< ՀՌՈՎՄԱՅԵՑԻՍ 9 >

1 Ճշմարտութիւնը կ՚ըսեմ Քրիստոսով ու չեմ ստեր, (իմ խղճմտանքս ալ կը վկայէ ինծի Սուրբ Հոգիով, )
Ao Iseraele, batho ba me! Ao, bakaulengwe ba me ba Sejuta! Ke eletsa thata jang gore lo tle mo go Keresete. Pelo ya me e tshwenyegile ebile ke hutsahala mo go botlhoko thata bosigo le motshegare ka ntlha ya lona. Keresete o a itse le Mowa O O Boitshepo o itse gore ga ke ake fa ke re ke eletsa go atlholelwa loso lwa bosakhutleng fa e le gore go ka lo boloka.
2 թէ մեծ տրտմութիւն ունիմ, եւ սիրտիս մէջ՝ յարատեւ ցաւ:
3 Քանի որ կ՚ըղձայի ես ինքս նզովուած ըլլալ Քրիստոսէ, իմ եղբայրներուս՝ մարմինի կողմէն ազգականներուս համար,
4 որոնք Իսրայելացի են: Անո՛նցն են որդեգրութիւնը, փառքը, ուխտերը, օրէնսդրութիւնը, պաշտամունքն ու խոստումները:
Modimo o lo neetse mo go golo, mme lo santse lo sa o dumele. O lo tsere jaaka batho ba one ba ba itshenketsweng, jalo wa lo etelela pele ka leru le le phatshimang la kgalalelo wa bo wa lo bolelela ka fa o batlang go lo segofatsa ka teng. O lo neetse melao ya one ya botshelo jwa malatsi otlhe gore lo itse se o batlang lo se dira. O lo neile tshwanelo ya go mo obamela, wa ba wa lo naya ditsholofetso tse dikgolo.
5 Իրե՛նցն են նախահայրերը. իրենցմէ՛ ալ մարմինի կողմէն եկաւ Քրիստոս, որ բոլորին վրայ է, յաւիտեան օրհնեա՜լ Աստուած: Ամէն: (aiōn g165)
Borraeno e ne e le badiredi ba bagolo ba Modimo, le Keresete e ne e le mongwe wa lona, e le Mojuta ka fa tlholegong ya gagwe, ene yo jaanong a busang dilo tsotlhe. A go bakwe Modimo ka bosakhutleng! (aiōn g165)
6 Բայց Աստուծոյ խօսքը ապարդիւն նկատուելու չէ. քանի որ բոլոր Իսրայէլէ եղողները Իսրայելացի չեն,
Jalo he, a Modimo ga o a kgona go diragatsa ditsholofetso tsa one mo Bajuteng? Nnyaa! (Gonne ditsholofetso tse ke tsa ba e leng Bajuta tota). Mme ga se gore mongwe le mongwe yo o tsaletsweng mo go ba ntlo ya Sejuta ke Mojuta wa boammaaruri!
7 ո՛չ ալ բոլորը զաւակներ են՝ քանի որ Աբրահամի զարմն են. հապա ըսուեցաւ. «Իսահակի՛ անունով պիտի կոչուի քու զարմդ»:
Lebaka la gore ba tswa mo go Aberahame ga le ba dire bana ba ga Aberahame tota. Gonne Dikwalo tsa re ditsholofetso tse ke tsa ga morwa Aberahame ebong Isake le losika lwa gagawe, le fa Aberahame a ne a na le bana ba bangwe gape!
8 Այսինքն անոնք որ մարմինի զաւակներն են՝ Աստուծոյ զաւակները չեն. հապա խոստումի՛ն զաւակները զարմ կը սեպուին:
Mo ga go reye gore bana botlhe ba ga Aberahame ke ba Modimo, fa e se fela ba ba dumelang tsholofetso ya poloko e o e solofeditseng Aberahame.
9 Որովհետեւ խոստումին խօսքը սա՛ էր. «Այս ատեն պիտի գամ, ու Սառա որդի մը պիտի ունենայ»:
Gonne Modimo o ne o solofeditse wa re, “Mo ngwageng e e tlang wena le Sara ke tlaa lo naya ngwana wa mosimane.”
10 Եւ ո՛չ միայն այդ, այլ նաեւ երբ Ռեբեկա յղացաւ մէկէն՝ մեր Իսահակ հօրմէն,
Mme morago ga dingwaga, fa morwawe, Isake, a setse a godile ebile a nyetse, le Rebeka mosadi wa gagwe a tlaa tloga a mo tsholela mawelana, Modimo o ne wa raya Rebeka wa re, Esawe ngwana yo o tlaa tsalwang pele, o tlaa nna motlhanka wa ga Jakoba, lewelana la gagwe.
11 (քանի որ զաւակները դեռ չծնած, ո՛չ ալ որեւէ բարիք կամ չարիք գործած, որպէսզի Աստուծոյ առաջադրութիւնը հաստատ մնայ՝ ընտրութեան համաձայն,
Jaaka mafoko a lokwalo a re, “Ke tlhophile go segofatsa Jakoba, mme e seng Esawe.”
