< ՄԱՏԹԷՈՍ 9 >

1 Ուստի նաւ մտնելով՝ անցաւ միւս կողմը ու գնաց իր քաղաքը:
Mme Jesu a palama mokoro a kgabaganya lecha a ya Kaperanama, motse wa ga gabo.
2 Եւ բերին իրեն անդամալոյծ մը, որ պառկած էր մահիճի մէջ: Յիսուս՝ տեսնելով անոնց հաւատքը՝ ըսաւ անդամալոյծին. «Քաջալերուէ՛, որդեա՛կ, մեղքերդ ներուած են քեզի»:
Ka bofefo banna bangwe ba lere kwa go ene mosimane yo o teteselang a le mo phateng. Erile fa Jesu a bona tumelo ya bone a raya mosimane yo o teteselang a re, “Nametsega ngwana, gonne ke go itshwaretse dibe!”
3 Դպիրներէն ոմանք ըսին՝ իրենք իրենց մէջ. «Ասիկա կը հայհոյէ»:
Mme bangwe ba baeteledipele ba tumelo ba gowa ba re, “O a tlhapatsa, Monna yo a re ke Modimo!”
4 Յիսուս՝ գիտնալով անոնց մտածումները՝ ըսաւ. «Ինչո՞ւ չար բան կը մտածէք ձեր սիրտերուն մէջ:
Jesu o ne a itse se ba neng ba se akanya mme a re, “Ke eng fa lo akanya megopolo e e maswe jaana?
5 Ո՞րը աւելի դիւրին է, “մեղքերդ ներուած են” ըսե՞լը, թէ՝ “ոտքի՛ ելիր ու քալէ՛” ըսելը:
A go thata go itshwarela dibe tsa gagwe go na le go mo fodisa?
6 Բայց որպէսզի գիտնաք թէ մարդու Որդին իշխանութիւն ունի մեղքերը ներելու երկրի վրայ, (այն ատեն ըսաւ անդամալոյծին.) “Ոտքի՛ ելիր, ա՛ռ մահիճդ ու գնա՛ տունդ”»:
Mme jalo he, go supa gore ke na le thata fano mo lefatshing go itshwarela dibe.” Jalo a retologela kwa mosimaneng yo o teteselang a mo raya a re, “Tsoga o phuthe phate ya gago o ye lwapeng.”
7 Ան ալ ոտքի ելաւ եւ գնաց իր տունը:
Mme mosimane a nanoga a tsamaya!
8 Երբ բազմութիւնները տեսան՝ զարմացան, ու փառաբանեցին Աստուած, որ այդպիսի իշխանութիւն տուած էր մարդոց:
Poifo e kgolo ya wela bontsintsi jwa batho fa ba bona se se diragala fa pele ga matlho a bone. Ba galaletsa Modimo thata ka go naya motho thata e e ntseng jalo.
9 Յիսուս անկէ յառաջ երթալով՝ տեսաւ մարդ մը, Մատթէոս կոչուած, որ նստած էր մաքս ընդունելու տեղը, եւ ըսաւ անոր. «Հետեւէ՛ ինծի»: Ան ալ կանգնեցաւ ու հետեւեցաւ անոր:
Fa Jesu a tsamaya mo phologelong ya tsela, a bona mokgethisi Mathaio, a ntse fa go kgethisediwang teng, mme Jesu a mo raya a re, “Tla o nne morutwa wa me.”
10 Տունը սեղան նստած՝՝ ատենը՝ ահա՛ ուրիշ շատ մաքսաւորներ եւ մեղաւորներ եկած ու սեղան նստած էին Յիսուսի եւ անոր աշակերտներուն հետ:
Morago, fa Jesu le barutwa ba gagwe ba a ja dijo kwa tlung ya ga Mathaio, ga bo go le batsietsi ba le bantsi e le balalediwa ba ba itsegeng ka mekgwa e e maswe.
