< ՅԱՅՏՆՈՒԹԻՒՆ ՅՈՎՀԱՆՆՈՒ 8 >

1 Երբ բացաւ եօթներորդ կնիքը, լռութիւն եղաւ երկինքը՝ կէս ժամու չափ:
Erile fa Kwana e sena go kanolola sekano sa bosupa, ga nna tidimalo mo legodimong lotlhe e ka nna selekanyo sa oura.
2 Ու տեսայ այն եօթը հրեշտակները՝ որ կայնած էին Աստուծոյ առջեւ. եօթը փողեր տրուեցան անոնց:
Mme ka bona baengele ba supa ba ba emang fa pele ga Modimo, mme ba neelwa ditorompeta di supa.
3 Ուրիշ հրեշտակ մը եկաւ եւ կայնեցաւ զոհասեղանին առջեւ. ան ունէր ոսկիէ խնկանոց մը, ու շատ խունկ տրուեցաւ իրեն, որպէսզի ընծայէ բոլոր սուրբերուն աղօթքներուն հետ՝ գահին առջեւ եղող ոսկիէ զոհասեղանին վրայ:
Mme moengele yo mongwe a tshotse leiswana la gauta a tla a ema fa sebesong; mme a neelwa maswalo a mantsi go a tlhakanya le dithapelo tsa batho ba Modimo, gore a a bee mo sebesong sa gauta e le setlhabelo fa pele ga setilo sa Bogosi.
4 Եւ խունկերուն ծուխը՝ սուրբերուն աղօթքներուն հետ՝ հրեշտակին ձեռքէն բարձրացաւ Աստուծոյ առջեւ:
Mme lonko lwa maswalo lo lo tlhakaneng le dithapelo lwa tlhatlogela kwa Modimong lo tswa mo sebesong mo moengele a neng a a tshetse teng.
5 Ապա հրեշտակը առաւ խնկանոցը, լեցուց զայն զոհասեղանին կրակէն, ու նետեց երկրի վրայ. եւ ձայներ, որոտումներ, փայլակներ ու երկրաշարժ եղան:
Mme moengele a tlatsa leiswana ka molelo o o tswang mo sebesong mme a le latlhela mo lefatsheng; mme tumo ya maru ya thulana ya duma, logadima lwa phatsima, mme ga nna le thoromo e e maswe ya lefatshe.
6 Եւ եօթը հրեշտակները, որ ունէին եօթը փողերը, պատրաստուեցան հնչեցնելու զանոնք:
Mme baengele basupa ba ba tshotseng ditorompeta ba ipaakanyetsa go di letsa.
7 Առաջին հրեշտակը հնչեցուց փողը, եւ արիւնով խառնուած կարկուտ ու կրակ եղաւ եւ նետուեցաւ երկրի վրայ. (երկրի մէկ երրորդը այրեցաւ, ) ծառերուն մէկ երրորդը այրեցաւ, ու ամէն կանաչ խոտ այրեցաւ:
Moengele wa ntlha a letsa torompeta ya gagwe, mme sefako le molelo di tlhakane le madi tsa latlhelwa mo lefatsheng. Karolo ya boraro ya lefatshe ya fisiwa gore karolo ya boraro ya ditlhare e bo e lailwe ke molelo, le bojang jotlhe jo bo tala.
8 Երկրորդ հրեշտակը հնչեցուց փողը, եւ հրավառ մեծ լերան պէս բան մը նետուեցաւ ծովը. ծովուն մէկ երրորդը արիւն եղաւ,
Mme moengele wa bobedi a letsa torompeta ya gagwe, mme se se neng se bonala ekete thaba e kgolo e e tukang ya latlhelwa mo lewatleng, ya senya karolo ya boraro ya dikepe; mme karolo ya lewatle ya fetoga bohibidu jaaka madi; le karolo ya boraro ya ditlhapi ya bolawa.
9 ծովուն մէջ ապրող արարածներուն մէկ երրորդը մեռաւ, ու նաւերուն մէկ երրորդը փճացաւ:
10 Երրորդ հրեշտակը հնչեցուց փողը, ու երկինքէն մեծ աստղ մը ինկաւ՝ ջահի պէս վառելով. ան ինկաւ գետերուն մէկ երրորդին եւ ջուրերու աղբիւրներուն վրայ:
Moengele wa boraro a letsa torompeta mme naledi e kgolo e e tukang ya wa kwa legodimong ya wela mo karolong ya boraro ya melapo le metswedi.
11 Այդ աստղին անունը Օշինդր էր, ու ջուրերուն մէկ երրորդը օշինդր եղաւ, եւ շատ մարդիկ մեռան ջուրերէն՝ քանի որ դառնացած էին:
Naledi e e ne e bidiwa “Bogalaka” gonne e ne ya fetola karolo ya boraro ya metse otlhe mo lefatsheng, mme batho ba le bantsi ba a swa.
12 Չորրորդ հրեշտակը հնչեցուց փողը, ու արեւին մէկ երրորդը զարնուեցաւ, նաեւ լուսինին մէկ երրորդը եւ աստղերուն մէկ երրորդը. հետեւաբար անոնց մէկ երրորդը խաւարեցաւ, օրուան մէկ երրորդը չլուսաւորուեցաւ, նմանապէս՝ գիշերուան:
Moengele wa bone a letsa torompeta ya gagwe mme ka bofefo karolo ya boraro ya letsatsi ya senngwa ya ba ya fifadiwa, le karolo ya boraro ya ngwedi le dinaledi, mo phatsimo ya letsatsi e neng ya fifadiwa selekanyo sa karolo ya boraro mme ga nna lefifi le le boitshegang.
13 Տեսայ, ու լսեցի երկինքի մէջտեղէն թռչող հրեշտակ մը՝ որ բարձրաձայն կ՚ըսէր. «Վա՜յ, վա՜յ, վա՜յ երկրի բնակիչներուն՝ այն միւս փողի ձայներուն համար, որ երեք հրեշտակները պիտի հնչեցնեն»:
Ya re ke lebelela, ka bona ntsu a le esi a fofa go kgabaganya magodimo a lelela kwa godimo, a re, “Ija, Ija, Ija, a bo go latlhega batho ba lefatshe ka ntlha ya dilo tse di maswe tse di tlaa tlogang di direga fa baengele ba bararo ba ba setseng ba letsa ditorompeta tsa bone.”

< ՅԱՅՏՆՈՒԹԻՒՆ ՅՈՎՀԱՆՆՈՒ 8 >