< ᎣᏍᏛ ᎧᏃᎮᏛ ᎷᎦ ᎤᏬᏪᎳᏅᎯ 7 >

1 ᎿᎭᏉᏃ ᎤᏍᏆᏛ ᏂᎦᏛ ᎦᏬᏂᏍᎬ ᎠᎾᏛᎩᏍᎬ ᏴᏫ, ᎨᏆᏂ ᏭᏴᎴᎢ.
Erile Jesu a sena go fetsa thero ya gagwe a boela mo motsing wa Kaperenama.
2 ᎩᎶᏃ ᎢᏳᏍᏗ ᎠᏍᎪᎯᏧᏈ ᎠᏂᏯᏫᏍᎩ ᏗᏖᏂᏙᎯ ᎤᏅᏏᏓᏍᏗ, ᎣᏍᏛ ᎤᏰᎸᎯ, ᎤᏢᎨᎢ, ᎠᎴ ᎤᏲᎱᏏᏕᎾ ᎨᏎᎢ.
Fela ka yone nako eo motlhanka yo mogolo wa moeteledi pele wa mophato wa Seroma o ne a lwala a bile a le gaufi le go swa.
3 ᏥᏌᏃ ᎠᏥᏃᎮᏍᎬ ᎤᏛᎦᏅ, ᏚᏅᏎ ᏤᏙᎲ ᏗᏂᎳᏫᎩ ᎠᏂᏧᏏ ᏧᎾᏤᎵᎦ, ᏭᏔᏲᏎᎮ ᏅᏓᏳᏪᏅᏍᏗᏱ ᎤᏅᏬᏗᏱ ᎤᏅᏏᏗᏍᏗ.
E rile fa moeteledipele wa mophato a utlwa kaga Jesu, a romela bangwe ba Sejuta ba ba tlotlegang go ya go mo kopa gore a tle go fodisa motlhanka wa gagwe.
4 ᏥᏌᏃ ᎬᏩᎷᏤᎸ, ᎤᏣᏘ ᎬᏩᏍᏗ ᏰᏔᏁᎢ, ᎯᎠ ᎾᏂᏪᏍᎨᎢ; ᎤᏓᏅᏘᏳ ᎾᏍᎩ ᎯᎠ ᏥᏅᏘᏯᏛᏁᎵ;
Hong ba simolola go kopa Jesu ka tlhoafalo go ya le bone go thusa monna yoo. Ba mmolelela ka fa moeteledipele wa masole o neng a le senatla ka gone. “Fa mongwe a tshwanelwa ke go thusiwa, ke ene,
5 ᎤᎨᏳᎯᏳᏰᏃ ᎢᎩᏠᏱ ᎨᏒ ᏴᏫ, ᎠᎴ ᎢᎦᏁᏍᎨᎸ ᏗᎩᎳᏫᎢᏍᏗᏱ.
gonne o rata Bajuta o bile o re agetse ntlo ya thuto!”
6 ᏥᏌᏃ ᏚᏍᏓᏩᏛᏎᎢ. ᎿᎭᏉᏃ ᎾᎥᏉ ᎤᎷᎴ ᏗᏓᏁᎸ, ᎠᏍᎪᎯᏧᏈ ᎠᏂᏯᏫᏍᎩ ᏗᏘᏂᏙᎯ ᏙᏧᏅᏎ ᏧᎵᎢ ᏂᏙᏓᎬᏩᏠᎯᏍᏗᏱ, ᎯᎠ ᏅᏧᏪᏎᎴᎢ; ᏣᎬᏫᏳᎯ, ᏞᏍᏗ ᏨᏒ ᏣᏓᏕᏯᏙᏔᏅᎩ; ᎥᏝᏰᏃ ᏰᎵ ᏱᏂᎪᎯ ᏣᏴᏍᏗᏱ ᏥᏁᎸᎢ ᏥᎾᏆᏍᏗᏉ;
Jesu a tsamaya le bone; mme ya re pele ga ba goroga kwa tlung, moeteledipele wa masole a romela ditsala dingwe go ya gore, “Morena o se ka wa itapisa ka go tla kwa lwapeng la me, gonne ga ke a tshwanelwa ke tlotlo e e kalo kgotsa le fa e le go ka kopana nao, bua lefoko fela fa o leng teng mme motlhanka wa me o tlaa fola.
7 ᎥᏝ ᎠᎴ ᎾᏍᏉ ᏰᎵ ᏂᎪᎢ ᏱᏇᎵᏎ ᏫᎬᎷᏤᏗᏱ; ᎯᏁᎩᏉᏍᎩᏂ, ᏥᏅᏏᏓᏍᏗᏃ ᏧᏳᏗᏩᏏ.
