< ՄԱՐԿՈՍ 7 >

1 Փարիսեցիներէն ու դպիրներէն ոմանք՝ որ եկած էին Երուսաղէմէն՝ իր քով հաւաքուեցան:
Ka letsatsi lengwe baeteledipele bangwe ba tumelo ya Sejuta ba tla kwa go ene ba tswa kwa Jerusalema go tla go mo tlhotlhomisa,
2 Երբ տեսան թէ անոր աշակերտներէն ոմանք՝ պիղծ, այսինքն՝ անլուայ ձեռքերով հաց կ՚ուտեն, մեղադրեցին.
ba lemoga gore bangwe ba barutwa ba gagwe ga ba diragatse mekgwa ya bone e e tlwaelesegileng ya Sejuta pele ga ba a ja.
3 որովհետեւ Փարիսեցիներն ու բոլոր Հրեաները հաց չեն ուտեր՝ մինչեւ որ լա՛ւ մը լուան իրենց ձեռքերը, քանի որ նախնիքներուն աւանդութիւնը կը պահեն:
Gonne Bajuta, segolo jang Bafarasai, ga ba ka ke ba a ja pele ga ba tlhapa diatla tsa bone go fitlha mo dikgonong, jaaka go tlhokafala ka dingwao tsa bone tsa bogologolo.
4 Շուկայէն եկած ատեն եթէ չլուացուին՝ չեն ուտեր: Ասոնց նման շատ բաներ կան, որոնք ընդունած են ու կը պահեն, ինչպէս՝ գաւաթներու, փարչերու, պղինձէ անօթներու եւ սեղաններու լուացումը:
Jalo fa ba tla gae ba tswa marekelong ba tshwanetse go tlhapa ka mokgwa oo pele ga ba ka ama dijo. Se ke sengwe sa dikai tse dintsi tsa melao e e tlwaelesegileng e ba saleng ba e ngaparela ka dingwaga di le dintsi e sa ntse e tsweletse e dirisiwa, fela jaaka tlwaelo ya bone ya go tlhatswa dipitsa le senwelo le dijana tse di jelang.
5 Հետեւաբար Փարիսեցիներն ու դպիրները հարցուցին անոր. «Ինչո՞ւ քու աշակերտներդ նախնիքներուն աւանդութեան համաձայն չեն շարժիր, եւ անլուայ ձեռքերով հաց կ՚ուտեն»:
Hong baeteledipele ba tumelo ba mmotsa ba re, “Ke ka ntlha yang fa barutwa ba gago ba sa latele ngwao ya rona ya bogologolo? Gonne ba ja pele ga ba tlhapa.”
6 Ինք ալ պատասխանեց անոնց. «Եսայի ճի՛շդ մարգարէացաւ ձեր մասին, կեղծաւորնե՛ր, ինչպէս գրուած է. “Այս ժողովուրդը միայն շրթունքո՛վ կը պատուէ զիս, բայց իրենց սիրտը հեռու է ինձմէ.
Mme Jesu a araba a re, “Baitemokanyi ke lona! Isaia moporofiti o lo bonye sentle fa a re, ‘Batho ba ba bua sentle ka ga Morena mme ba sa mo rate ka boammaaruri. Kobamelo ya bone ke ya dinyana, gonne ba re Modimo o laola batho go obamela melao ya bone! Ruri Isaia o ne a le boammaaruri jang!’
7 ու պարապ տեղը կը պաշտեն զիս՝ մարդոց պատուէրները իբր վարդապետութիւն սորվեցնելով”:
8 Որովհետեւ Աստուծոյ պատուիրանը ձգելով՝ մարդո՛ց աւանդութիւնը կը պահէք, ինչպէս՝ փարչերու եւ գաւաթներու լուացումը, ու ասոնց նման շատ ուրիշ բաներ կ՚ընէք»:
Gonne lo itlhokomolosa melao ya Modimo e e tlhomameng mme mo boemong jwa moo lo tshegeditse ngwao ya lona fela.