11 Երբ Փարիսեցիները տեսան՝ ըսին անոր աշակերտներուն. «Ինչո՞ւ ձեր վարդապետը կ՚ուտէ մաքսաւորներու եւ մեղաւորներու հետ»:
Mme Bafarasai ba kgotswa ba re, “Ke eng fa moruti wa lona a dirisanya le batho ba ba ntseng jaana.”
12 Բայց երբ Յիսուս լսեց՝ ըսաւ անոնց. «Ո՛չ թէ առողջներուն բժիշկ պէտք է, հապա՝ հիւանդներուն:
Mme Jesu a ba raya a re, “Ka gore ba ba itekanetseng ga ba tlhoke ngaka, ba ke ba ba e tlhokang!”
13 Գացէ՛ք, սորվեցէ՛ք թէ ի՛նչ ըսել է. “Կարեկցութի՛ւն կ՚ուզեմ, ու ո՛չ թէ զոհ”. որովհետեւ ես եկայ կանչելու ո՛չ թէ արդարները, հապա մեղաւորները՝ ապաշխարութեան»:
Mme a oketsa a re, “Tsamayang lo ithute tlhaloso ya temana ya Lokwalo, ‘Ga se ditlhabelo tsa lona le dimpho tsa lona tse ke tshwenyegang ka tsone, ke batla gore lo nne le kutlwelobotlhoko’. Tiro ya me fano mo lefatshing ke go busetsa badiradibe mo Modimong e seng go tshwenyega ka batho ba ba siameng.”
14 Այն ատեն Յովհաննէսի աշակերտները եկան անոր եւ ըսին. «Ինչո՞ւ մենք ու Փարիսեցիները յաճախ ծոմ կը պահենք, իսկ քու աշակերտներդ չեն պահեր»:
Letsatsi lengwe barutwa ba ga Johane wa Mokolobetsi ba tla kwa go Jesu ba mmotsa ba re, “Ke eng fa barutwa ba gago ba sa ikitse go ja dijo jaaka rona le Bafarasai re dira?”
15 Յիսուս ըսաւ անոնց. «Միթէ կարելի՞ է՝ որ հարսնեւորները սգան, քանի փեսան իրենց հետ է: Բայց օրերը պիտի գան՝ երբ փեսան պիտի վերցուի իրենցմէ. ա՛յն ատեն ծոմ պիտի պահեն:
Mme Jesu a botsa a re, “A ditsala tsa monyadi di tshwanetse go hutsafala, di ikitsa dijo fa a sa ntse a na le tsone? Mme nako e tlaa tla fa ke tlaa tlosiwang mo go tsone. Mme ke gone ba tlaa nnang le nako e ntsi go ikitsa dijo.
16 Ո՛չ մէկը կը ձգէ նոր լաթի կտոր մը հին հանդերձի մը վրայ, որովհետեւ անիկա որ անոր լրումին համար դրուած է, կը քաշէ հանդերձը, ու պատռուածքը աւելի գէշ կ՚ըլլայ:
“Mme ke mang yo o ka bitiyang seaparo se segologolo ka letsela le lesha? Ka gore sebata se ka gagola sa dira leroba le legolo go gaisa pele.
17 Ո՛չ ալ նոր գինին կը դնեն հին տիկերու մէջ. այլապէս՝ տիկերը կը պատռին, ե՛ւ գինին կը թափի, ե՛ւ տիկերը կը կորսուին: Հապա նոր գինին կը դնեն նո՛ր տիկերու մէջ, ու երկուքն ալ կը պահուին»:
“Mme emang yo o ka dirisang makuka a magologolo a mofine go tshela mofine o mosha? Gonne a magologolo a ka phanngwa ke go hupela, mme mofine, o tshologe, makuka a senyege. Ke makuka a masha fela a a dirisiwang go tshela mofine o mosha.”