8 ᎠᏴᏰᏃ ᎾᏍᏉ ᏗᏆᏓᏁᎶᏗᏉ, ᎠᎴ ᏗᎩᎧᎭ ᎠᏂᏯᏫᏍᎩ ᎠᎴ ᎠᏴ ᏕᎬᏆᏁᎶᏙᎢ, ᎩᎶᏃ ᎮᎾ ᏥᏲᏏ, ᎡᎪᎢ; ᏅᏩᏓᎴᏃ ᎡᎮᎾ ᏥᏲᏏ, ᏗᎡᎪᎢ; ᏥᏅᏏᏓᏍᏗᏃ ᎯᎠ ᎿᎭᏛᎦ ᏥᏲᏏ, ᎾᏍᎩ ᎾᏛᏁᎰᎢ.
Ke a itse, ka gore ke ka fa tlase ga taolo ya maotlana a magolo, mme ke na le taolo mo bathong ba me. Ke na le tshwanelo ya gore ‘Tsamayang!’ mme ba tsamaye; kgotsa ‘Tlang!’ mme ba tle; mme ke reye motlhanka wa me ke re, dira se kgotsa sele; mme a se dire. [Jalo, bua fela jaana o re, ‘Fola’ mme motlhanka wa me o tlaa fola!].”
9 ᏥᏌᏃ ᎾᏍᎩ ᎯᎠ ᎤᏛᎦᏅ, ᎤᏍᏆᏂᎪᏎᎴᎢ, ᎠᎴ ᎤᎦᏔᎲᏎᎢ, ᎠᎴ ᎯᎠ ᏂᏚᏪᏎᎵ ᏴᏫ ᎾᏍᎩ ᏅᏓᎬᏩᏍᏓᏩᏛᏛ; ᎯᎠ ᏂᏨᏪᏎᎭ; ᎥᏝ ᎾᏍᏉ ᎢᏏᎵ ᎠᏁᎲ ᎾᏍᎩ ᎢᎦᎢ ᎪᎯᏳᏗ ᎨᏒ ᏯᎩᏩᏛᎲ.
Jesu a hakgamala. A retologela kwa bathong ba ba kgobokaneng a re, “Ga ke ise nke ke kopane le motho wa tumelo e e ntseng jaana mo Bajuteng botlhe ba ba mo Iseraele.”
10 ᎾᏍᎩᏃ Ꮎ ᏅᏓᎨᏥᏅᏏᏛ, ᏫᎤᏂᎷᏨ ᏗᏓᏁᎸ, ᎠᏥᏅᏏᏓᏍᏗ ᎤᏢᏨᎯ ᎤᏂᏩᏛᎮ ᎤᏗᏩᏒᎯ ᎢᎨᏎᎢ.
Mme ya re ditsala tsa moeteledipele wa masole di boela kwa tlung ya gagwe, tsa fitlhela motlhanka a fodile gotlhelele!
11 ᎯᎠᏃ ᏄᎵᏍᏔᏁ ᎤᎩᏨᏛ, ᎾᏍᎩ ᏗᎦᏚᎲ ᎾᏱᏂ ᏧᏙᎢᏛ ᏭᏴᎴᎢ; ᏰᎵᏃ ᎠᏂᎪᏗᏳ ᎬᏩᏍᏓᏩᏗᏙᎯ ᎬᏩᏍᏓᏩᏛᏎᎢ, ᎠᎴ ᎤᏂᏣᏘ ᏴᏫ.
Morago ga lobakanyana Jesu a tsamaya le barutwa ba gagwe ba ya kwa motsaneng wa Naine le batho ba bantsi ba mo kgobokanetse jaaka gale.
12 ᎿᎭᏉᏃ ᎦᎶᎯᏍᏗᏱ ᎪᏢᏒ ᎦᏚᎲ ᎾᎥ ᎤᎷᏨ, ᎬᏂᏳᏉ ᎠᏍᎦᏯ ᎤᏲᎱᏒᎯ ᎠᏂᏄᎪᏫᏍᎨ ᎠᏂᏂᏎᎢ, ᎤᏩᏒᎯᏳ ᎤᏪᏥ ᎨᏎ ᎤᏥ, ᎠᎴ ᎾᏍᎩ ᎤᏬᏑᎶᏨᎯ ᎨᏎᎢ; ᎤᏂᏣᏖᏃ ᏴᏫ ᎦᏚᎲ ᎠᏁᎯ ᎬᏩᏍᏓᏩᏗᏎᎢ.
Popelelo ya phitlho ya tswela kwa ntle fa Jesu a atamela kgoro ya motsana. Mosimane yo o neng a sule e ne e le ene fela ngwana wa mosimane wa mosadi wa motlholagadi, mme bahutsahadi ba le bantsi ba tswa nae mo motsaneng oo.