12 այսինքն ո՛չ թէ գործերէն ըլլայ, հապա անկէ՛ որ կանչեց, ) անոր ըսուեցաւ.
Mme Modimo o ne wa bua jaana pele ga bana ba tsholwa, pele ga ba dira se se molemo kgotsa se se bosula.
13 «Երէցը պիտի ծառայէ կրտսերին», ինչպէս գրուած է. «Յակո՛բը սիրեցի, իսկ Եսաւը ատեցի»:
Se se supa gore Modimo o ne wa dira se o neng o se ikaeletse go tsweng kwa tshimologong; e ne e se ka ntlha ya se bana ba se dirileng mme e ne e le ka ntlha ya se Modimo o se batlileng wa se itlhophela.
14 Ուրեմն ի՞նչ ըսենք. միթէ Աստուծոյ քով անիրաւութի՞ւն կայ: Ամե՛նեւին:
A Modimo o ne o sa kgetholole? Nnyaa ga go a nna jalo.
15 Որովհետեւ ան Մովսէսի կ՚ըսէ. «Անո՛ր որ պիտի ողորմիմ՝ կ՚ողորմիմ, եւ անո՛ր վրայ որ պիտի գթամ՝ կը գթամ»:
Gonne Modimo o ne o reile Moshe wa re, “Fa ke batla go nna pelonomi mo go mongwe, ke tlaa dira jalo. Gape ke tlaa utlwela botlhoko le fa e le mang yo ke batlang go mo utlwela botlhoko.”
16 Ուրեմն ո՛չ մարդուն ուզելէն, ո՛չ ալ վազելէն՝՝ կախեալ է, հապա Աստուծմէ՝ որ կ՚ողորմի:
Jalo he, masego a Modimo ga a bonwe ka ntlha ya gore motho mongwe o ikaelela go nna nao kgotsa ka ntlha ya gore o dira thata gore a nne nao. A bonwa ke ba Modimo o ba tlhomogelang pelo.
17 Քանի որ Գիրքը կ՚ըսէ Փարաւոնի. «Բարձրացուցի քեզ, որպէսզի իմ զօրութիւնս ցոյց տամ քու միջոցովդ, եւ իմ անունս հռչակուի ամբողջ երկրին մէջ»:
Farwe, Kgosi ya Egepeto, e ne e le sekai sa boammaaruri jo. Gonne Modimo o ne wa mmolelela gore o mo neetse bogosi jwa Egepeto ka maikaelelo a go supa nonofo ya one e e boitshegang ka ene: gore lefatshe lotlhe le tle le utlwe kaga leina la Modimo le le galalelang.
18 Ուրեմն կ՚ողորմի որո՛ւն որ ուզէ, եւ կը խստացնէ զա՛յն որ ուզէ:
Jalo a lo a lemoga, Modimo o siametse bangwe, fela ka gore o batla go ba siamela, gape o dira gore ba bangwe ba gane go reetsa.
19 Հետեւաբար դուն պիտի ըսես ինծի թէ “ա՛լ ինչո՞ւ կը մեղադրէ, որովհետեւ ո՞վ կրնայ ընդդիմանալ անոր ծրագիրին”:
Jaanong ke eng fa Modimo o ba bona molato wa go tlhoka go reetsa? A ga baa dira se o dirileng gore ba se dire?
20 Բայց դուն ո՞վ ես, ո՛վ մարդ, որ կը դիմադարձես Աստուծոյ: Միթէ կերտուած ը կրնա՞յ ըսել զինք կերտողին. «Ինչո՞ւ ա՛յսպէս շինեցիր զիս»:
Nnyaa, se rialo. O mang wena yo o tshwa-yang Modimo diphoso? A selo se se dirilweng se ka raya yo o se dirileng sa re, “Ke eng fa o ntirile jaana?”
21 Միթէ բրուտը իրաւասութիւն չունի՞ կաւին վրայ, որ նոյն զանգուածէն շինէ անօթ մը՝ պատիւի համար, իսկ ուրիշ մը՝ անպատուութեան համար:
Fa mmopi wa dinkgwana a bopa nkgwana ka mmopa, a ga a na tshwanelo ya go dirisa lone lekwete leo fela la mmopa go dira nkgwana e nngwe ntle, gore e dirisiwe mo go tlhomeng dithunya, mme e nngwe e dirisiwe go latlhela matlakala mo teng?
22 Ի՞նչ կրնանք ըսել՝ եթէ Աստուած, ուզելով ցոյց տալ իր բարկութիւնը եւ գիտցնել իր զօրութիւնը, շատ համբերատարութեամբ տոկաց կորսուելու պատրաստուած բարկութեան անօթներուն,
A Modimo ga o na tshwanelo e e itekane-tseng go supa bogale jwa one le nonofo mo go ba ba tshwanetseng go senngwa, ba o ntseng o le pelotelele mo go bone mo nakong e yotlhe?
