< ՄԱՏԹԷՈՍ 26 >

1 Երբ Յիսուս աւարտեց այս բոլոր խօսքերը, ըսաւ իր աշակերտներուն.
Mme e rile Jesu a sena go fetsa puo e le barutwa ba gagwe a ba raya a re,
2 «Գիտէք թէ երկու օր ետք՝ Զատիկ պիտի ըլլայ, ու մարդու Որդին պիտի մատնուի՝ խաչուելու համար»:
“Jaaka lo itse, gore modiro wa Tlolaganyo o simologa mo malatsing a mabedi a a tlang, ke tlaa okwa ke be ke bapolwa.”
3 Այն ատեն քահանայապետները, դպիրները եւ ժողովուրդին երէցները հաւաքուեցան գաւիթը քահանայապետին՝ որ Կայիափա կը կոչուէր,
Ka lone lobaka loo ditlhogo tsa baperesiti le bagolwane ba bangwe ba Sejuda ba phuthegela kwa kgotleng ya ga Kaiafase moperesiti yo mogolo,
4 ու խորհրդակցեցան նենգութեամբ բռնել Յիսուսը եւ սպաննել:
go gakololana ka maano a go tshwara Jesu ka bokukuntshwane go mmolaya.
5 Բայց կ՚ըսէին. «Ո՛չ տօնին ատենը, որպէսզի աղմուկ չըլլայ ժողովուրդին մէջ»:
Mme ba dumalana ba re, “Eseng ka modiro wa Tlolaganyo, gonne go ka tsoga pheretlhego.”
6 Երբ Յիսուս Բեթանիա էր, բորոտ Սիմոնի տունը,
Foo Jesu a tswela kwa Bethania, kwa legaeng la ga Simone wa molepero.
7 կին մը՝ որ ունէր թանկարժէք օծանելիքի ալապաստրէ շիշ մը՝ եկաւ անոր ու թափեց զայն անոր գլուխին վրայ, երբ ան սեղան նստած էր:
Mme ya re Jesu a sa ntse a a ja ga tla mosadi mongwe a tshotse lebotlolo la setlolo se se tlhwatlhwa kgolo, mme a se tshela mo tlhogong ya gagwe.
8 Անոր աշակերտները տեսնելով՝ ընդվզեցան եւ ըսին. «Ինչո՞ւ այս վատնումը.
Barutwa ba ne ba gakatsega ba re, “A tshenyo ya madi a magolo! O ka bo a se rekisitse madi a mantsi mme a a abela bahumanegi.”
9 քանի որ այդ օծանելիքը կրնար սուղ գինով ծախուիլ ու աղքատներուն տրուիլ»:
10 Յիսուս հասկնալով՝ ըսաւ անոնց. «Ինչո՞ւ կ՚անհանգստացնէք կինը. ան լա՛ւ գործ մը ըրաւ ինծի:
Jesu a itse se ba se akanyang, mme a re, “Ke eng fa lo mo tshwaya phoso? Gonne o ntiretse tiro e ntle thata.
11 Որովհետեւ ամէ՛ն ատեն ունիք աղքատները ձեզի հետ, բայց ամէն ատեն չունիք զիս:
Lo tlaa aga lo na le bahumanegi, mme ga lo na go nna le nna ka malatsi otlhe.
12 Ա՛ն որ թափեց այդ օծանելիքը մարմինիս վրայ, ըրաւ իմ թաղումի՛ս համար:
O tshetse setlolo se mo go nna go baakanyetsa mmele wa me go fitlhwa.
13 Ճշմա՛րտապէս կը յայտարարեմ ձեզի. “Ամբողջ աշխարհի մէջ՝ ո՛ւր որ այս աւետարանը քարոզուի, ասոր ըրածն ալ պիտի պատմուի՝ իր յիշատակին համար”»:
Mme o tlaa aga a gopolwa ka tiro e. Polelo ya se a se dirileng e tlaa bolelwa mo lefatshing lotlhe, gongwe le gongwe kwa Mafoko a a Molemo a rerwang teng.”
