< ՄԱՏԹԷՈՍ 7 >

1 «Մի՛ դատէք, որպէսզի չդատուիք:
“Se sekiseng mme ga lo na go sekisiwa!
2 Որովհետեւ ի՛նչ դատաստանով որ դատէք՝ անո՛վ պիտի դատուիք, եւ ի՛նչ չափով որ չափէք՝ անո՛վ պիտի չափուի ձեզի:
Gonne ba bangwe le bone ba tlaa lo tsaya fela jaaka lo ba tsaya.
3 Եւ ինչո՞ւ կը տեսնես եղբօրդ աչքին մէջի շիւղը, ու չես նշմարեր քո՛ւ աչքիդ մէջի գերանը:
“Mme o tshwenyegelang kaga selabe se se mo leitlhong la mongwe ka wena fa o na le sehidikwe mo go la gago?
4 Կամ ի՞նչպէս կրնաս ըսել եղբօրդ. “Թո՛յլ տուր որ հանեմ աչքէդ շիւղը”, երբ ահա՛ գերան կայ քո՛ւ աչքիդ մէջ:
A o tlaa re, ‘Tsala, mma ke go thuse ke ntshe selabe seo mo leitlhong la gago; fa tota o sa bone ka ntlha ya sehidikwe se se mo go la gago’
5 Կեղծաւո՛ր, նախ հանէ՛ քո՛ւ աչքէդ գերանը, եւ ա՛յն ատեն յստակ պիտի տեսնես՝ հանելու համար շիւղը եղբօրդ աչքէն:
Moitimokanyi! Pele ntsha sehidikwe se se mo leitlhong la gago. Ke gone o ka bonang go thusa mongwe ka wena.
6 Սուրբ բանը մի՛ տաք շուներուն, ու ձեր մարգարիտները մի՛ նետէք խոզերուն առջեւ, որպէսզի չկոխկռտեն զանոնք իրենց ոտքերուն տակ, եւ դառնալով չբզքտեն ձեզ»:
“Se neeleng dikolobe dilo tsa lona tsa botlhokwa (diperela)! Di tlaa di gataka di be di retologela kwa go lona di lo tlhasela.
7 «Խնդրեցէ՛ք՝ ու պիտի տրուի ձեզի. փնտռեցէ՛ք՝ ու պիտի գտնէք. դուռը բախեցէ՛ք՝ ու պիտի բացուի ձեզի:
“Kopang, mme lo tlaa newa se lo se kopang. Batlang, mme lo tlaa bona. Kokonyang, mme lo tlaa bulelwa.
8 Որովհետեւ ո՛վ որ խնդրէ՝ կը ստանայ, ո՛վ որ փնտռէ՝ կը գտնէ, եւ ո՛վ որ դուռը բախէ՝ պիտի բացուի անոր:
“Gonne mongwe le mongwe yo o kopang, o a amogela. Le fa e le mang yo o batlang, o a bona; fela fa o kokonya, o tlaa bulelwa.
9 Ձեզմէ ո՞վ է այն մարդը, որմէ եթէ իր որդին հաց ուզէ՝ քար կու տայ անոր.
Fa ngwana a kopa rraagwe dijo, a o tlaa neelwa lentswe mo boemong jwa tsone?
10 կամ եթէ ձուկ ուզէ՝ միթէ օ՞ձ կու տայ անոր:
Fa a kopa tlhapi, a o tlaa neelwa noga e e nang le botlhole? Nnyaa!
11 Ուրեմն եթէ դո՛ւք՝ որ չար էք, գիտէք բարի նուէրներ տալ ձեր զաւակներուն, ո՜րչափ աւելի ձեր Հայրը՝ որ երկինքն է, բարի՛ բաներ պիտի տայ անոնց՝ որ կը խնդրեն իրմէ:
Mme fa lona ba ba dipelo di thata, badira-dibe lo itse go fa bana ba lona dimpho tse di siameng, a Rraa-lona yo o kwa legodimong ga a na go naya ba ba mo kopang dimpho tse di siameng fela jalo?
12 Ուրեմն ամէն ինչ որ կ՚ուզէք՝ որ մարդիկ ընեն ձեզի, դո՛ւք ալ այնպէս ըրէք անոնց, որովհետեւ ասիկա՛ է Օրէնքն ու Մարգարէները»:
“Direlang ba bangwe se lo batlang ba se lo direla. Se ke thuto ya melao ya ga Moshe ka mafoko a makhutshwane.
13 «Նե՛ղ դռնէն ներս մտէք. որովհետեւ լայն է այն դուռը, եւ ընդարձակ՝ այն ճամբան, որ դէպի կորուստ կը տանի, ու շատ են անոնք՝ որ կը մտնեն անկէ.
“Legodimo le ka tsenwa fela ka kgoro e tshesane. Tsela e kgolo e e yang kwa moleting e atlhame, kgoro ya one e atlhametse bontsintsi jo bo tlhophang tsela ya one e e motlhofo.
14 որովհետեւ նեղ է այն դուռը, եւ անձուկ՝ այն ճամբան, որ դէպի կեանք կը տանի, ու քիչ են անոնք՝ որ կը գտնեն զայն»:
Mme boatlhamo jwa kgoro e e isang botshelong bo bonnye, le tsela e tshesane, mme basekae fela ba a e bona.
15 «Զգուշաց՛էք սուտ մարգարէներէն, որոնք կու գան ձեզի ոչխարի հանդերձներով, բայց ներսէն՝ յափշտակող գայլեր են:
“Itiseng mo baruting ba e seng bone ba ba tlang ba apere jaaka dinku tse di senang molato, mme e le diphiri tse di lo gagoganyang.
