< ՄԱՏԹԷՈՍ 15 >

1 Այն ատեն Յիսուսի եկան դպիրներ ու Փարիսեցիներ, որոնք Երուսաղէմէն էին, եւ ըսին.
Bafarasai bangwe le baeteledipele ba Sejuda ba goroga ba tswa Jerusalema go tla go buisanya le Jesu.
2 «Ինչո՞ւ քու աշակերտներդ զանց կ՚ընեն նախնիքներուն աւանդութիւնը, քանի որ չեն լուար իրենց ձեռքերը՝ երբ հաց կ՚ուտեն»:
Mme ba mmotsa ba re, “Ke eng fa barutwa ba gago ba tlola ngwao ya Sejuda ya bogologolo? Ka gore ba tlhokomologa mokgwa wa setho sa rona wa go tlhapa diatla pele ga ba a ja.”
3 Ինք ալ պատասխանեց անոնց. «Հապա դո՛ւք ինչո՞ւ զանց կ՚ընէք Աստուծոյ պատուիրանը՝ ձեր աւանդութեան պատճառով:
A fetola a re, “Mme ke go reng fa ngwao ya lona e le kgatlhanong le melao e e tlhamaletsengya Modimo?
4 Արդարեւ Աստուած պատուիրեց. “Պատուէ՛ հայրդ ու մայրդ.
Sekai ke se, molao wa Modimo wa re, ‘Tlotla rrago le mmago; yo o buang bosula ka batsadi ba gagwe o tshwanetse go swa’.
5 եւ ո՛վ որ անիծէ իր հայրը կամ մայրը, մահո՛վ թող վախճանի”:
Mme lwa re, ‘Le fa batsadi ba lona ba tlhoka, go na le gore lo ba neye madi a dilo tse ba di tlhokang, bogolo lo ka a isa kwa kerekeng.’ Mme jalo ka molao wa lona o o itiretsweng ke motho, lo nyeletsa molao o o tlhamaletseng wa Modimo wa go tlotla le go tlhokomela batsadi ba lona.
6 Բայց դուք կ՚ըսէք. “Ո՛վ որ իր հօր կամ մօր ըսէ թէ "ի՛նչ օգուտ որ պիտի ստանաս ինձմէ՝ Աստուծոյ տալիք ընծայ է", եւ իր հայրը կամ մայրը չպատուէ՝ ազատ է”: Ա՛յսպէս՝ անվաւեր դարձուցած էք Աստուծոյ պատուիրանը՝ ձեր աւանդութեան պատճառով:
7 Կեղծաւորնե՛ր, Եսայի ճի՛շդ մարգարէացաւ ձեր մասին՝ ըսելով.
“Baitimokanyi ke lona! Isaia o porofitile sentle ka ga lona a re,
8 “Այս ժողովուրդը միայն շրթունքո՛վ կը պատուէ զիս, բայց իրենց սիրտը հեռու է ինձմէ.
‘Batho ba ba re baa ntlotla, mme dipelo tsa bone di kgakala.
9 եւ պարապ տեղը կը պաշտեն զիս՝ մարդոց պատուէրները սորվեցնելով իբր վարդապետութիւն”»:
Kobamelo ya bone ga e na molemo, ka gore ba ruta melao ya bone e ba e itiretseng mo boemong jwa ya Modimo’”.
10 Եւ բազմութիւնը կանչելով իրեն՝ ըսաւ անոնց. «Լսեցէ՛ք ու հասկցէ՛ք.
Hong Jesu a bitsa bontsintsi jwa batho a re, “Reetsang se ke se buang, lo bo lo leke go se tlhaloganya:
11 ո՛չ թէ ինչ որ կը մտնէ բերանը՝ կը պղծէ մարդը, հապա ինչ որ կ՚ելլէ բերանէն՝ անիկա՛ կը պղծէ մարդը»:
ga lo itshekololwe ke go ja dijo tse di idiwang ka molao wa Sejuda! Ke se lo se buang lo bile lo se akanya se se lo leswafatsang.”
12 Այն ատեն իր աշակերտները մօտեցան եւ ըսին իրեն. «Գիտե՞ս թէ Փարիսեցիները գայթակղեցան, երբ լսեցին այդ խօսքը»:
Hong barutwa ba tla ba mo raya ba re, “O kgopisitse Bafarasai ka lefoko lele.”
13 Ան ալ պատասխանեց. «Ամէն տունկ՝ որ իմ երկնաւոր Հայրս չէ տնկած, պիտի խլուի:
Jesu a fetola a re, “Setlhatshana sengwe le sengwe se se sa jalwang ke Rre se tlaa kumulwa ka medi, jalo he, ba itlho komoloseng. Ke bagogi ba ba foufetseng ba goga difofu, mme di tlaa wela mmogo mo khuting.”