13 ᎤᎬᏫᏳᎯᏃ ᎤᎪᎲ ᎤᏪᏙᎵᏤᎢ, ᎠᎴ ᎯᎠ ᏄᏪᏎᎴᎢ; ᏞᏍᏗ ᏗᏣᏠᏱᎸᎩ.
E rile fa Morena a mmona, pelo ya gagwe ya tlala kutlwelobotlhoko. Mme a mo raya a re, “Se lele!”
14 ᎤᎷᏨᏃ ᎤᏏᏔᏕ ᎠᏥᏢᏛᎢ, ᎬᏩᏁᎩᏃ ᎤᎾᎴᎾᏫᏍᏔᏁᎢ. ᎯᎠᏃ ᏄᏪᏎᎢ; ᎯᏫᏅ, ᎭᏗᏛ, ᎬᏲᏎᎭ.
Hong a tsamaela kwa kesing ya moswi! Mme a e ama, mme batshodi ba yone ba ema. A mo raya a re, “Morwaaka, tsoga mo losong!”
15 ᎤᏲᎱᏒᎯᏃ ᎤᏗᏛᎮ ᎤᏪᏁᎢ, ᎠᎴ ᎤᎴᏅᎮ ᎤᏬᏂᏎᎢ; ᎤᏥᏃ ᎤᏪᎧᏁᎴᎢ.
Hong mosimane a nna sentle mme a simolola go bua le ba ba neng ba mo dikaganyeditse! Mme Jesu a mmusetsa kwa go mmaagwe.
16 ᏂᎦᏛᏃ ᎤᏂᎾᏰᏎᎢ; ᎠᎴ ᎤᏂᎸᏉᏔᏁ ᎤᏁᎳᏅᎯ, ᎯᎠ ᎾᏂᏪᏍᎨᎢ; ᎠᏥᎸᏉᏗ ᎠᏙᎴᎰᏍᎩ ᎦᎾᏄᎪᎩ ᎢᏕᎲᎢ; ᎠᎴ ᎯᎠ; ᎤᏁᎳᏅᎯ ᏓᏩᏛᎯᎦ ᏧᏤᎵ ᏴᏫ.
Letshogo le legolo la tsena batho, mme ba goa ba baka Modimo. Ba re, “Moporofiti yo mogolo o tsogile mo gare ga rona mme re bonye letsogo la Modimo le dira gompieno!”
17 ᎾᏍᎩᏃ ᎯᎠ ᎠᏥᏃᎮᏍᎬ ᏧᏗᏱ ᏂᎬᎾᏛ ᏚᏰᎵᏏᏙᎴᎢ, ᎠᎴ ᎾᎿᎭᎬᏩᏚᏫᏛ ᎨᏒᎢ.
Polelo ya se a se dirileng ka letsatsi leo ya anamela ka bonako go tswa ntlheng e nngwe go ya go e nngwe ya Judea le go kgabaganya melelwane tota.
18 ᏣᏂᏃ ᎬᏩᏍᏓᏩᏗᏙᎯ ᎾᏍᎩ ᎯᎠ ᏂᎦᏛ ᎬᏩᏃᏁᎴᎢ.
Mme barutwa ba ga Johane wa Mokolobetsi ba tloga ba utlwa gotlhe mo Jesu o neng a go dira. Ya re ba bolelela Johane kaga gone,
19 ᏣᏂᏃ ᎠᏂᏔᎵ ᎬᏩᏍᏓᏩᏗᏙᎯ ᏫᏚᏯᏅᎮ ᏥᏌ ᏤᏙᎲ ᏚᏅᏎ ᎯᎠ ᏫᏄᏪᏎᎢ; ᏂᎯᏍᎪ ᎤᎷᎯᏍᏗ ᏥᎩ? ᏥᎪᎨ ᏅᏩᏓᎴ ᎣᏥᎦᏕᏃᎮᏍᏗ?
a romela bangwe ba barutwa ba gagwe ba le babedi kwa go Jesu go ya go mmotsa ba re, “A o Mesia tota? Kgotsa re nne re mo lebeletse?”
20 ᎠᏂᏍᎦᏯᏃ ᎬᏩᎷᏤᎸ, ᎯᎠ ᏄᏂᏪᏎᎢ; ᏣᏂ ᏗᏓᏬᏍᎩ ᏦᎩᏂᏅᏒ ᎢᏍᏛᎷᏤᏗᏱ, ᎯᎠ ᏅᏗᎦᏪᎭ; ᏂᎯᏍᎪ ᎤᎷᎯᏍᏗ ᏥᎨᏒᎩ? ᏥᎪᎨ ᏅᏩᏓᎴ ᎣᏥᎦᏖᏃᎮᏍᏗ?
