< ՀՌՈՎՄԱՅԵՑԻՍ 12 >

1 Ուրեմն կ՚աղաչե՛մ ձեզի, եղբայրնե՛ր, Աստուծոյ կարեկցութեամբ, որ ձեր մարմինները ներկայացնէք որպէս ապրող զոհ մը՝ սուրբ, աստուածահաճոյ. ա՛յդ է ձեր բանական պաշտամունքը:
Ke gone, bagaetsho, ke a lo rapela gore lo neele Modimo mebele ya lona. A mebele ya lona e nne setlhabelo se se tshelang, e le boitshepo, e le mofuta o Modimo o ka o amogelang. Fa lo akanya kaga se o se lo diretseng, a lo fitlhela e le gore se o se lopang se segolo thata.
2 Եւ մի՛ համակերպիք այս աշխարհին, հապա փոխակերպուեցէ՛ք ձեր միտքին նորոգութեամբ, որպէսզի քննէք թէ ի՛նչ է Աստուծոյ կամքը, որ բարի, հաճելի եւ կատարեալ է: (aiōn g165)
Se gapiweng ke mokgwa le ngwao ya lefatshe leno, mme nnang batho ba basha ba ba pharologanyo ba na le maikutlo a masha mo go tsotlhe tse ba di dirang le tse ba di akanyang. Mme lo tlaa itemogela ka fa ditsela tsa Modimo di tlaa lo itumedisang ka teng. (aiōn g165)
3 Քանի որ ինծի տրուած շնորհքով կ՚ըսեմ ձեզմէ ամէն մէկուն, որ իր մասին աւելի բարձր համարում չունենայ՝ քան ինչ որ պէտք է մտածէ, հապա խոհեմութեա՛մբ մտածէ, հաւատքի չափին համեմատ՝ որ Աստուած բաշխած է իւրաքանչիւրին:
Jaaka morongwa wa Modimo ke neela mongwe le mongwe wa lona tlhagiso ya Modimo: Ikanyegeng mo go kaeng seemo sa lona mo Modimong, lo lekanya letlotlo la lona gore Modimo o le lo neetse ka tumelo e e selekanyo se kae.
4 Որովհետեւ ինչպէս մէկ մարմինի մէջ ունինք շատ անդամներ, եւ այդ բոլոր անդամները միեւնոյն պաշտօնը չունին,
Fela jaaka go na le ditokololo di le dintsi mo mebeleng ya rona, mmele wa ga Keresete o ntse fela jalo. Rotlhe re ditokololo tsa one, mme go raya gore rotlhe fa re kopanye re dira mmele o o feletseng, gonne mongwe le mongwe wa rona o na le tiro e e farologanyeng go e dira. Jalo he, re ruanye, mongwe le mongwe o tlhokana le ba bangwe.
5 նոյնպէս մենք՝ շատ ըլլալով՝ մէ՛կ մարմին ենք Քրիստոսով, եւ իւրաքանչիւրս՝ իրարու անդամներ:
6 Ուստի՝ ունենալով շնորհներ, որոնք կը տարբերին այն շնորհքին համեմատ՝ որ մեզի տրուած է, եթէ մարգարէութիւն է՝ մարգարէանա՛նք հաւատքին համեմատութեամբ,
Modimo o neetse mongwe le mongwe wa rona nonofo go dira dilo dingwe sentle. Jalo fa Modimo o go neetse nonofo ya go porofesa dira jalo fa go kgonega ka dinako tsotlhe tse tumelo ya gago e nonofileng go amogela molaetsa o o tswang kwa Modimong.
7 եթէ սպասարկութիւն՝ սպասարկե՛նք. ա՛ն որ կը սորվեցնէ՝ թող յարատեւէ սորվեցնելով,
Fa e le gore neo ya gago ke ya go direla batho sentle, ba direle sentle. Fa o le moruti, dira tiro e ntle ya go ruta.
8 ա՛ն որ կը յորդորէ՝ յորդորելով. ա՛ն որ կը բաշխէ՝ թող յարատեւէ պարզամտութեամբ, ա՛ն որ վերակացու է՝ փութաջանութեամբ, ա՛ն որ կ՚ողորմի՝ ուրախութեամբ:
Fa o le moreri, bona gore dithero tsa gago di nonofile di bile di na le thuso. Fa Modimo o go file madi, nna pelotshweu mo go thuseng ba bangwe ka one. Fa Modimo o go file nonofo ya go laola ebile o go dirile motlhokomedi wa tiro ya ba bangwe, tsaya tiro eo ya boikarabelo ka tlhwaafalo. Ba ba gomotsang ba ba hutsahetseng ba tshwanetse go dira jalo ka lorato lwa Sekeresete.