14 Այն ատեն տասներկուքէն մէկը, որ կը կոչուէր Յուդա Իսկարիովտացի, գնաց քահանայապետներուն եւ ըսաւ.
Judase Isekariota, mongwe wa baaposetoloi ba ba some le bobedi a ya kwa ditlhogong tsa baperesiti,
15 «Ի՞նչ կ՚ուզէք տալ ինծի, որպէսզի մատնեմ զայն ձեզի»: Անոնք ալ խոստացան անոր երեսուն կտոր արծաթ:
mme a botsa a re, “Lo tlaa ntuela bokae go tsenya Jesu mo diatleng tsa lona?” Mme ba mo naya dipapetlana tsa selefera di le masome mararo.
16 Այդ ատենէն ետք պատեհութիւն կը փնտռէր, որպէսզի մատնէր զայն անոնց:
Mme go simologa ka lobaka loo, Judase a batla lebaka le le siameng la go ba okela Jesu.
17 Բաղարջակերքի առաջին օրը՝ աշակերտները եկան Յիսուսի ու ըսին անոր. «Ո՞ւր կ՚ուզես որ պատրաստենք քեզի պէտք եղածը՝ զատիկը ուտելու համար»:
Mo letsatsing la ntlha la mediro ya Tlolaganyo, fa senkgwe se se sa bidisi wang se se, tswang mo malapeng a a farologaneng a Sejuda se jewa, barutwa ba tla kwa go Jesu ba mmotsa ba re, “Re baakanyetsa go jela Moletlo wa Tlolaganyo kae?”
18 Ան պատասխանեց. «Գացէ՛ք քաղաքը՝ այսինչ մարդուն, եւ ըսէ՛ք անոր. “Վարդապետը կ՚ըսէ. "Ժամանակս մօտ է, քո՛ւ քովդ պիտի կատարեմ Զատիկը՝ աշակերտներուս հետ"”»:
A fetola a re, “Tsenang mo motseng lo fete lo bone rre semangmang, mme lo mo reye lo re, ‘Monnga rona a re, nako yame e gorogile mme ke tlaa jela dijo tsa Moletlo wa Tlolaganyo le barutwa ba me kwa tlong ya gago.’”
19 Աշակերտներն ալ ըրին՝ ինչպէս Յիսուս հրամայեց իրենց, ու պատրաստեցին զատիկը:
Jalo barutwa ba dira jaaka a ba boleletse, mme ba baakanya dijo teng.
20 Երբ իրիկուն եղաւ՝ սեղան նստաւ տասներկուքին հետ:
Mme ya re mo maabanyaneng ao fa a sa ntse a a ja le ba ba some le bobedi, a bua a re “Mongwe wa lona o tlaa nkoka.”
21 Մինչ կ՚ուտէին՝ ըսաւ. «Ճշմա՛րտապէս կը յայտարարեմ ձեզի թէ ձեզմէ մէկը պիտի մատնէ զիս»:
22 Չափազանց տրտմեցան եւ անոնցմէ իւրաքանչիւրը սկսաւ ըսել անոր. «Տէ՛ր, միթէ ե՞ս եմ»:
Mme ba futsafala thata, mme mongwe le mongwe wa bone a botsa a re, “A ke nna?”
23 Ան ալ պատասխանեց. «Ա՛ն որ ինծի հետ թաթխեց իր ձեռքը պնակին մէջ, անիկա՛ պիտի մատնէ զիս»:
A fetola a re, “Ke yo ke mo fileng sejo pele.
24 Ի՛րապէս մարդու Որդին կ՚երթայ՝ ինչպէս գրուած է իր մասին, բայց վա՜յ այն մարդուն՝ որուն միջոցով մարդու Որդին կը մատնուի: Այդ մարդուն լաւ պիտի ըլլար՝ որ ծնած չըլլար»:
Gonne ke tshwanetse go swa fela jaaka go porofitilwe, mme a bo go latlhega monna yo o nkokang. Go ka bo go le molemo thata fa yoo a ka bo a na a seka a tsalwa.”