Barutwa ba babedi ba fitlhela Jesu a sa ntse a alafa balwetse ba malwetse a a farologanyeng, a fodisa digole le difofu ebile a kgoromeletsa ntle mewa e e maswe. Erile ba mmotsa potso ya ga Johane, a fetola a re, “Boelang kwa go Johane mme lo mmolelele gotlhe mo lo go boneng le mo lo go utlwileng gompieno: gore ba ba neng ba foufetse ba a bona! Batlhotsi ga ba tlhole ba tlhotsa! Balepero ba setse ba fodisitswe! Bosusu ba a utlwa! Baswi ba a rula! Mme bahumanegi ba utlwa Mafoko a a Molemo.
21 ᎾᎯᏳᏉᏃ ᏚᏅᏩᏁ ᎤᏂᏣᏘ ᏚᏂᏢᎬ ᎠᎴ ᎥᏳᎩ ᏚᏂᏱᎵᏙᎲ, ᎠᎴ ᎤᏂᏲᏗᏓᏅᏙ ᎬᏩᏂᏱᎵᏙᎲᎢ; ᎠᎴ ᎤᏂᏣᏘ ᏗᏂᎨᏫ ᎬᏩᏂᎪᏩᏛᏗ ᏄᏩᏁᎴᎢ.
22 ᎿᎭᏉᏃ ᏥᏌ ᎤᏁᏨ ᎯᎠ ᏂᏚᏪᏎᎴᎢ; ᏥᏍᏕᎾ ᎠᎴ ᏣᏂ ᏪᏍᏗᏃᎲᏏ ᏄᏍᏛ ᎢᏍᏗᎪᎲ ᎠᎴ ᏄᏍᏛ ᎢᏍᏓᏛᎦᏅᎢ; ᎾᏍᎩ ᏗᏂᎨᏫ ᎠᏂᎪᏩᏘᏍᎬᎢ, ᏗᏂᏲᎤᎵ ᎠᏁᏙᎲᎢ, ᎠᏓᏰᏍᎩ ᏧᏂᏢᎩ ᎨᏥᏅᎦᎵᏍᎬᎢ, ᏧᏂᎵᎡᏅ ᎠᎾᏛᎩᏍᎬᎢ, ᏧᏂᏲᎱᏒᎯ ᏕᎨᎦᎴᏗᏍᎬᎢ, ᎤᏲᏃ ᎢᏳᎾᏛᎿᎭᏕᎩ ᎣᏍᏛ ᎧᏃᎮᏛ ᎨᎦᎵᏥᏙᏁᎲᎢ.
23 ᎠᎴ ᎣᏏᏳ ᎢᏳᎵᏍᏓᏁᏗ ᎩᎶ ᎠᏴ ᏂᏗᏥᏲᏕᏍᏗᏍᎬᎾ ᎢᎨᏎᏍᏗ.
Mme lo mmolelele gore, ‘Go sego yo o sa latlhegelwang ke tumelo mo go nna.’”
24 ᎿᎭᏉᏃ ᏣᏂ ᏂᏙᏓᏳᏅᏏᏛ ᎢᎤᏁᏅ, ᎤᎴᏅᎮ ᏣᏂ ᏚᏁᎢᏍᏓᏁᎴ ᏴᏫ; ᎦᏙ ᎢᏣᎦᏔᏅᏎ ᎢᎾᎨᎢ? ᏩᏐᎾᏍᎪ ᎤᏃᎴ ᎤᏖᎸᎮᏍᎬᎢ?
Erile ba sena go tsamaya Jesu a bua le batho kaga Johane. A re, “Motho yo ke mang yo lo neng lo ile go mmona mo sekakeng sa Judea? A lo ne lwa mmona a le motlhofo jaaka bojang jo bo sutisiwang ke mosumo mongwe le mongwe wa phefo!
25 ᎦᏙᎨ ᎢᏣᎦᏔᏅᏎᎢ? ᎠᏍᎦᏯᏍᎪ ᏗᏬᏍᎩᎵ ᏧᏄᏩᎢ? ᎬᏂᏳᏉ ᏧᏬᏚᎯ ᏧᎾᏄᏩᎢ ᎠᎴ ᎣᏍᏛ ᏗᎾᎵᏍᏓᏴᎲᏍᎩ ᎤᏂᎬᏫᏳᎯ ᏓᏂᏁᎸ ᎠᏁᎰᎢ.
A lo kile lwa mmona a apere diaparo tse di tlhwatlhwa kgolo? Nnyaa! Batho ba ba nnang mo monateng ba bonwa mo matlung a segosi, e seng kwa ntle mo sekakeng.