23 որպէսզի գիտցնէ իր փառքին ճոխութիւնը՝ ողորմութիւն գտնող անօթներուն, որ նախապէս պատրաստեց փառքի համար,
Gape o na le tshwanelo ya go tshola bangwe fela jaaka rona, ba re diretsweng go tshola dikhumo tsa one tsa kgalalelo, le fa re ka ne re le Bajuta kgotsa Badichaba, le go re siamela gore mongwe le mongwe a kgone go bona ka fa kgalalelo ya one e leng kgolo thata ka teng.
24 այսինքն՝ մեզի, որ կանչեց ո՛չ միայն Հրեաներէն, այլ նաեւ հեթանոսներէն,
25 ինչպէս Ովսէէի մէջ ալ կ՚ըսէ. «Իմ ժողովուրդս չեղողը՝ “իմ ժողովուրդս” պիտի կոչեմ, ու սիրելի չեղողը՝ “սիրելի”:
Gakologelwang se seporofeto sa ga Hosea se se buang? Teng mo go Hosea Modimo wa re o tlaa itshenkela bana ba bangwe (ba ba sa tsweng mo lwapeng lwa one lwa Sejuta), o ba rate, le fa ope a ise a ke a ba rate.
26 Եւ այն տեղը՝ ուր անոնց ըսուած էր. “Դուք իմ ժողովուրդս չէք”, հոն անոնք պիտի կոչուին “ապրող Աստուծոյ որդիները”:
Mme baheitane, ba ka bone go kileng ga twe, “Ga lo batho ba me, ba tlaa bidiwa bana ba Modimo o o tshelang.”
27 Եսայի ալ Իսրայէլի մասին կ՚աղաղակէ. «Նոյնիսկ եթէ Իսրայէլի որդիներուն թիւը ծովու աւազին չափ ըլլայ, միայն մնացորդ մը պիտի փրկուի:
Isaia moporofiti o ne a goeletsa kaga Bajuta a re, “Le fa ba ka ne ba le didikadike, ke palonyana fela e e seng kae e e bolokwang.
28 Քանի որ ան պիտի կատարէ իր խօսքը, կտրուկ կերպով եւ արդարութեամբ. Տէրը կտրուկ կերպով պիտի իրագործէ իր խօսքը երկրի վրայ»:
Gonne Morena o tlaa diragatsa katlholo ya gagwe mo lefatsheng, ka bofefo a khutlisa ditiro tsa gagwe, a di khutshwafatsa ka bomolemo.”
29 Եւ ինչպէս Եսայի նախապէս ըսաւ. «Եթէ զօրքերու Տէրը զարմ մը թողուցած չըլլար մեզի, մենք պիտի ըլլայինք Սոդոմի պէս, ու պիտի նմանէինք Գոմորի»:
Mme ke jaaka Isaia a rile, “Fela fa e ne e se ka kutlwelobotlhoko ya Modimo Bajuta botlhe ba ne ba tlaa nyelela.”
30 Ուրեմն ի՞նչ ըսենք: Հետեւեա՛լը, թէ հեթանոսները՝ որոնք հետամուտ չէին արդարութեան՝ հասան արդարութեան, ա՛յն արդարութեան՝ որ հաւատքէն է.
Jaanong he, re tlaa reng kaga dilo tse? Re tlaa bua jaana re re, “Modimo o neetse Badichaba sebaka sa go gololwa ka tumelo, le fa tota ba ne ba ntse ba sa batle Modimo ka tlhwaafalo.
31 իսկ Իսրայէլ՝ որ հետամուտ էր արդարութեան Օրէնքին՝ չհասաւ արդարութեան Օրէնքին:
Mme Bajuta, ba ba neng ba leka ka thata yotlhe go siama mo Modimong ka go tshegetsa melao ya one, ga ba a ka ba bona poloko.
32 Ինչո՞ւ. որովհետեւ ուզեց արդարանալ ո՛չ թէ հաւատքով, հապա որպէս թէ Օրէնքին գործերով: Արդարեւ անոնք գայթեցան սայթաքումի քարին վրայ,
Ke ka ntlha yang? Ke ka ntlha ya gore ba ne ba leka go bolokwa ka go tshegetsa molao le go itshiamisa ka bo bone mo boemong jwa go ikaega mo tumelong. Ba kgopilwe ke lentswe le legolo le le kgopang.
33 ինչպէս գրուած է. «Ահա՛ Սիոնի մէջ կը դնեմ սայթաքումի քար մը ու գայթակղութեան ժայռ մը, եւ ո՛վ որ հաւատայ անոր՝ ամօթահար պիտի չըլլայ»:
Modimo o ba tlhagisitse ka se mo Dikwalong fa o re, ‘Ke beile Lefika mo tseleng ya Bajuta, mme ba le bantsi ba tlaa kgotswa mo go lone, ebong Jesu. Ba ba dumelang mo go ene ga ba kitla ba tlhajwa ke ditlhong.’”

< ՀՌՈՎՄԱՅԵՑԻՍ 9 >