25 Յուդա, որ պիտի մատնէր զայն, պատասխանեց. «Վարդապե՛տ, միթէ ե՞ս եմ»: Ըսաւ անոր. «Դո՛ւն ըսիր»:
Judase le ene, o ne a mmotsa a re, “Moruti, a ke nna?” Mme Jesu a mo raya a re, “Ke wena.”
26 Մինչ անոնք կ՚ուտէին, Յիսուս հաց առաւ, օրհնեց, կտրեց, տուաւ աշակերտներուն եւ ըսաւ. «Առէ՛ք, կերէ՛ք. ա՛յս է իմ մարմինս»:
Ya re ba sa ja, Jesu a tsaya senkgwe a se segofatsa, a se ngathoganya a se neela barutwa a re, “Tsayang lo je gonne se ke mmele wa me.”
27 Նաեւ բաժակը առաւ, շնորհակալ եղաւ, տուաւ անոնց ու ըսաւ.
Gape a tsaya senwelo sa mofine a se segofatsa, a se ba neela a re, “Mongwe le mongwe a nwe,
28 «Բոլո՛րդ ալ խմեցէ՛ք ասկէ. որովհետեւ ա՛յս է իմ արիւնս, նո՛ր ուխտին արիւնը, որ կը թափուի՝ շատերուն մեղքերու ներումին համար:
gonne se ke madi ame, a a kanelang Kgolagano e Ncha. A tshololelwa go itshwarela dibe tsa bontsintsi jwa batho.
29 Բայց կը յայտարարեմ ձեզի. “Ասկէ ետք բնա՛ւ պիտի չխմեմ որթատունկին բերքէն, մինչեւ այն օրը՝ երբ ձեզի հետ նո՛ր կերպով խմեմ զայն իմ Հօրս թագաւորութեան մէջ”»:
Tlhokomelang mafoko a me: Ga ke na go tlhola ke nwa mofine o gape go fitlhelela letsatsi le ke tlaa o nwang le lona o le mosha mo Bogosing jwa ga Rre.”
30 Օրհներգելէ ետք՝ գացին Ձիթենիներու լեռը:
Mme ya re ba sena go opela sefela, ba ya kwa Thabeng ya Lotlhware.
31 Այն ատեն Յիսուս ըսաւ անոնց. «Դուք բոլորդ պիտի գայթակղիք այս գիշեր իմ պատճառովս, որովհետեւ գրուած է. “Հովիւը պիտի զարնեմ, ու հօտին ոչխարները պիտի ցրուին”:
Mme Jesu a ba raya a re, “Bosigong jono, lotlhe lo tlaa mphatlalalela. Gonne go kwadilwe mo Dikwalong gore Modimo o tlaa itaya modisa, mme letsomane la dinku le tlaa phatlalala.
32 Բայց յարութիւն առնելէս ետք՝ ձեզմէ առաջ պիտի երթամ Գալիլեա»:
Mme morago ga ke tsosiwa ke tlaa ya Galalea, go lo rakantsha teng.”
33 Պետրոս պատասխանեց անոր. «Թէեւ բոլորն ալ գայթակղին քու պատճառովդ, ես բնա՛ւ պիտի չգայթակղիմ»:
Petere a mo fetola a re, “Fa botlhe ba ka go tlogela, nna ga ke na go go tlogela.”
34 Յիսուս ըսաւ անոր. «Ճշմա՛րտապէս կը յայտարարեմ քեզի. “Այս գիշեր՝ դեռ աքաղաղը չկանչած՝ երե՛ք անգամ պիտի ուրանաս զիս”»:
Jesu a mo raya a re, “Boammaaruri ke gore mo bosigongjono, pele ga mokoko o lela ka nako ya mahube maphakela, o tlaa bo o intatotse gararo!”.
35 Պետրոս ըսաւ անոր. «Նոյնիսկ եթէ պէտք ըլլայ որ քեզի հետ մեռնիմ՝ բնա՛ւ պիտի չուրանամ քեզ»: Այսպէս կ՚ըսէին նաեւ բոլոր աշակերտները:
Petere a fetola a re, “Go ka swa nna pele.” Mme le barutwa ba bangwe botlhe ba bua fela jalo.