26 ᎦᏙᎨ ᎢᏣᎦᏔᏅᏎᎢ? ᎠᏙᎴᎰᏍᎩᏍᎪ? ᎥᎥ, ᎢᏨᏲᏎᎭ, ᎠᎴ ᎤᏟ ᎠᏥᎸᏉᏗᏳ ᎡᏍᎦᏉ ᎠᏙᎴᎰᏍᎩ.
Mme a lo kile lwa bona moporofiti? Ee! Le go feta moporofiti?
27 ᎾᏍᎩᏍᎩᏂ ᎯᎠ ᎠᏥᏃᎮᏍᎬ ᎯᎠ ᏥᏂᎬᏅ ᏥᎪᏪᎳ; ᎬᏂᏳᏉ ᏥᏅᎵ ᏥᏅᏏᏓᏍᏗ ᏣᎧᏛ ᎢᎬᏱᏗᏢ, ᎾᏍᎩ ᏓᏣᏛᏅᎢᏍᏓᏁᎵ ᏣᎶᎯᏍᏗᏱ ᎢᎬᏱᏗᏢ.
Ke ene yo dikwalo di neng di mo raya fa di re, ‘Bona! Ke romela morongwa wa me kwa pele ga gago, go go baakanyetsa ditsela!’
28 ᎯᎠᏰᏃ ᏂᏨᏪᏎᎭ; ᎠᏂᎨᏴ ᎬᏩᏂᎾᏄᎪᏫᏒᎯ ᏥᎩ ᎥᏝ ᏳᏜᏓᏍᏗ ᎩᎶ ᎠᏙᎴᎰᏍᎩ ᎤᏟ ᎢᏯᏥᎷᏉᏗ ᎡᏍᎦᏉ ᏣᏂ ᏗᏓᏬᏍᎩ; ᎠᏎᏃ ᎤᏍᏗᎧᏂ ᎤᏁᎳᏅᎯ ᎤᏤᎵᎪᎯ ᎨᎳ ᎤᏟ ᎠᏥᎸᏉᏗᏳ ᎡᏍᎦᏉ ᏣᏂ.
Mo bathong botlhe ga go na ope yo mogolo go feta Johane. Mme le fa go ntse jalo yo mmotlana mo Bogosing jwa Modimo o mogolo go mo feta.”
29 ᏂᎦᏛᏃ ᏴᏫ ᎤᎾᏛᎦᏅᎯ, ᎠᎴ ᎠᏕᎸ ᎠᏂᎩᏏᏙᎯ, ᎤᏂᎸᏉᏔᏁ ᎤᏁᎳᏅᎯ, ᏗᎨᎦᎧᏍᏔᏅᎯᏰᏃ ᎨᏎ ᏣᏂ ᏧᏓᏬᏍᏙᏗ ᎨᏒᎢ.
Mme botlhe ba ba utlwileng Johane a rera, le e leng bone ba ba neng ba le bosula thata, ba dumela gore se se batlwang ke Modimo se siame, mme ba kolobediwa ke ene.
30 ᎠᏂᏆᎵᏏᏍᎩᏂ ᎠᎴ ᏗᎧᎿᎭᏩᏛᏍᏗ ᏗᏃᏏᏏᏍᎩ ᎤᏁᎳᏅᎯ ᏚᏓᏅᏖᎮᎸᎢ ᎤᏂᏲᎢᏎᎴ ᎤᏅᏒ ᎤᎾᏓᏡᏔᏁᎢ, ᏂᏗᎨᎦᏬᎥᎾ ᎨᏒᎢ.
Botlhe ba kolobediwa kwa ntle ga Bafarasai le baruti ba molao wa ga Moshe. Ba ne ba gana leano la Modimo mo go bone mme ba gana kolobetso ya ga Johane.
31 ᎤᎬᏫᏳᎯᏃ ᎯᎠ ᏄᏪᏎᎢ; ᎦᏙᎨᏙᏓᎦᏥᏯᏟᎶᏍᏔᏂ ᏴᏫ ᎪᎯ ᏣᏁᎭ? ᎠᎴ ᎦᏙ ᏓᎾᏤᎸ?
Mme Jesu a ba botsa a re, “Ke ka reng ka batho ba ba ntseng jalo? Ke ka ba tshwantsha le eng?