9 Սէրը թող ըլլայ առանց կեղծիքի. չարէն զզուեցէ՛ք, բարիի՛ն յարեցէք:
Se ipeye fela jaaka o ka re o rata ba bangwe: Ba rate ka boammaaruri. Ila se se sa siamang. Ema le bomolemo.
10 Իրարու հանդէպ գորովալի՛ց եղէք՝ եղբայրական սիրով. պատուելու մէջ՝ զիրա՛ր գերադասեցէք:
Ratang ka lorato lwa sekaulengwe lo bo lo itumelelane mo go tlotlaneng.
11 Փութաջանութեան մէջ ծոյլ մի՛ ըլլաք. եռանդո՛ւն հոգիով Տէրոջ ծառայեցէք:
Se nneng ditshwakga mo tirong ya lona mme direlang Modimo ka tlhwaafalo.
12 Յոյսո՛վ ուրախացէք. տառապանքի մէջ համբերեցէ՛ք. աղօթքի մէջ յարատեւեցէ՛ք:
Itumeleleng gotlhe mo Modimo o go lo baakanyetsang. Nnang pelotelele mo mathateng, lo bo lo nne mo thapelong malatsi otlhe.
13 Սուրբերու կարիքներուն հաղորդակի՛ց եղէք. հիւրասիրութեան հետամո՛ւտ եղէք:
Fa bana ba Modimo ba tlhoka, a e nne wena o ba thusang. O bo o itlwaetse mokgwa wa go nna o laletsa baeng dijo kwa lapeng la gago, kgotsa le fa ba tlhoka boroko o ba bo neye.
14 Ձեզ հալածողները օրհնեցէ՛ք. օրհնեցէ՛ք եւ մի՛ անիծէք:
Fa mongwe a go sotla ka ntlha ya gore o Mokeresete, se mo hutse; mo rapelele gore Modimo o mo segofatse.
15 Ուրախացողներուն հետ ուրախացէ՛ք, ու լացողներուն հետ լացէ՛ք:
Fa ba bangwe ba itumetse, itumele nabo. Fa ba utlwile botlhoko, utlwa botlhoko nabo.
16 Իրարու հանդէպ միեւնո՛յն մտածումը ունեցէք: Բարձր բաներու վրայ մի՛ մտածէք, հապա խոնարհեցէ՛ք դէպի նուաստները. դուք ձեզ իմաստուն մի՛ սեպէք:
Dirisanyang ka boitumelo. Se lekeng go ikgodisa. Se lekeng go ithatisa batho ba maemo a a kwa godimo, mme itumeleleng go nna mo lesomong la batho ba ba kwa tlase. Le gone lo seka lwa ikgopola gore lo botlhale.
17 Չարիքի փոխարէն չարիք մի՛ հատուցանեցէք ոեւէ մէկուն. մտադրեցէ՛ք ընել ինչ որ պարկեշտ է բոլոր մարդոց առջեւ:
Se busoloseng bosula ka bosula. Dirang dilo ka tsela e e leng gore mongwe le mongwe o ka bona gore lo ikanyega mo go tsone.
18 Որչափ կարելի է ձեզի՝ խաղաղութի՛ւն պահեցէք ամէն մարդու հետ:
Se omaneng le ope. Nnang kagiso le mongwe le mongwe, ka fa nonofong ya lona.
19 Սիրելինե՛ր, վրէժխնդիր մի՛ ըլլաք դուք ձեզի համար, հապա տե՛ղ տուէք Աստուծոյ բարկութեան. որովհետեւ գրուած է. «Վրէժխնդրութիւնը ի՛մս է, ե՛ս պիտի հատուցանեմ, - կ՚ըսէ Տէրը»:
Bagaetsho ba ba rategang, se ipusolosetseng. Tlogelang moo mo Modimong, gonne o rile o tlaa duela ba ba tshwanetsweng ke tuelo. (Se itseeleng molao ka mabogo a lona).
20 Ուրեմն «եթէ քու թշնամիդ անօթեցած է՝ սնուցանէ՛ զայն, ու եթէ ծարաւցած է՝ խմցո՛ւր անոր. քանի որ այսպէս ընելով՝ կրակի կայծեր պիտի կուտակես անոր գլուխին վրայ»:
Mo boemong jwa go dira jalo, fa mmaba wa gago a bolailwe ke tlala, mo fe dijo. Fa a tshwerwe ke lenyora mo nose, ka go dira jalo, o tlaa bo o “Tlhatlaganya magala a molelo mo tlhogong ya gagwe.” Ka mafoko a mangwe o tlaa itlhabelwa ke ditlhong ka ntlha ya se a se go diretseng.
21 Չարէն մի՛ յաղթուիր, հապա բարիո՛վ յաղթէ չարին:
Se dumeleng go fenngwa ke bosula mme fenyang bosula ka go dira tshiamo.

< ՀՌՈՎՄԱՅԵՑԻՍ 12 >