36 Այն ատեն Յիսուս գնաց անոնց հետ վայր մը՝ որ Գեթսեմանի կը կոչուէր, եւ ըսաւ աշակերտներուն. «Հո՛ս նստեցէք, մինչ ես կ՚երթամ հոն՝ աղօթելու»:
Hong Jesu a ba lere fa moseleng wa tshimo ya Gethesemane, mme a ba raya a re ba nne fa fatshe mme ba lete foo a sa ntse a tsamaela fa pele go ya go rapela.
37 Իրեն հետ առնելով Պետրոսն ու Զեբեդէոսի երկու որդիները, սկսաւ տրտմիլ եւ շատ վշտանալ:
A tsaya Petere le bomorwa Sebede ba babedi Jakobe le Johane, mme a simolola go hutsafala le go huduega.
38 Այն ատեն ըսաւ անոնց. «Իմ անձս չափազանց տրտում է՝ մեռնելու աստիճան: Հո՛ս մնացէք եւ արթո՛ւն կեցէք ինծի հետ»:
Mme a ba raya a re, “Mowa wa me o hutsafetse thata o bile o utlwile botlhoko mo go isang losung: Lo lebelele le Nna.”
39 Ու քիչ մը առջեւ երթալով՝ ինկաւ իր երեսին վրայ, եւ աղօթեց՝ ըսելով. «Իմ հա՜յրս, եթէ կարելի է՝ այս բաժակը թող անցնի ինձմէ. բայց ո՛չ թէ ինչպէս ե՛ս կ՚ուզեմ, հապա՝ ինչպէս դո՛ւն կ՚ուզես»:
A ya fa pelenyana, a wela ka sefatlhogo fa fatshe, a rapela a re, “Rara! Fa go kgonega, a senwelo se se tlosiwe fa go nna. Mme ke batla thato ya gago, eseng ya me.”
40 Երբ եկաւ աշակերտներուն, քնացած գտաւ զանոնք ու ըսաւ Պետրոսի. «Այդպէս մէ՞կ ժամ ալ չկրցաք արթուն կենալ ինծի հետ:
Mme a boela morago kwa barutweng ba bararo mme a ba fitlhela ba thulametse. Mme a bitsa Petere a re, “a lo no lo ka seka lwa lebelela le nna ka lobaka lwa selekanyo sa oura fela?
41 Արթո՛ւն կեցէք եւ աղօթեցէ՛ք, որպէսզի չմտնէք փորձութեան մէջ. արդարեւ հոգին յօժար է, բայց մարմինը՝ տկար»:
Lebelelang lo rapele. Esengjalo thaelo e tlaa lo fenya. Gonne mowa tota o a rata, mme mmele o bokoa thata!”
42 Դարձեալ երկրորդ անգամ գնաց աղօթեց՝ ըսելով. «Իմ հա՜յրս, եթէ կարելի չէ որ այս բաժակը անցնի ինձմէ՝ առանց խմելու անկէ, քու կամքդ թող ըլլայ»:
Gape a ba tlogela a ya go rapela, a re, “Rara! Fa senwelo se se sa kake sa feta fela fa ke sa se nwe sotlhe, a go rata ga gago go diragale.”
43 Երբ եկաւ՝ դարձեալ քնացած գտաւ զանոնք, որովհետեւ անոնց աչքերը ծանրացած էին:
A boela kwa go bone mme a fitlhela ba robetse, gonne ba ne ba otsela thata,
44 Թողուց զանոնք ու դարձեալ գնաց, երրորդ անգամ աղօթեց՝ նո՛յն խօսքը ըսելով:
mme a boela gape mo thapelong lwa boraro, a boelela mafoko a o neng a ntse a a bua.
45 Այն ատեն եկաւ իր աշակերտներուն եւ ըսաւ անոնց. «Ասկէ ետք քնացէ՛ք ու հանգստացէ՛ք. ահա՛ ժամը մօտեցաւ, եւ մարդու Որդին պիտի մատնուի մեղաւորներուն ձեռքը:
Hong a tla kwa barutweng a re, “Robalang lo itapoloseng, bonang! Nako e gorogile, ke okelwa mo diatleng tsa batho ba ba bosula!