32 ᏗᏂᏲᎵᏉ ᎾᏍᎩᏯ ᎦᏃᏙᏗᏱ ᏣᏂᏃᎢ, ᎠᎴ ᏥᏫᏓᎾᏓᏯᏂᏍᎪᎢ, ᎯᎠ ᏥᏫᎾᏂᏪᏍᎪᎢ; ᎠᏤᎷᎩ ᎣᎬᏔᏅ ᏕᏨᏃᎩᎡᎸ, ᎠᏎᏃ ᎥᏝ ᏱᏣᎵᏍᎩᏎᎢ; ᏙᏥᏴᎬ ᎢᏣᏛᎪᏗ, ᎠᏎᏃ ᎥᏝ ᏱᏗᏣᏠᏱᎴᎢ.
Ba tshwana le setlhopha sa bana ba ba ngongoregang mo ditsaleng tsa bone, ba re, ‘Ga lo rate fa re tshameka “Lonyalo” e bile ga lo rate fa re tshameka phitlho!’
33 ᏣᏂᏰᏃ ᏗᏓᏬᏍᎩ ᎤᎷᏨᎩ ᎥᏝ ᎦᏚ ᏯᎩᏍᎨᎢ, ᎥᏝ ᎠᎴ ᎩᎦᎨ-ᎠᏗᏔᏍᏗ ᏯᏗᏔᏍᎨᎢ; ᎯᎠᏃ ᏂᏥᏪᏎ; ᎠᏍᎩᎾ ᎤᏯᎠ.
Gonne Johane wa Mokolobetsi o ne a tlwaetse go tsamaya a sa tsaya dijo e bile a se ke a tsaya seno mo botshelong jwa gagwe jotlhe, mme lwa re, ‘O tshwanetse a ba a tsenwa!’
34 ᏴᏫ ᎤᏪᏥ ᎤᎷᏨ ᎠᎵᏍᏓᏴᎲᏍᎦ ᎠᎴ ᎠᏗᏔᏍᎦ; ᎯᎠᏃ ᏂᏥᏪᎭ; ᎬᏂᏳᏉ ᎠᏍᎦᏯ ᎤᎬᎥᏍᎩ ᎠᎵᏍᏓᏴᏗ ᎠᎴ ᎩᎦᎨ-ᎠᏗᏔᏍᏗ ᎠᏗᏔᏍᎩ, ᎠᏕᎸ ᎠᏂᎩᏏᏙᎯ ᎠᎴ ᎠᏂᏍᎦᎾ ᎤᎾᎵᎢ.
Mme ke ja dijo tsa me e bile ke nwa mofine wa me mme lwa re, ‘Kana Jesu o rata dijo jang! E bile o a nwa! E bile o na le ditsala tsa mofuta o o kwa tlase!’
35 ᎠᏎᏃ ᎠᎦᏔᎾᎢ ᏧᏪᏥ ᏂᎦᏛ ᎣᏏᏳ ᎢᎬᏩᏰᎸᎭ
Mme nna ke tlhomamisa gore lo ka kgona go itshegetsa mo tshiamololong ya lona.”
36 ᎩᎶᏃ ᎢᏳᏍᏗ ᎠᏆᎵᏏ ᎤᏔᏲᏎᎴ ᎤᎵᏍᏓᏴᎾᏁᏗᏱ ᏭᏴᎴᏃ ᎠᏆᎵᏏ ᎦᏁᎸᎢ, ᎠᎴ ᎤᎵᎩᏳᏍᏓᏅᏁ ᎠᎵᏍᏓᏴᏗᏱ.
Hong mongwe wa Bafarasai a kopa Jesu gotla kwa lwapeng lwa gagwe go ya go ja, mme Jesu a amogela taletso eo. Ya re ba nna fa fatshe ba a ja,
37 ᎬᏂᏳᏉᏃ ᎠᎨᏴ ᎾᎿᎭᎦᏚᎲ ᎡᎯ, ᎠᏍᎦᎾᎢ, ᎤᏙᎴᎰᏒ ᏥᏌ ᎠᏆᎵᏏ ᎦᏁᎸ ᎦᏅᎬ ᎠᎵᏍᏓᏴᎲᏍᎬᎢ, ᎤᏲᎴ ᎫᎫ ᏅᏯ ᎤᏁᎬ ᎪᏢᏔᏅᎯ ᎠᏟᏍᏕ ᎠᏠᏁᏗ,
mosadi wa mebila, wa seaka, a utlwalela fa Jesu a le foo mme a lere lebotlolo le tletse setlolo se se tlhwatlhwa kgolo.
38 ᎠᎴ ᎤᎴᏁ ᏚᏜᏓᏌᏛ ᎣᏂᏗᏢ ᏓᏠᏱᎮᎢ, ᎠᎴ ᎤᎴᏅᎮ ᏧᎳᏏᏕᏂ ᏚᏬᏑᎴᏔᏁ ᏧᎦᏌᏬᎸᎯ, ᎠᎴ ᏚᎧᏲᏙᏔᏁ ᎤᏍᏗᏰᎬᎢ, ᎠᎴ ᏚᏚᏣᎳᏁ ᏧᎳᏏᏕᏂ, ᎠᎴ ᏚᎶᏁᏔᏁ ᎠᏠᏁᏗ.