16 Իրենց պտուղէ՛ն պիտի ճանչնաք զանոնք: Միթէ փուշերէն կը քաղե՞ն խաղող, կամ տատասկէն՝ թուզ:
Lo ka ba lemoga ka tsela e ba dirang ka yone, fela jaaka lo ka lemoga setlhare ka loungo lwa sone ga lo kake lwa tshwantshanya mofine le ditlhare tse di mitlwa! Kgotsa difeige le masitlwana!
17 Այսպէս ամէն բարի ծառ՝ լաւ պտուղ կը բերէ, եւ վատ ծառ՝ չար պտուղ կը բերէ:
Mefuta ya ditlhare tsa loungo e ka lemogwa ka bofefo ka go tlhatlhoba loungo lwa tsone.
18 Բարի ծառը չի կրնար չար պտուղ բերել, ո՛չ ալ վատ ծառը՝ լաւ պտուղ բերել:
Mofuta o o ungwang loungo lo lo monate ga o ke o ungwa mofuta o o sa jeweng!
19 Ամէն ծառ որ լաւ պտուղ չի բերեր, կը կտրուի ու կը նետուի կրակը:
Jalo he ditlhare tse di nang le loungo lo lo sa jeweng di a rengwa di bo di latlhelwa mo molelong.
20 Ուրեմն՝ իրենց պտուղէ՛ն պիտի ճանչնաք զանոնք»:
Ee, tsela ya go lemoga setlhare kgotsa motho ke ka mofuta wa loungo lo o lo ungwang.
21 «Ո՛չ թէ ո՛վ որ ինծի՝ “Տէ՛ր, Տէ՛ր” կ՚ըսէ, պիտի մտնէ երկինքի թագաւորութիւնը, հապա ան՝ որ կը գործադրէ իմ երկնաւոր Հօրս կամքը:
“Ga se botlhe ba ba buang boModimo ba ba ntseng jalo. Ba ka mpitsa ‘Morena’ mme ga ba kitla ba ya legodimong. Gonne potso ya botlhokwa ke gore a ba reetsa Rre yo o kwa legodimong.
22 Շատեր այն օրը պիտի ըսեն ինծի. “Տէ՛ր, Տէ՛ր, միթէ չմարգարէացա՞նք քու անունովդ, դեւեր չհանեցի՞նք քու անունովդ, եւ շատ հրաշքներ չգործեցի՞նք քու անունովդ”:
“Ka letsatsi la katlholo ba le bantsi ba tlaa nthaya ba re, Morena Morena, re boleletse ba bangwe ka ga gago ra ba ra dirisa leina la gago go lelekela badimo ntle le go dira dikgakgamatso tse dingwe tse dintsi.
23 Այն ատեն պիտի յայտարարեմ անոնց. “Ես բնա՛ւ չէի ճանչնար ձեզ. հեռացէ՛ք քովէս դո՛ւք՝ որ անօրէնութիւն կը գործէիք”»:
Mme ke tlaa fetola ke re, ‘Ga lo ise lo ke lo bo lo nne ba me. Tsamayang, gonne ditiro tsa lona di bosula’,
24 «Ուրեմն ո՛վ որ կը լսէ այս խօսքերս եւ կը գործադրէ զանոնք, պիտի նմանցնեմ զայն ուշիմ մարդու մը՝ որ իր տունը կառուցանեց վէմի վրայ:
“Botlhe ba ba reetsang ditaelo tsa me ba di sala morago, ba botlhale, jaaka monna yo o agang ntlo ya gagwe mo lefikeng le le kwenneng.
25 Տեղատարափ անձրեւ իջաւ, հեղեղները եկան, հովերը փչեցին ու զարկին այդ տան՝ բայց չփլաւ, որովհետեւ հիմնուած էր վէմի վրայ:
Le fa pula e tla ka bontsi morwalela o bo o tlhatloga mme go tsubutla ditsuatsue ka fa ntle ga ntlo ya gagwe ga e kitla e wa, gonne e agilwe mo lefikeng.
26 Իսկ ո՛վ որ կը լսէ այս խօսքերս ու չի գործադրեր, կը նմանի յիմար մարդու մը՝ որ իր տունը կառուցանեց աւազի վրայ:
“Mme ba ba utlwang ditaelo tsa me, mme ba sa di tlhokomele ba dieleele, jaaka monna yo o agang ntlo ya gagwe mo motlhabeng.
27 Տեղատարափ անձրեւ իջաւ, հեղեղները եկան, հովերը փչեցին եւ զարկին այդ տան, ու փլաւ. եւ անոր անկումը մեծ եղաւ»:
Gonne fa dipula le merwalela di tla, mme diphefo di foka di itaaka ntlo ya gagwe, e tlaa gosomana mo go golo.”
28 Երբ Յիսուս լմնցուց այս խօսքերը, բազմութիւնը ապշած մնաց անոր ուսուցումին վրայ.
Bontsintsi jwa batho bo ne jwa gakgamadiwa ke thuto ya ga Jesu.
29 որովհետեւ իշխանութիւն ունեցողի մը պէս կը սորվեցնէր անոնց, ո՛չ թէ դպիրներուն պէս:
Gonne o ne a ruta jaaka mongwe yo o nang le nonofo e kgolo, eseng jaaka baeteledipele ba bone ba Sejuda.

< ՄԱՏԹԷՈՍ 7 >