46 Ոտքի՛ ելէք, երթա՛նք ասկէ. ահա՛ մօտեցաւ ա՛ն՝ որ պիտի մատնէ զիս»:
Tsogang; a re tsamayeng! Bonang, motho yo o nkokang ke yoo o e tla!”
47 Մինչ ան դեռ կը խօսէր, Յուդա՝ տասներկուքէն մէկը՝ եկաւ, եւ իրեն հետ մեծ բազմութիւն մը՝ սուրերով ու բիրերով, քահանայապետներէն եւ ժողովուրդին երէցներէն:
Mme ya re ka lona lobaka loo a ntse a bua, Judase, mongwe wa ba ba lesome le bobedi, a goroga le bontsi jo bogolo jwa batho ba tshotse dichaka le melamu ba romilwe ke Baeteledipele ba Sejuda.
48 Զայն մատնողը նշան մը տուեր էր անոնց՝ ըսելով. «Ո՛վ որ համբուրեմ՝ ա՛ն է, բռնեցէ՛ք զայն»:
Judase o na a ba reile a re ba tshware yo o tlaa mo dumedisang gonne e tlaa bo e le ene yo ba mmatlang.
49 Եւ իսկոյն մօտենալով Յիսուսի՝ ըսաւ. «Ողջո՜յն, Վարդապե՛տ», ու համբուրեց զայն:
Hong Judase a tla a tlhamalaletse kwa go Jesu a re, “Dumela Morena!” Mme a mo tlamparela ka tsela ya go atla ka lorato lo lo feteletseng lwa tlhologelelo.
50 Յիսուս ըսաւ անոր. «Ընկե՛ր, ըրէ՛ ի՛նչ բանի համար որ եկար»: Այն ատեն մօտեցան, ձեռք բարձրացուցին Յիսուսի վրայ ու բռնեցին զայն:
Jesu a re, “Tsala ya me, tswelela pele o dire se o se tletseng.” Hong ba bangwe ba mo tshwara.
51 Յիսուսի հետ եղողներէն մէկը՝ երկարեց ձեռքը, եւ քաշելով իր սուրը՝ զարկաւ քահանայապետին ծառային ու խլեց անոր ականջը:
Mongwe wa banna ba ba patileng Jesu a somola chaka a kgaola tsebe ya motlhanka wa Moperesiti yo mogolo.
52 Այն ատեն Յիսուս ըսաւ անոր. «Վերադարձո՛ւր սուրդ իր տեղը, որովհետեւ բոլոր սուր առնողները՝ սուրո՛վ պիտի կորսուին:
Mme Jesu a mo raya a re, “Baya chaka ya gago, ba ba dirisang dichaka ba tlaa bolawa.
53 Կը կարծես թէ չե՞մ կրնար հի՛մա աղաչել իմ Հօրս, որ հասցնէ ինծի տասներկու լեգէոնէն աւելի հրեշտակներ:
A ga o lemoge gore ke ne ke ka kopa Rre dikete tsa baengele go re sireletsa, mme o na a ka ba roma gone fela ka nako eo.
54 Բայց ի՞նչպէս պիտի իրագործուին գրուածները, թէ ա՛յսպէս պէտք է ըլլայ»:
Mme fa nkabo ke dirile jalo; Dikwalo di ne di ka diragadiwa jang tse di tlhalosang se se diragalang jaanong jaana?”
55 Այդ ժամուն Յիսուս ըսաւ բազմութիւններուն. «Իբր թէ աւազակի՞ դէմ ելաք՝ սուրերով ու բիրերով բռնելու զիս: Ամէ՛ն օր տաճարին մէջ կը նստէի ձեզի հետ եւ կը սորվեցնէի, ու չբռնեցիք զիս:
Hong Jesu a bua le bontsintsi jwa batho a re, “A ke serukutlhi se se diphatsa, mo lo neng lwa tshwanelwa ke go tsaya dichaka le melamu pele ga lo ntshwara? Ke ntse le lona ka malatsi otlhe ke ruta mo Tempeleng mme ga lo ise lo ke lo nkganele.