Ya re a tsena mo teng a obama fa dinaung tsa gagwe ka mangole, a lela go fitlhela dinao tsa ga Jesu di kolobediwa ke dikeledi tsa gagwe; mme a di phimola ka moriri wa gagwe a di atla a ba a tshela setlolo mo go tsone.
39 ᎠᏆᎵᏏᏃ ᎾᏍᎩ ᏭᏯᏅᏛ ᎤᎪᎲ, ᎤᏁᏤ ᏧᏓᏅᏛ ᎯᎠ ᏂᎦᏪᏍᎨᎢ; ᎯᎠ ᎠᏍᎦᏯ ᎢᏳᏃ ᎠᏙᎴᎰᏍᎩ ᏱᎨᏎ ᏳᏙᎴᎰᏎ ᎾᏍᎩ ᎨᏒ ᎠᎴ ᎢᏳᏍᏗᏉ ᎨᏒ ᎯᎠ ᎠᎨᏴ ᏧᏃᏟᏍᏗᎭ, ᎠᏍᎦᎾᏰᏃ.
E rile Mofarasai mongwe yo Jesu o neng a mmiditse, a bona se se diregang le gore mosadi e ne e le mang, a ithaya a re, “Se supa gore Jesu ga se moporofiti, gonne fa tota a ne a romilwe ke Modimo, o ka bo a itsile gore mosadi yo ke wa mofuta ofe!”
40 ᏥᏌᏃ ᎤᏁᏨ ᎯᎠ ᏄᏪᏎᎴᎢ; ᏌᏩᏂ, ᎠᎩᎭ ᎪᎱᏍᏗ ᎬᏲᏎᏗ. ᎯᎠᏃ ᏄᏪᏎᎢ; ᏔᏕᏲᎲᏍᎩ, ᏂᏫᎪᎦ.
Hong Jesu a buela kwa godimo a araba dikakanyo tsa ga Simone wa Mofarasai a re, “Ke na le sengwe se ke batlang go se bua le wena.” Simone a fetola are, “Gosiame moruti, tswelela.”
41 ᎩᎶ ᎢᏳᏍᏗ ᎡᎮ ᏧᏓᏚᎩ, ᎾᏍᎩ ᎠᏂᏔᎵ ᏧᏚᎩ ᎠᏁᎮᎢ; ᏏᏴᏫ ᎯᏍᎩᏧᏈ ᎠᏂᎩᏏ ᏧᎾᎬᏩᎶᏗ ᎠᏥᏚᎨᎢ, ᏐᎢᏃ ᎯᏍᎦᏍᎪᎯ.
Hong Jesu a mmolelela polelo e: “Monna o kile a adima batho ba babedi madi, a adima yo mongwe dikete di le tlhano tsa dipula mme a adima yo mongwe makgolo a matlhano a dipula.
42 ᎪᎱᏍᏗᏃ ᏄᏂᎲᎾ ᎨᏒ ᎤᎾᎫᏴᏙᏗ, ᏚᏲᏎᏉ ᎢᏧᎳ. ᎾᏍᎩᏃ ᏍᎩᏃᎲᏏ, ᎦᎪ ᎾᏍᎩ ᎤᏟ ᏄᏓᎨᏳᏎᏍᏗ?
Mme ga go ise go ke go nne le ope wa bone yo o neng a mo duela, jalo ka bopelo-tlhomogi a ba itshwarela botlhe, a ba lesa gore ba seka ba duela. Ke ofe yo o gopolang gore o ne a mo rata thata morago ga moo?”
43 ᏌᏩᏂ ᏧᏁᏨ ᎯᎠ ᏄᏪᏎᎢ; ᎠᏎᎨᎵ ᎾᏍᎩ Ꮎ ᎤᏟ ᎢᎦᎢ ᏗᎬᏩᏲᎯᏎᎸᎯ. ᎯᎠᏃ ᏄᏪᏎᎴᎢ; ᏚᏳᎪᏛ ᏕᎱᎪᏓ.
Simone a araba a re, “Ke gopola gore ke yo o neng a mo kolota thata.” Jesu a dumela a re go ntse jalo.