14 Թողուցէ՛ք զանոնք. իրենք կոյր են, ու կոյրերու առաջնորդ: Եթէ կոյրը առաջնորդէ կոյրը, երկուքն ալ փոսը պիտի իյնան»:
15 Պետրոս ըսաւ անոր. «Բացատրէ՛ մեզի այս առակը»:
Hong Petoro a kopa Jesu go tlhalosa se a neng a se raya fa a re batho ga ba leswafadiwe ke dijo tse di idiwang ka molao wa Sejuda.
16 Յիսուս ըսաւ. «Դո՞ւք ալ տակաւին անխելք էք.
Mme Jesu a mmotsa a re, “A ga o tlhaloganye?
17 չէ՞ք հասկնար թէ ամէն ինչ որ կը մտնէ բերանը, կը պարունակուի փորին մէջ, ու կը ձգուի արտաքնոցը:
Ga o bone gore sengwe fela se o se jang, se tsena mo mpeng se be se tswela kwa ntle.
18 Իսկ ինչ որ բերանէն դուրս կ՚ելլէ՝ սիրտէ՛ն յառաջ կու գայ, եւ անիկա՛ կը պղծէ մարդը:
Mme mafoko a a bosula a tswa mo pelong e e bosula, a ba a leswafatsa motho yo o a buang.
19 Որովհետեւ սիրտէ՛ն կ՚ելլեն չար մտածումներ, սպանութիւններ, շնութիւններ, պոռնկութիւններ, գողութիւններ, սուտ վկայութիւններ ու հայհոյութիւններ:
Gonne mo pelong go tswa dikakanyo tse di bosula, polao, kgokafalo, boaka, bogodu, maaka le pateletso.
20 Ասո՛նք են որ կը պղծեն մարդը, բայց անլուայ ձեռքով հաց ուտելը՝ չի պղծեր մարդը»:
Tse ke tsone dilo tse di leswafatsang; mme ga go na teswafatso ya semowa ka go ja pele ga o tlotla ngwao ya go tlhapa diatla.”
21 Յիսուս անկէ մեկնելով՝ գնաց Տիւրոսի ու Սիդոնի երկրամասերը:
Jesu a tloga foo, a tsamaya dimaele di le masome matlhano go ya Ture le Sidona.
22 Եւ ահա՛ քանանացի կին մը, այդ հողամասերէն ելած, կը պոռար անոր. «Ողորմէ՜ ինծի, Տէ՛ր, Դաւիթի՛ որդի, աղջիկս սաստիկ կը չարչարուի դեւէն»:
Mosadi yo o tswang Kanana yo a neng a nna teng, a tla kwa go ene a kopa a re, “Nkutlwela botlhoko, Ao Morena, Morwa Kgosi Dafide! Gonne morwadiake o tsenywe ke mowa o o maswe o mo tlhokofatsa gangwe le gape.”
23 Ինք ո՛չ մէկ խօսքով պատասխանեց անոր. իսկ իր աշակերտները մօտենալով՝ կը թախանձէին իրեն ու կ՚ըսէին. «Արձակէ՛ զայն, որովհետեւ կ՚աղաղակէ մեր ետեւէն»:
Mme Jesu a seka a mo fetola le fa e le go bua lefoko lepe! Barutwa ba gagwe ba mo kopa ba re, “Mo reye a tsamaye, ka o re tshwenya ka go kopa ga gagwe.”
24 Ինք ալ պատասխանեց. «Ես ղրկուեցայ միայն Իսրայէլի տան կորսուած ոչխարներուն»:
Mme a raya mosadi a re, “Ke rometswe go thusa Bajuda e seng Badichaba.”
25 Բայց անիկա եկաւ, երկրպագեց անոր եւ ըսաւ. «Տէ՛ր, օգնէ՛ ինծի»:
Mme a tla a mo obamela a mo rapela gape a re, “Nthusa!”
26 Ան ալ պատասխանեց. «Լաւ չէ առնել զաւակներուն հացը ու նետել շուներուն»:
Jesu a mo raya a re, “Ga go bonale go siame go tsaya dijo mo baneng o di latlhelela dintsa.”
27 Անիկա ալ ըսաւ. «Այո՛, Տէ՛ր. սակայն շուները կը կերակրուին իրենց տիրոջ սեղանէն ինկած փշրանքներով»:
Mme mosadi a re, “Ee, mme go siame ka gore le dintsanyana ka fa tlase ga lomati lwa bojelo di letlelelwa go ja mahohora a a wang.”