56 Բայց այս ամէնը կատարուեցաւ, որպէսզի մարգարէներուն գրածները իրագործուին»: Այն ատեն բոլոր աշակերտները թողուցին զայն եւ փախան:
Mme mo gotlhe ga diragala go diragatsa mafoko a baporofiti jaaka a kwadilwe mo Dikwalong.”
57 Անոնք որ բռնեցին Յիսուսը՝ տարին Կայիափա քահանայապետին, ուր դպիրներն ու երէցները հաւաքուած էին:
Hong bontsi jwa batho jwa mo isa kwa legaeng la ga Kaiafase Moperesiti yo mogolo, kwa baeteledipele botlhe ba Sejuda ba neng ba phuthegetse teng.
58 Պետրոս հեռուէն հետեւեցաւ անոր՝ մինչեւ քահանայապետին գաւիթը, ներս մտաւ եւ նստաւ սպասաւորներուն հետ, որպէսզի տեսնէ վախճանը:
Mme e rile ka yone nako eo Petere a bo a le kgakala a mo setse morago, mme a tla mo kgotleng ya moperesiti yo mogolo a tsena mo teng a nna le masole, mme a emela go bona se se neng se tsile go diragalela Jesu.
59 Քահանայապետներն ու երէցները եւ ամբողջ ատեանը կը փնտռէին սուտ վկայութիւն մը Յիսուսի դէմ, որպէսզի մեռցնեն զայն.
Ditlhogo tsa baperesiti le lekgotla lotlhe le le tona la Sejuda tsa phuthaganela teng mme tsa senka basupi ba ba ka buang maaka ka ga Jesu, go mo direla kgang e e ka felelang ka katlholo ya loso.
60 բայց չգտան: Թէպէտ շատ սուտ վկաներ ալ եկան, ոչինչ գտան: Յետոյ երկու սուտ վկաներ եկան
Mme le fa ba ne ba bona bontsi jo bo neng jwa dumalana go nna basupi ba eseng ba boammaaruri, bone bao ba ne ba aga ba ganetsanya. Lwa bofelo ga bonwa banna ba le babedi ba ba neng ba supa ba re, “Monna yo o rile, ‘Ke kgona go senya Tempele ya Modimo ke bo ke e age mo malatsing a mararo’
61 ու ըսին. «Ասիկա ըսաւ. “Ես կրնամ քակել Աստուծոյ տաճարը եւ կառուցանել զայն երեք օրուան մէջ”»:
62 Քահանայապետը կանգնելով՝ ըսաւ անոր. «Ոչի՞նչ կը պատասխանես. ի՞նչ կը վկայեն ասոնք քեզի դէմ»:
Hong Mo peresiti yo Mogolo a ema ka dinao a raya Jesu a re, wa reng ka ga gone? A o buile jalo kgotsa nnyaa?”
63 Յիսուս լուռ կեցաւ: Ուստի քահանայապետը ըսաւ անոր. «Ապրո՛ղ Աստուծմով կ՚երդմնեցնեմ քեզ, որ ըսես մեզի թէ դո՞ւն ես Քրիստոսը՝ Աստուծոյ Որդին»:
Mme Jesu a didimala fela. Jalo Moperesiti yo Mogolo a mo raya a re, “Ke go ikanisa mo leineng la Modimo o o tshedileng gore o re bolelele gore a o ipitsa Mesia Morwa Modimo.”
64 Յիսուս ըսաւ անոր. «Դո՛ւն ըսիր: Բայց կը յայտարարեմ ձեզի. “Ասկէ ետք պիտի տեսնէք մարդու Որդին՝ բազմած Զօրութեան աջ կողմը, ու եկած երկինքի ամպերուն վրայ”»:
Mme Jesu a re, “Ee, ke ene. Mme e tlaa re mo malatsing a a tlang lo tlaa mpona, Nna Morwa Motho, ke ntse ka fa lebogong le legolo la Modimo ke tla ka maru a legodimo.”