44 ᎠᎨᏴᏃ ᎦᏙᎬ ᎢᏗᏢ ᏭᎦᏔᎲᏍᏔᏅ ᎯᎠ ᎾᏥᏪᏎᎴ ᏌᏩᏂ; ᎯᎪᏩᏘᏍᎪ ᎯᎠ ᎠᎨᏴ? ᎯᏁᎸ ᎠᎩᏴᎸᎩ, ᎠᎹ ᎥᏝ ᏱᏍᎩᏁᏁᎴ ᏗᏉᏑᎴᏗ ᏗᏆᎳᏏᏕᏂ; ᎾᏍᎩᏍᎩᏂ Ꮎ ᏓᏉᏑᎵᏏ ᏗᏆᎳᏏᏕᏂ ᏧᎦᏌᏬᎸᎯ ᎬᏓ, ᎠᎴ ᏓᎩᎧᏲᏙᏓᏏ ᎤᏍᏘᏰᎬᎢ.
Hong a retologela kwa mosading a raya Simone a re, “A o bona mosadi yo o khubameng fa yo! Erile ke tsena mo lwapeng lwa gago ga o a ka wa tshwenyega ka go nnaya metse go tlhapa lorole mo dinaong tsa me, mme ene o di tlhapisitse ka dikeledi tsa gagwe a ba a di phimola ka moriri wa gagwe!
45 ᎥᏝ ᏱᏍᏆᏔᏪᏙᏁᎢ; ᎯᎠᏍᎩᏂ ᎠᎨᏴ, ᎠᎩᏴᎵᎸ ᏅᏓᎬᏩᏓᎴᏅᏛ, ᎥᏝ ᏳᏑᎵᎪᏨ ᏓᏆᏚᏣᎳᏁᎲ ᏗᏆᎳᏏᏕᏂ.
Lo nkganeletse katlo ya tlwaelesego ya tumediso, mme ene o atlile dinao tsa me gangwe le gape go simologa ka nako e ke neng ke goroga ka yone.
46 ᏥᏍᎪᎵ ᎥᏝ ᏱᏍᎩᎶᏁᏔᏁ ᎪᎢ; ᎯᎠᏍᎩᏂ ᎠᎨᏴ ᎠᏠᏁᏗ ᏚᎶᏁᏔᏅ ᏗᏆᎳᏏᏕᏂ.
Lo ne lwa tlhokomologa bopelonomi jwa gale jwa lookwane lwa motlhware go tlotsa tlhogo ya me, mme ene o bipile dinao tsa me ka setlolo se se sa tlwaelesegang.
47 ᎾᏍᎩ ᎢᏳᏍᏗ ᎯᎠ ᏂᎬᏪᏎᎭ; ᎤᏍᎦᏅᏨ, ᎾᏍᎩ ᏧᏈᏯ ᏥᎩ, ᎠᏥᏙᎵᎩ, ᎤᏣᏘᏰᏃ ᎤᏓᎨᏳᏎᎢ; ᎩᎶᏍᎩᏂ ᎤᏍᏗ ᎠᏥᏙᎵᏨᎯ, ᎾᏍᎩ ᎤᏍᏗ ᎤᏓᎨᏳᏐᎢ.
Ka moo dibe tsa gagwe tse dintsi di itshwaretswe, gonne o nthatile thata; mme yo o itshwaretsweng go le gonnye go supa lorato lo lo nnye.”
48 ᎯᎠᏃ ᏄᏪᏎᎴ ᎠᎨᏴ; ᏣᏍᎦᏅᏨ ᎡᏣᏙᎵᎩ.
Mme a mo raya a re, “Dibe tsa gago di itshwaretswe.”
49 ᎾᏍᎩᏃ Ꮎ ᎢᏧᎳᎭ ᎠᏂᏂᏜᏓᎢ ᎠᎾᎵᏍᏓᏴᎲᏍᎬ ᎤᎾᎴᏅᎮ ᏙᏧᎾᏓᏅᏛ ᎯᎠ ᏄᏂᏪᏎᎢ; ᎦᎪ ᎾᏍᎩ ᎯᎠ, ᎠᏍᎦᏅᏨ ᎾᏍᏉ ᏥᏕᎦᏙᎵᎦ?
Mme banna ba ba neng ba ntse fa lomating lwa bojelo ba raana ba re, “Monna yo o akanya gore ke mang, yo o tsamayang a itshwarela dibe?”
50 ᎯᎠᏃ ᏄᏪᏎᎴ ᎠᎨᏴ, ᏦᎯᏳᏒ ᏣᏍᏕᎸ; ᏅᏩᏙᎯᏯᏛ ᏥᎮᎾ.
Mme Jesu a raya mosadi a re, “Tumelo ya gago e go bolokile; tsamaya ka kagiso.”

< ᎣᏍᏛ ᎧᏃᎮᏛ ᎷᎦ ᎤᏬᏪᎳᏅᎯ 7 >