28 Այն ատեն Յիսուս պատասխանեց անոր. «Ո՛վ կին, մեծ է հաւատքդ. թող ըլլայ քեզի՝ ի՛նչ որ կ՚ուզես»: Եւ նոյն ժամուն անոր աղջիկը բժշկուեցաւ:
Mme Jesu a mo raya a re, “Mosadi, tumelo ya gago e kgolo, mme kopo ya gago e letleletswe.” Mme Morwadie a fodisiwa gone fela foo!
29 Յիսուս անկէ մեկնեցաւ. երբ Գալիլեայի ծովեզերքը հասաւ՝ լեռը ելլելով նստաւ:
Erile morago ga moo a boela kwa lewatleng la Galalea, a palama thaba a nna gone.
30 Ու մեծ բազմութիւններ եկան իրեն, որոնք ունէին իրենց հետ կաղեր, կոյրեր, համրեր, հաշմանդամներ եւ շատ ուրիշներ, ու ձգեցին զանոնք Յիսուսի ոտքը: Ան ալ բուժեց զանոնք.
Mme bontsintsi jwa batho jwa lere kwa go ene ba ba tlhotsang, difofu, digole, le dimumu le ba bangwe ba bantsi, ba ba baya fa pele ga ga Jesu, mme a ba fodisa botlhe.
31 այնպէս որ բազմութիւնը զմայլեցաւ՝ տեսնելով որ համրերը կը խօսէին, հաշմանդամները կը բժշկուէին, կաղերը կը քալէին եւ կոյրերը կը տեսնէին. ու կը փառաբանէին Իսրայէլի Աստուածը:
E ne ya nna kgakgamalo jang! Ba pele ba neng ba ntse ba sa kgone go bua ba ne ba bua ka boitumelo, digole di ne di tsamaya di tlolaka, le ba ba neng ba le difofu ba ne ba bona! Bontsintsi jwa batho jwa gakgamala fela, mme ba galaletsa Modimo wa Iseraele.
32 Յիսուս՝ քովը կանչելով իր աշակերտները՝ ըսաւ. «Կը գթամ այդ բազմութեան վրայ, որովհետեւ արդէն երեք օրէ ի վեր քովս են, եւ ուտելիք ոչի՛նչ ունին: Չեմ ուզեր անօթի արձակել զանոնք, որպէսզի ճամբան չպարտասին»:
Mme Jesu a bitsa barutwa ba gagwe a re, “Ke tlhomogela batho ba pelo, ba ntse ba le fano le nna malatsi a le mararo jaanong, mme ga baa salelwa ke sepe go se ja; ga ke batle go ba phatlalatsa ba bolailwe ke tlala, kgotsa e ka re gongwe ba idibala mo tseleng.”
33 Աշակերտները ըսին անոր. «Մենք անապատին մէջ ուրկէ՞ պիտի ունենանք այնչափ հաց, որ կշտացնենք ա՛յսչափ մեծ բազմութիւն մը»:
Barutwa ba fetola ba re, “Mme re tlaa bona dijo tse di lekanyeng kae fano mo sekakeng gore batho ba botlhe ba je?”
34 Յիսուս ըսաւ անոնց. «Քանի՞ նկանակ ունիք»: Անոնք ալ ըսին. «Եօթը, ու քանի մը մանր ձուկ»:
Jesu a ba botsa a re, “Lo na le dijo di le kae?” ba fetola ba re, “Re na le dinkgwe di supa le ditlhatswana di se kae.”
35 Հրամայեց բազմութեան՝ որ նստին գետինին վրայ:
Hong Jesu a raya batho botlhe a re ba nne fa fatshe
36 Առաւ եօթը նկանակներն ու ձուկերը, շնորհակալ եղաւ, կտրեց եւ տուաւ աշակերտներուն, աշակերտներն ալ՝ բազմութեան:
mme Jesu a tsaya dinkgwe tse di supang le ditlhapi, a di lebogela, a di ngathoganya, a di neela barutwa ba gagwe gore ba di neele batho.
37 Բոլորը կերան ու կշտացան, եւ վերցնելով աւելցած բեկորները՝ եօթը զամբիւղ լեցուցին:
Mme botlhe ba a ja ba kgora, e le dikete di le nne tsa banna kwa ntle ga basadi le bana! moragonyana, fa masalela a kokoangwa, go ne ga tladiwa diroto di supa!
38 Անոնք որ կերան՝ չորս հազար այր մարդիկ էին, կիներէն ու մանուկներէն զատ:
39 Երբ արձակեց բազմութիւնը, նաւ մտաւ եւ գնաց Մագդաղայի հողամասը:
Mme Jesu a phatlalatsa batho go ya kwa gae, a tsena mo mokorong a kgabaganyetsa kwa Magadana.

< ՄԱՏԹԷՈՍ 15 >