< ՅԱՅՏՆՈՒԹԻՒՆ ՅՈՎՀԱՆՆՈՒ 14 >

1 Յետոյ նայեցայ, եւ ահա՛ Գառնուկը կայնած էր Սիոն լերան վրայ, ու անոր հետ՝ հարիւր քառասունչորս հազարը, որոնց ճակատին վրայ գրուած էր (անոր անունը եւ) անոր Հօր անունը:
Mme ka bona Kwana a eme mo Thabeng ya Sione mo Jerusalema, mme a bo a na le batho ba le dikete di le lekgolo le masome a mane le bone ba ba neng ba na le leina la gagwe le leina la ga Rraagwe le kwadilwe mo diphatleng tsa bone.
2 Ու լսեցի երկինքէն ձայն մը՝ յորդառատ ջուրերու ձայնի պէս, եւ հզօր որոտումի մը ձայնին պէս. լսած ձայնս կը նմանէր քնարահարներուն նուագած քնարներու ձայնին:
Mme ka utlwa lentswe le tswa kwa legodimong ekete mosumo wa metse a magolo kgotsa tumo e kgolo ya maru. E ne e le moopelo wa batho ba letsa diharepa.
3 Անոնք կ՚երգէին նոր երգ մը՝ գահին, չորս էակներուն ու երէցներուն առջեւ. ո՛չ մէկը կրնար սորվիլ այդ երգը՝ բացի այդ հարիւր քառասունչորս հազարէն, որոնք գնուած էին երկրէն:
Mme baopedi ba ba ditswerere ba, ba ba neng ba le sekete le masome a mane le bone, ba opela sefela se se monate se sesha fa pele ga setilo sa bogosi sa Modimo le fa pele ga ditshedi tse nne le bagolwane ba ba masome a mabedi le bone; mme go ne go se na ope yo o ka opelang sefela se fa e se ba ba sekete le masome a mane le bone, ba ba neng ba golotswe mo lefatsheng.
4 Ասոնք անո՛նք են՝ որ չպղծուեցան կիներու հետ, քանի որ կոյս են: Ասոնք անո՛նք են՝ որ կը հետեւին Գառնուկին, ո՛ւր որ ան երթայ. ասոնք գնուեցան մարդոց մէջէն՝ երախայրիք ըլլալու Աստուծոյ ու Գառնուկին:
Gonne ga ba a leswafadiwa ke sepe mo meweng, ba itshekile jaaka makgarebane, ba sala Kwana morago gongwe le gongwe kwa o ya teng. Ba ne ba rekilwe mo gare ga batho ba ba mo lefatsheng e le ba ba tshwaetsweng Modimo.
5 Նենգութիւն չգտնուեցաւ իրենց բերանը, որովհետեւ անարատ են:
Ga go na maaka a ba ka bewang molato ka one, ga ba na selabe sepe.
6 Տեսայ նաեւ ուրիշ հրեշտակ մը, որ կը թռչէր երկինքի մէջ եւ ունէր յաւիտենական աւետարանը՝ քարոզելու երկրի վրայ բնակող բոլոր ազգերուն, տոհմերուն, լեզուներուն ու ժողովուրդներուն: (aiōnios g166)
Mme ka bona moengele yo mongwe a fofa mo magodimong a tshotse Mafoko a a Molemo a bosakhutleng go rerela ba ba mo lefatsheng, ebong dichaba tsotlhe, ditso, dipuo le batho. (aiōnios g166)
7 Ան բարձրաձայն կ՚ըսէր. «Վախցէ՛ք Աստուծմէ եւ փա՜ռք տուէք անոր, որովհետեւ անոր դատաստանին ժամը հասաւ. երկրպագեցէ՛ք անոր՝ որ ստեղծեց երկինքը, երկիրը, ծովն ու ջուրերուն աղբիւրները»:
A goela kwa godimo a re, “Boifang Modimo, lo bo lo bake bogolo jwa one. Gonne lobaka lo tsile lo o tlaa nnang moatlhodi ka lone. Obamelang ene yo o dirileng legodimo le lefatshe, lewatle le metswedi yotlhe ya lona.”
8 Ուրիշ հրեշտակ մը հետեւեցաւ անոր եւ ըսաւ. «Կործանեցա՜ւ, կործանեցա՜ւ մեծ Բաբելոնը, որովհետեւ բոլոր ազգերուն խմցուց իր պոռնկութեան զայրոյթի գինիէն»:
Mme moengele yo mongwe a mo latela mo legodimong, a re, “Babelone o ole, o ole, ebong motse o mogolo ole, ka ntlha ya gore o tsieditse dichaba tsa lefatshe a di raya a re di tlhakanele mofine wa gagwe wa boitshekologo le boleo.”
9 Երրորդ հրեշտակ մըն ալ հետեւեցաւ անոնց ու բարձրաձայն ըսաւ. «Ո՛վ որ երկրպագէ գազանին ու անոր պատկերին, եւ ընդունի անոր դրոշմը իր ճակատին կամ իր ձեռքին վրայ,
Mme moengele wa boraro a ba latela a goa a re, “Mongwe le mongwe yo o obamelang sebatana se se tswang mo lewatleng le setshwantsho sa sone sa leje a bo a amogela lotshwao lwa sone mo phatleng kgotsa mo seatleng,
10 անիկա՛ պիտի խմէ Աստուծոյ զայրոյթի գինիէն, որ անխառն լեցուած է անոր բարկութեան բաժակին մէջ, ու կրակով եւ ծծումբով պիտի տանջուի սուրբ հրեշտակներուն առջեւ ու Գառնուկին առջեւ:
o tshwanetse go nwa mofine wa bogale jwa Modimo o sa timolwa. Mme ba tlaa tlhokofadiwa ka molelo le ka sebabole mo ponong ya baengele ba ba boitshepo le Kwana.
