare se lemogwa ka loungo lwa sone. Setlhare se se tlhophilweng mo mofuteng o o faphegileng se ungwa loungo lo lo siameng; mefuta e e seng yone ga e ungwe loungo lo lo siameng.
34 毒蛇的种类!你们既是恶人,怎能说出好话来呢?因为心里所充满的,口里就说出来。
Losika lwa dinoga ke lona! Batho ba ba bosula jaaka lona ba ka bua se se molemo le tshiamo jang? Gonne pelo ya motho e laola puo ya gagwe.
35 善人从他心里所存的善就发出善来;恶人从他心里所存的恶就发出恶来。
Puo e e molemo ya motho e senola mahumo a a mo go ene. Motho yo o pelo e bosula o tletse botlhole le puo ya gagwe e a bo supa.
36 我又告诉你们,凡人所说的闲话,当审判的日子,必要句句供出来;
Mme ke lo bolelela se, gore lo tlamega go arabela lefoko lengwe le lengwe le lo le buang la boithamako ka letsatsi la katlholo.
37 因为要凭你的话定你为义,也要凭你的话定你有罪。”
“Mafoko a lona a supa se se tlaa lo diragalelang ka nako eo: lo ka nna lwa siamisiwa kgotsa lwa sekisiwa ka one.”
38 当时,有几个文士和法利赛人对耶稣说:“夫子,我们愿意你显个神迹给我们看。”
Letsatsi lengwe baeteledipele ba Sejuta le Bafarasai bangwe, ba tla kwa go Jesu ba mo kopa go bona kgakgamatso go supa gore a ke ene Mesia tota.
39 耶稣回答说:“一个邪恶淫乱的世代求看神迹,除了先知约拿的神迹以外,再没有神迹给他们看。
Mme Jesu a fetola a re, “Sechaba se se bosula se se senang tumelo ke sone fela se ne se ka kopa bosupi bongwe gape; mme bope ga bo kitla bo dirwa fa e se fela se se neng sa diragalela moporofiti Jona! Gonne fela jaaka Jona a ne a le mo mpeng ya leruarua malatsi a le mararo le masigo a le mararo, jalo he, nna Morwa Motho, ke tlaa nna mo mpeng ya lefatshe malatsi a le mararo le masigo a le mararo.
40 约拿三日三夜在大鱼肚腹中,人子也要这样三日三夜在地里头。
41 当审判的时候,尼尼微人要起来定这世代的罪,因为尼尼微人听了约拿所传的就悔改了。看哪,在这里有一人比约拿更大!
Banna ba Ninefe ba tlaa ema kgatlhanong le chaba e kwa tshekong ba lo bona molato. Gonne e rile fa Jona a ba rerela ba ne ba sokologa mo ditseleng tsa bone tsotlhe tse di bosula ba boela mo Modimong. Mme jaanong yo mogolo go feta Jona o fano mme lo gana go mo dumela.
42 当审判的时候,南方的女王要起来定这世代的罪;因为她从地极而来,要听所罗门的智慧话。看哪,在这里有一人比所罗门更大!”
“Kgosigadi ya Sheba e tlaa emelana le chaba e, e e bona molato; gonne o dule kwa lefatshing le le kgakala go tla go utlwa botlhale jwa ga Solomone, mme jaanong yo mogolo go feta Solomone o fano; mme lo gana go mo dumela.
43 “污鬼离了人身,就在无水之地过来过去,寻求安歇之处,却寻不着。
“Chaba e e bosula e, e tshwana le motho a tsenywe ke mowa o o maswe. Gonne fa mowa o o maswe o tswa mo go ene, o ya mo dikakeng ka lobakanyana, o senka boikhutso mme o seke o bo bone. Mme o re, ‘Ke tlaa boela kwa mothong yo ke neng ke tswa mo go ene’ o boe o fitlhele pelo ya motho yoo e le phepa e bile e sena sepe mo teng! Mme mowa o o maswe o bone mewa e mengwe e supa e e bosula go o gaisa, mme yotlhe e tsene motho yoo e nne mo go ene. Mme a bife go gaisa pele.”
44 于是说:‘我要回到我所出来的屋里去。’到了,就看见里面空闲,打扫干净,修饰好了,
45 便去另带了七个比自己更恶的鬼来,都进去住在那里。那人末后的景况比先前更不好了。这邪恶的世代也要如此。”
46 耶稣还对众人说话的时候,不料他母亲和他弟兄站在外边,要与他说话。
Ka Jesu a na a bua mo ntlung e e tletseng batho, mmaagwe le bomonnawe ba ne, ba le kwa ntle kwa, ba batla go bua nae. Mme erile mongwe a mmolelela gore ba foo,
47 有人告诉他说:“看哪,你母亲和你弟兄站在外边,要与你说话。”
48 他却回答那人说:“谁是我的母亲?谁是我的弟兄?”
a fetola a re, “Mme ke Mang? Bonnake ke bomang?”
49 就伸手指着门徒,说:“看哪,我的母亲,我的弟兄。
A supa barutwa ba gagwe a re, “Bonang! Mme le bonnake ke ba.”
50 凡遵行我天父旨意的人,就是我的弟兄姊妹和母亲了。”
Mme a oketsa ka gore, “Le fa ele mang yo o reetsang Rre kwa Legodimong ke nnake, kgaitsadiake le mme.”

< 马太福音 12 >