65 Այն ատեն քահանայապետը պատռեց իր հանդերձները եւ ըսաւ. «Հայհոյե՛ց. ա՛լ ի՞նչ պէտք ունինք վկաներու: Ահա՛ հիմա լսեցիք ատոր հայհոյութիւնը.
Hong moperesiti yo Mogolo a ikgagola diaparo a goa a re, “O a tlhapatsa! Re sa ntse re tlhokelang basupi ba bangwe? Lo mo utlwile lotlhe a buajalo! Katlholo ya lona ke efe?” Ba gowa ba re, “A a bolawe! A a bolawe! A a bolawe!”
66 ի՞նչ կը մտածէք»: Անոնք պատասխանեցին. «Մահապա՛րտ է»:
67 Այն ատեն թքնեցին անոր երեսը, ու կռփահարեցին զայն: Ոմանք ալ ապտակելով՝ ըսին.
Hong ba mo kgwela mathe mo sefatlhogong, ba mo itaya mme ba bangwe ba mo phanya.
68 «Մարգարէացի՛ր մեզի, դո՛ւն՝ Քրիստո՛ս, ո՞վ է ան՝ որ զարկաւ քեզի»:
Ba re, “Re porofesetse, wena Mesia ke mang yo o nang a go itaya ka nako ele?”
69 Երբ Պետրոս դուրսը՝ գաւիթը նստած էր, աղախին մը եկաւ անոր եւ ըսաւ. «Դո՛ւն ալ Գալիլեացի Յիսուսի հետ էիր»:
Mme e rile ka lobaka loo, fa Petere a ntse mo kgotleng, mosetsana a tla kwa go ene a mo raya a re, “O ne o na le Jesu, gonne lotlhe lo tswa Galalea.”
70 Բայց ան ուրացաւ բոլորին առջեւ՝ ըսելով. «Չեմ գիտեր ի՛նչ կը խօսիս»:
Mme Petere a itatolela kwa godimo a gaketse a re, “Ga ke itse se o buang ka sone.”
71 Երբ դուրս ելաւ՝ նախագաւիթը, ուրիշ աղախին մը տեսաւ զայն ու ըսաւ հոն եղողներուն. «Ասիկա՛ ալ Յիսուս Նազովրեցիին հետ էր»:
Mme ya re a sena go tswa ka kgoro, mosetsana yo mongwe a mo lemoga, mme a raya ba ba neng ba eme foo a re, “Monna yo o ne a na le Jesu wa Nasaretha.”
72 Պետրոս դարձեալ երդում ընելով ուրացաւ. «Չեմ ճանչնար այդ մարդը»:
Gape Petere a itatola, ka ikano a re “Ga ke itse monna yo.”
73 Քիչ ետք՝ հոն կայնողները եկան եւ ըսին Պետրոսի. «Ճշմա՛րտապէս դո՛ւն ալ անոնցմէ ես, որովհետեւ խօսուածքդ ալ կը յայտնէ քեզ»:
Mme morago ga lobakanyana banna ba ba neng ba eme foo ba tla kwa go ene ba re, “Re itse gore o mongwe wa barutwa ba gagwe, gonne re utlwile loleme lwa gago lwa Segalalea.”
74 Այն ատեն սկսաւ նզովել ու երդում ընել՝ ըսելով. «Չեմ ճանչնար այդ մարդը»: Իսկոյն աքաղաղը կանչեց:
Petere a simolola go rogakana le go ikana a re, “Ga ke itse monna yo.” Mme ka bofefo mokoko wa lela.
75 Պետրոս յիշեց Յիսուսի խօսքը՝ որ իրեն ըսեր էր. «Դեռ աքաղաղը չկանչած՝ երե՛ք անգամ պիտի ուրանաս զիս». եւ դուրս ելլելով՝ դառնապէս լացաւ:
Hong Petere a gakologelwa se Jesu a se mo reileng fa a re, “Pele ga mokoko o lela o tlaa bo o intatotse gararo.” Mme a tswela kwa ntle a lela mo go botlhoko.

< ՄԱՏԹԷՈՍ 26 >