18 Երբ ան այս բաները կը խօսէր անոնց հետ, ահա՛ պետ մը եկաւ ու երկրպագեց անոր՝ ըսելով. «Աղջիկս թերեւս վախճանած է մինչեւ հիմա. բայց եկո՛ւր, դի՛ր ձեռքդ անոր վրայ, եւ պիտի ապրի»:
Ya re a sa ntse a bua jaana, moruti wa ntlo ya thuto a tla a mo obamela a re, “Morwadiake yo mmotlana o sule, mme o ka mo rudisa fa o ka tla wa mo ama.”
19 Յիսուս ալ ոտքի ելաւ ու հետեւեցաւ անոր՝ իր աշակերտներուն հետ:
Ya re Jesu le barutwa ba gagwe ba sa ntse ba ya kwa lwapeng lwa moruti
20 Եւ ահա՛ կին մը, որ արիւնահոսութենէ կը տառապէր տասներկու տարիէ ի վեր, մօտեցաւ ետեւէն ու դպաւ անոր հանդերձին քղանցքին.
mosadi yo o sa bolong go lwala bolwetse jwa tshologo ya madi mo teng ka dingwaga di le lesome le metso e le mebedi a tla a mo setse morago mme a ama momeno wa seaparo sa gagwe.
21 քանի որ կ՚ըսէր ինքնիրեն. «Եթէ միայն դպչիմ անոր հանդերձին՝ պիտի բժշկուիմ»:
Gonne o na a akantse gore, “Fela fa nka mo ama ke tlaa fola.”
22 Յիսուս, երբ ետեւ դարձաւ ու տեսաւ զայն, ըսաւ. «Քաջալերուէ՛, աղջիկ, հաւատքդ բժշկեց քեզ»: Եւ կինը բժշկուեցաւ նոյն ժամուն:
Jesu a retologa a bua nae a re, “Morweetsana, gotlhe go siame! Tumelo ya gago e go fodisitse.” Mme mosadi a fola ka yone nako eo.
23 Երբ Յիսուս հասաւ պետին տունը, ու տեսաւ սրնգահարները եւ աղմկարար բազմութիւնը,
Erile fa Jesu a goroga kwa lwapeng lwa ga Moruti, a bona bontsintsi jwa batho bo tsositse modumo mme a utlwa le moopelo wa phitlho,
24 ըսաւ անոնց. «Մեկնեցէ՛ք, որովհետեւ աղջիկը մեռած չէ, հապա կը քնանայ»:
A re, “Ba ntshetseng kwa ntle, gonne morweetsana ga a swa; o robetse fela!” Mme ba ne ba mo tshega ka tshotlo le ka go mo nyatsa!
25 Անոնք ալ ծաղրեցին զինք: Բայց երբ բազմութիւնը դուրս հանուեցաւ, ինք ներս մտաւ, բռնեց անոր ձեռքէն, եւ աղջիկը ոտքի ելաւ:
Ya re fa bontsi jwa batho bo sena go tswela kwa ntle, Jesu a tsena mo teng kwa go neng go namaletse morweetsana mme a mo tshwara ka seatla, mme a nanoga a itekanetse sentle gape.
26 Այս լուրը տարածուեցաւ ամբողջ երկիրը:
Mme pego ya kgakgamatso e e gakgamatsang e ya tlala mo lefatshing lotlhe.
27 Երբ Յիսուս յառաջ անցաւ անկէ, երկու կոյրեր հետեւեցան անոր՝ աղաղակելով. «Ողորմէ՜ մեզի, Դաւիթի՛ Որդի».
Ya re fa Jesu a tswa mo lwapeng lwa morweetsana, banna ba le babedi ba difofu ba mo sala morago ba goa ba re, “Ao Morwa Kgosi Dafide, re utlwele botlhoko.”
28 Երբ տուն հասաւ, կոյրերը եկան իրեն: Յիսուս ըսաւ անոնց. «Կը հաւատա՞ք թէ կրնամ ընել այս բանը»: Ըսին անոր. «Այո՛, Տէ՛ր»:
Ba tsena mo tlung kwa a neng a nna teng, Mme Jesu a ba botsa a re, “A lo dumela fa ke nonofile go lo foufolola?” Ba re, “Morena, re a dumela.”