11 Անոնց տանջանքին ծուխը պիտի բարձրանայ դարէ դար՝՝. ցերեկ ու գիշեր հանգստութիւն պիտի չունենան անոնք՝ որ կ՚երկրպագեն գազանին ու անոր պատկերին, եւ ո՛վ որ կ՚ընդունի անոր անունին դրոշմը»: (aiōn g165)
Mosi wa tlhokofatso ya bone o tlhatloga ka bosakhutleng, mme ga ba kitla ba nna le setshwantsho sa sone sa leje, mme gape ba tshwailwe palo ya leina la one. (aiōn g165)
12 Հո՛ս է համբերութիւնը սուրբերուն, որոնք կը պահեն Աստուծոյ պատուիրաններն ու Յիսուսի հաւատքը:
“A se se kgothatse batho ba Modimo go itshokela teko nngwe le nngwe le pogiso ka bopelotelele, gonne baitshepi ba gagwe ba ba nnang ba nitame go ya kwa bofelong ba reetsa ditaolo tsa gagwe ebile ba ikanya Jesu.”
13 Ու լսեցի երկինքէն ձայն մը՝ որ կ՚ըսէր. «Գրէ՛. այժմէ՛ն իսկ երանելի են այն մեռելները՝ որ կը մեռնին Տէրոջմով»: «Այո՛, - կ՚ըսէ Հոգին, - թող հանգչին իրենց աշխատանքէն, քանի որ իրենց գործերը կը հետեւին իրենց»:
Mme ka utlwa lentswe le tswa mo magodimong le re, “Kwala se: kwa bofelong lobaka lo fitlhile lwa gore baswela-tumelo ba tsene mo tuelong ya bone e e tletseng. Ee, go bua Mowa wa re, ba sego thata, gonne jaanong ba tlaa ikhutsa mo matsapeng a bone le diteko, gonne ditiro tsa bone tse di molemo di ba sala morago go ya legodimong!”
14 Ապա նայեցայ, եւ ահա՛ ճերմակ ամպ մը կար, ու ամպին վրայ մէկը բազմած էր՝ մարդու Որդիին նման. իր գլուխը ունէր ոսկիէ պսակ մը, եւ իր ձեռքին մէջ՝ սուր մանգաղ մը:
Mme ponatshego ya fetoga mme ka bona leru le lesweu, le mongwe a ntse mo go lone yo o neng a tshwana le Jesu, yo o neng a bidiwa “Morwa Motho,” a rwele serwalo sa gauta mo tlhogong ya gagwe le thipa e e bogale mo seatleng sa gagwe.
15 Ուրիշ հրեշտակ մը դուրս ելաւ տաճարէն, ու բարձրաձայն աղաղակեց ամպին վրայ բազմողին. «Ղրկէ՛ քու մանգաղդ եւ հնձէ՛. որովհետեւ հնձելու ժամը հասաւ, քանի որ երկրի հունձքը հասունցած է»:
Mme moengele a tswa mo tempeleng mme a mo tlhaeletsa, a re, “Simolola go dirisa thipa, gonne lobaka lo go tletse gore o robe; thobo e budule mo lefatsheng.”
16 Ամպին վրայ կը բազմողն ալ դրաւ իր մանգաղը երկրի վրայ, ու երկիրը հնձուեցաւ:
Hong ene yo o ntseng mo lerung a akgisa thipa ya gagwe mo godimo ga lefatshe, mme thobo ya kokoanngwa.
17 Ուրիշ հրեշտակ մը դուրս ելաւ երկինքի մէջ եղող տաճարէն. ի՛նք ալ ունէր սուր մանգաղ մը:
Morago ga moo moengele yo mongwe a tswa mo tempeleng e e kwa legodimong, le ene a bo a tshotse thipa e e bogale.
18 Նաեւ զոհասեղանէն դուրս ելաւ ուրիշ հրեշտակ մը՝ որ իշխանութիւն ունէր կրակին վրայ. հզօր կանչով գոչեց անոր՝ որ ունէր սուր մանգաղը. «Ղրկէ՛ քու սուր մանգաղդ ու կթէ՛ երկրի այգիին ողկոյզնե՛րը, որովհետեւ անոր խաղողները հասունցած են»:
Gone fela foo moengele yo o nang le nonofo ya go nyeletsa lefatshe ka molelo, a tlhaeletsa moengele yo o neng a tshotse thipa a re, “Dirisa thipa jaanong go kgaola masitlha a mofine wa lefatshe, gonne a budule sentle go sekisiwa.”
19 Ուստի այդ հրեշտակը դրաւ իր մանգաղը երկրի վրայ, կթեց երկրի այգիին խաղողները եւ նետեց Աստուծոյ զայրոյթի մեծ հնձանին մէջ:
Jalo moengele a akgisa thipa ya gagwe mo godimo ga lefatshe mme a olela masitlha a mofine mo segatelong se segolo sa bogale jwa Modimo.
20 Հնձանը կոխուեցաւ քաղաքէն դուրս, ու արիւն ելաւ հնձանէն՝ մինչեւ ձիերուն սանձերը, հազար վեց հարիւր ասպարէզի տարածութեան վրայ:
Mme masitlha a mofine a gatakwa mo segatelong kwa ntle ga motse, mme madi a elela mo molatswaneng o o boleele jwa dimmaele di le makgolo a mabedi ebile o le kwa godimo jaaka ditomo tsa pitse.

< ՅԱՅՏՆՈՒԹԻՒՆ ՅՈՎՀԱՆՆՈՒ 14 >