< ՅԱՅՏՆՈՒԹԻՒՆ ՅՈՎՀԱՆՆՈՒ 10 >

1 Տեսայ ուրիշ հզօր հրեշտակ մը՝ որ կ՚իջնէր երկինքէն: Հագած էր ամպ մը, եւ ծիածան մը կար իր գլուխին վրայ: Իր երեսը արեւի պէս էր, ու ոտքերը՝ կրակէ սիւներու պէս.
Hong ka bona moengele yo mongwe yo mogolo a fologa kwa legodimong, a dikaganyeditswe ke leru, mme motshe wa godimo wa bo o le mo tlhogong ya gagwe; sefatlhogo sa gagwe se phatshima jaaka letsatsi le dinao tsa gagwe di gadima jaaka molelo.
2 ձեռքին մէջ ունէր բացուած գրքոյկ մը: Իր աջ ոտքը դրաւ ծովուն վրայ, իսկ ձախը՝ ցամաքին վրայ,
Mme a tsholetsa lokwalonyana ka seatla lo menolotswe. A tlhoma lonao lwa gagwe lo logolo mo lewatleng mme lwa molema a lo tlhoma mo lefatsheng,
3 եւ բարձրաձայն աղաղակեց՝ առիւծի մը մռնչիւնին պէս: Երբ աղաղակեց, եօթը որոտումները խօսեցան իրենց ձայներով:
mme a goa thata, mme go goa ga gagwe go ne go utlwala jaaka go duma ga tau, mme ditumo di supa tsa araba.
4 Երբ եօթը որոտումները խօսեցան՝ ես պիտի գրէի, բայց լսեցի երկինքէն ձայն մը՝ որ կ՚ըսէր. «Կնքէ՛ այն բաները՝ որ եօթը որոտումները խօսեցան, ու մի՛ գրեր զանոնք»:
Ke ne ke tloga ke kwala se ditumo tsa maru di neng di se raya fa lentswe le le neng le tswa legodimong le mpitsa le re, “O se ka wa dira jalo. Mafoko a tsone ga a tshwanela go senolwa.”
5 Այն հրեշտակը որ տեսած էի՝ կայնած ծովուն վրայ եւ ցամաքին վրայ, իր (աջ) ձեռքը բարձրացուց երկինք,
Hong moengele yo mogolo yo o emeng mo lewatleng le mo lefatsheng a tsholeletsa letsogo la gagwe le legolo kwa legodimong,
6 ու երդում ըրաւ անով՝ որ դարէ դար՝՝ կ՚ապրի, եւ ստեղծեց երկինքն ու ինչ որ անոր մէջ է, երկիրը եւ ինչ որ անոր մէջ է, ու ծովը եւ ինչ որ անոր մէջ է, թէ ա՛լ ժամանակ պիտի չըլլայ: (aiōn g165)
mme a ikana ka ene yo o tshelang ka bosakhutleng, yo o dirileng legodimo le sengwe le sengwe se se mo go lone le lefatshe le tsotlhe tse di leng mo go lone le lewatle le tse di nnang mo go lone, gore go se ka ga nna le tiego epe, (aiōn g165)
7 Հապա՝ եօթներորդ հրեշտակին ձայնին օրերը, երբ սկսի փող հնչեցնել, Աստուծոյ խորհուրդը պիտի կատարուի, ինչպէս ինք աւետած էր իր ծառաներուն՝ մարգարէներուն:
mme e tlaa re moengele wa bosupa a letsa torompeta ya gagwe, hong leano la Modimo le le sa leng le siregile ka dingwaga-ngwaga go simologa ka nako e le neng le bolelwa ke batlhanka ba one ebong baporofiti, le tlaa diragadiwa.
8 Այն ձայնը՝ որ լսեր էի երկինքէն, դարձեալ խօսեցաւ ինծի եւ ըսաւ. «Գնա՛, ա՛ռ այն բաց գրքոյկը՝ որ ծովուն ու ցամաքին վրայ կայնող հրեշտակին ձեռքին մէջ է»:
Hong lentswe le le tswang legodimong la bua le nna gape la re, “Tsamaya o ye go tsaya lokwalo lo lo sa menololwang mo moengeleng yo mogolo yo o emeng mo lewatleng le mo lefatsheng.”
9 Ես ալ գացի հրեշտակին եւ ըսի անոր. «Տո՛ւր ինծի այդ գրքոյկը»: Ան ալ ըսաւ ինծի. «Ա՛ռ ասիկա ու լափէ՛. պիտի դառնացնէ փորդ, բայց մեղրի պէս անոյշ պիտի ըլլայ բերանիդ մէջ»:
Jalo ka mo atamela ka mo kopa go nneela lokwalo. Mme a nthaya a re, “Ee,” lo je, “lwa ntlha lo tlaa utlwala jaaka dinotshe, mme fa o lo metsa, lo tlaa dira mpa ya gago bogalaka!”
10 Առի գրքոյկը հրեշտակին ձեռքէն եւ լափեցի զայն: Մեղրի պէս անոյշ էր բերանիս մէջ, բայց երբ կերայ՝ փորս դառնացաւ:
Jalo ka lo tsaya mo letsogong la gagwe ka lo ja! Mme fela jaaka a buile lo ne lwa nna monate mo ganong la me lwa ntshegisa mala fa ke lo metsa.
11 Ան ալ ըսաւ ինծի. «Պէտք է որ դուն դարձեալ մարգարէանաս շատ ժողովուրդներու, ազգերու, լեզուներու եւ թագաւորներու մասին»:
Mme a nthaya a re, “O tshwanetse go porofeta thata batho kaga batho ba le bantsi, merafe, le dikgosi.”

< ՅԱՅՏՆՈՒԹԻՒՆ ՅՈՎՀԱՆՆՈՒ 10 >