29 Այն ատեն դպաւ անոնց աչքերուն եւ ըսաւ. «Թող ըլլայ ձեզի՝ ձեր հաւատքին համեմատ»:
Hong a ama matlho a bone mme a re “Ka ntlha ya tumelo ya lona go tlaa diragala!”
30 Անոնց աչքերը բացուեցան, ու Յիսուս ազդարարեց անոնց՝ ըսելով. «Զգուշացէ՛ք որ ո՛չ մէկը գիտնայ»:
Mme ka tshoganetso ba foufologa! Jesu a ba laya gore ba seka ba itsise ope kaga selo seo,
31 Բայց անոնք մեկնելով տարածեցին անոր համբաւը այդ ամբողջ երկրին մէջ:
mme mo boemong jwa go dira jalo ba anamisa tumo ya gagwe gongwe le gongwe mo motsing.
32 Երբ անոնք դուրս ելան, ահա՛ համր դիւահար մարդ մը բերին իրեն:
Erile Jesu a tswa mo lefelong leo, a rakana le monna wa semumu yo o neng a sa kgone go bua ka ntlha ya mowa o o maswe o o neng o le mo go ene.
33 Երբ դեւը ելաւ, համրը խօսեցաւ: Ուստի բազմութիւնները զարմացան, ու կ՚ըսէին թէ բնա՛ւ այսպիսի բան երեւցած չէր Իսրայէլի մէջ:
Hong Jesu a kgoromeletsa mowa o o maswe kwa ntle, mme gone fela foo monna a simolola go bua. Bontsi jwa batho jwa gakgamala thata ba re, “Ga go ise nke go diragale mo matshelong a rona go bona se se tshwanang le se.”
34 Բայց Փարիսեցիները կ՚ըսէին. «Ան դեւերուն իշխանո՛վ դուրս կը հանէ դեւերը»:
Mme Bafarasai ba re, lebaka le a nonofileng go kgoromeletsa ntle mewa e e maswe ke gore ene ka bo ene o tsenywe ke mewa e e maswe. O tsenywe ke Satane Kgosi ya mewa e e maswe.
35 Յիսուս կը շրջէր բոլոր քաղաքներն ու գիւղերը, կը սորվեցնէր անոնց ժողովարաններուն մէջ, կը քարոզէր արքայութեան աւետարանը, եւ կը բուժէր բոլոր ախտերն ու բոլոր վատառողջութիւնները ժողովուրդին մէջ:
Jesu o na a tsamaya mo tikologong yotlhe mo magaeng a lefatshe leo, a ruta mo matlung a thuto ya Sejuda a anamisa Mafoko a a Molemo kaga Bogosi. Mme gongwe le gongwe kwa a neng a ya teng o na a fodisa batho mofuta mongwe le mongwe wa bolwetse.
36 Եւ տեսնելով բազմութիւնները՝ գթաց անոնց վրայ, որովհետեւ պարտասած ու ցրուած էին՝ հովիւ չունեցող ոչխարներու պէս:
Mme o na a na le kutlwelo botlhoko thata mo bontsintsing jwa batho jo bo neng bo tla; ka gore matshwenyego a bone a ne a le matona thata mme ba sa itse se ba ka se dirang kgotsa kwa ba neng ba ka ya teng go bona thuso. Ba ne ba tshwana le dinku tse di senang modisa.
37 Այն ատեն ըսաւ իր աշակերտներուն. «Հունձքը ի՛րապէս շատ է, բայց գործաւորները՝ քիչ.
Mme a raya barutwa ba gagwe a re “Thobo e kgolo thata mme barobi ba ba botlana thata.
38 ուրեմն աղերսեցէ՛ք հունձքին Տէրոջ, որ գործաւորներ ուղարկէ իր հունձքին»:
Jalo he, rapelang yo a leng motlhokomedi wa thobo, lo mo kope go thapa barobi ba bangwe ba masimo a gagwe.”

< ՄԱՏԹԷՈՍ 9 >