< ՄԱՏԹԷՈՍ 3 >

1 Այդ օրերը Յովհաննէս Մկրտիչը եկաւ, Հրէաստանի անապատին մէջ քարոզելով
E rile fa ba sa ntse ba le mo Nasaretha, Johane wa Mokolobetsi a simolola go rera mo sekakeng sa Judea. Thero ya gagwe gangwe le gape e ne e re,
2 եւ ըսելով. «Ապաշխարեցէ՛ք, որովհետեւ երկինքի թագաւորութիւնը մօտեցած է»:
“Sokologang mo dibeng tsa lona, boelang mo Modimong, gonne Bogosi jwa Legodimo bo atametse.”
3 Ա՛յս է ա՛ն, որուն մասին Եսայի մարգարէն խօսեցաւ՝ ըսելով. «Անապատին մէջ գոչողին ձայնը. “Պատրաստեցէ՛ք Տէրոջ ճամբան, շտկեցէ՛ք անոր շաւիղները”»:
Isaia moporofiti mo makgolong a dingwaga a a fetileng, o boletse ka ga thuto ya ga Johane. O ne a kwadile a re, “Ke utlwa lentswe le le goang mo sekakeng, ‘Baakanyang tsela ya Morena, tlhamalatsang tsela e a tlaa tsamayang mo go yone.’”
4 Յովհաննէսի հագուստը ուղտի մազէ էր, իր մէջքին շուրջ՝ կաշիէ գօտի ունէր, եւ իր կերակուրը՝ մարախ ու վայրի մեղր էր:
Diaparo tsa ga Johane di ne di dirilwe ka boboa jwa kamele, o ne a itlama ka moitlamo wa letlalo; dijo tsa gagwe e ne e le tsie le dinotshe tsa naga.
5 Այն ատեն Երուսաղէմէն, ամբողջ Հրէաստանէն եւ Յորդանանի ամբողջ շրջակայքէն կ՚երթային իրեն,
Batho ba ba tswang Jerusalema le ba ba tswang mo tikologong yotlhe kwa moseja ga mogogoro wa Jorodane, le ba ba tswang mo kgaolong nngwe le nngwe ya Judea ba tswela kwa sekakeng go mo reetsa a rera,
6 կը մկրտուէին իրմէ՝ Յորդանանի մէջ, ու կը խոստովանէին իրենց մեղքերը:
mme fa ba sena go ipolela dibe tsa bone, a ba kolobetsa mo nokeng ya Jorodane.
7 Երբ տեսաւ Փարիսեցիներէն եւ Սադուկեցիներէն շատեր՝ որ եկած էին իր մկրտութեան, ըսաւ. «Իժերո՛ւ ծնունդներ, ո՞վ իմացուց ձեզի՝ խուսափիլ գալիք բարկութենէն:
Mme e rile a bona Bafarasai le Basadukai ba le bantsi ba tla go kolobediwa, a ba nyatsa a re, “Losika lwa dinoga ke lona! Yo o lo reileng a re lo ne lo ka falola mo bogaleng jwa Modimo jo bo tlang ke mang?
8 Ուրեմն ապաշխարութեան արժանավայել պտո՛ւղ բերէք.
Pele ga lo kolobediwa supang gore lo sokologile mo dibeng ka go dira ditiro tse di tshwanetseng.
9 ու մի՛ մտածէք ձեր մէջ ըսել. “Մենք Աբրահա՛մը ունինք իբր հայր”. որովհետեւ կը յայտարարեմ ձեզի թէ Աստուած կարող է այս քարերէ՛ն հանել Աբրահամի զաւակներ:
Lo seka lwa ikaketsa lwa re, ‘Re falotse ka re le Bajuda, losika lwa ga Aberahame.’ Moo ga go reye sepe. Modimo o ka fetola maje a a fano a, go nna Bajuda!
10 Կացինը արդէն իսկ դրուած է ծառերու արմատին քով. ուրեմն ամէն ծառ որ լաւ պտուղ չի բերեր, կը կտրուի ու կրակը կը նետուի:
“Mme le jaanong selepe sa katlholo ya Modimo se tsepame go kgaola setlhare sengwe le sengwe se se sa ungweng. Di tlaa rengwa di tshubiwa.
11 Արդարեւ ես կը մկրտեմ ձեզ ջուրով՝ ապաշխարութեան համար, բայց ա՛ն որ կու գայ իմ ետեւէս՝ ինձմէ հզօր է, ու ես արժանի չեմ անոր կօշիկները կրելու. անիկա՛ պիտի մկրտէ ձեզ Սուրբ Հոգիով ու կրակով:
“Nna ke kolobetsa mo metsing ba ba sokologileng mo dibeng tsa bone; mme mongwe o e tla; yo mogolo go mpheta thata, o bogolo jo e leng gore ga ke a lekana go tshola ditlhako tsa gagwe. Ene o tlaa lo kolobetsa ka Mowa o o Boitshepo le ka molelo.
12 Անոր հեծանոցը իր ձեռքն է. իր կալը պիտի մաքրէ եւ իր ցորենը պիտի ժողվէ ամբարը, իսկ յարդը պիտի այրէ անշէջ կրակով»:
O tlaa tlhopa mmoko mo mabeleng, a fisa mmoko ka molelo o o sa khutleng, a ba a boloka mabele mo polokelong.”
13 Այն ատեն Յիսուս եկաւ Գալիլեայէն Յորդանան՝ Յովհաննէսի, որպէսզի մկրտուի անկէ:
Mme a tswa mo ga gabo mo Galalea a ya kwa nokeng ya Jorodane go kolobediwa teng ke Johane.
14 Յովհաննէս կ՚արգիլէր զայն ու կ՚ըսէր. «Ե՛ս պէտք է որ մկրտուիմ քեզմէ, ու դո՞ւն կու գաս ինծի»:
Johane o ne a sa batle go mo kolobetsa a re, “Mo ga go a tshwanela, ke nna ke tlhokang go kolobediwa ke wena.”
15 Յիսուս պատասխանեց անոր «Թո՛յլ տուր հիմա, որովհետեւ ա՛յսպէս կը պատշաճի մեզի, որ գործադրենք արդարութիւնը իր ամբողջութեամբ»: Այն ատեն թոյլ տուաւ անոր:
Mme Jesu a fetola a re, “Tswee-tswee dira jalo ka gore ke tshwanetse go dira tshiamo yotlhe.” Jalo he, Johane a mo kolobetsa.
16 Երբ Յիսուս մկրտուեցաւ, իսկոյն դուրս ելաւ ջուրէն, եւ ահա՛ երկինքը բացուեցաւ ու տեսաւ Աստուծոյ Հոգին, որ աղաւնիի պէս կ՚իջնէր ու կու գար իր վրայ:
Morago ga kolobetso, fela fa Jesu a tswa mo metsing, magodimo a mmulegela mme a bona Mowa wa Modimo o fologa o le mo setshwanong sa lephoi.
17 Եւ ահա՛ ձայն մը եկաւ երկինքէն՝ որ կ՚ըսէր. «Ա՛յս է իմ սիրելի Որդիս՝ որուն հաճեցայ»:
Mme lentswe la tswa kwa legodimong le re, “Yo ke morwaake yo o rategang, ke itumela thata ka ene”.

< ՄԱՏԹԷՈՍ 3 >