9 Եւ ըսաւ անոնց. «Լա՛ւ կ՚անարգէք Աստուծոյ պատուիրանը, որպէսզի ձեր աւանդութիւնը պահէք:
Ga re lo a tle lo gane melao ya Modimo fela lo bo lo e gataka ka dinao gore lo tle lo tshegetse ngwao ya lona.
10 Քանի որ Մովսէս ըսաւ. “Պատուէ՛ հայրդ ու մայրդ. եւ ո՛վ որ անիծէ իր հայրը կամ մայրը, մահո՛վ թող վախճանի”:
Fela jaaka Moshe a lo neile molao o o tswang kwa Modimong; o o reng, ‘Tlotla rrago le mmago!’ Mme a re le fa e le mang yo o buang bosula ka ga rraagwe kgotsa mmaagwe o tshwanetse go swa.
11 Բայց դուք կ՚ըսէք. “Եթէ մէկը իր հօր կամ մօր ըսէ. "Ի՛նչ օգուտ որ ինձմէ պիտի ստանաս՝ Աստուծոյ տալիք կորբան է", (որ կը նշանակէ՝ ընծայ, ) ան ազատ կ՚ըլլայ”,
Mme lwa re go siame fa motho a itlhokomolosa batsadi ba gagwe ba ba tlhokang, a ba raya a re, ‘Lo intshwarele, ga nkake ka lo thusa! Gonne se ke neng ke tlaa se lo naya ke se ntsheditse Modimo.’
12 եւ ա՛լ թոյլ չէք տար անոր՝ բա՛ն մը ընել իր հօր կամ մօր:
Jalo lo roba molao wa Modimo go diragatsa ngwao ya lona e e dirilweng ke batho. Mme se ke sekai se le sengwe fela. Go na le tse dingwe di le dintsi thata.”
13 Անվաւեր կը դարձնէք Աստուծոյ խօսքը՝ ձեր փոխանցած աւանդութեամբ, ու շատ ուրիշ բաներ կ՚ընէք՝ ասոր նման»:
14 Ամբողջ բազմութիւնը իրեն կանչելով՝ ըսաւ անոնց. «Բոլո՛րդ ալ մտիկ ըրէք ինծի, ու հասկցէ՛ք:
Hong Jesu a bitsa bontsintsi jwa batho go tla go reetsa: A re, “A mongwe le mongwe wa lona a reetse, lo bo lo leke go tlhaloganya.
15 Ոչինչ կայ՝ որ դուրսէն մտնէ մարդուն մէջ ու կարող ըլլայ պղծել զայն. հապա ինչ որ դուրս կ՚ելլէ անկէ, անիկա՛ է որ կը պղծէ մարդը:
Mewa ya lona ga e senngwe ke se lo se jang, mme e senngwa ke se lo se akanyang le se lo se buang!”
16 Ո՛վ որ ականջ ունի լսելու՝ թող լսէ»:
17 Երբ ինք՝ զատուելով այդ բազմութենէն՝ տուն մտաւ, իր աշակերտները հարցուցին իրեն այդ առակին մասին:
Hong a tsena mo tlung go tswa fa bontsing jwa batho, mme barutwa ba gagwe ba mmotsa gore o rayang ka se a neng a se bolela.
18 Ըսաւ անոնց. «Դո՞ւք ալ այդպէս անխելք էք. չէ՞ք ըմբռներ թէ ամէն ինչ՝ որ դուրսէ՛ն կը մտնէ մարդուն մէջ, չի կրնար պղծել զայն,
Mme a ba botsa a re, “A le lona ga lo tlhaloganye? A ga lo bone gore se lo se jang ga se kake sa senya mewa ya lona?
19 որովհետեւ ո՛չ թէ անոր սիրտին մէջ կը մտնէ՝ հապա փորը, եւ արտաքնոցը դուրս կ՚ելլէ. ուստի բոլոր կերակուրները մաքուր են՝՝»:
Gonne dijo ga di amane ka gope le pelo ya gago, mme di feta fela ka mometso di ye kwa di silwang teng,” (go bua se o ne a supa fa mofuta mongwe le mongwe o na le go ka jewa.)
20 Նաեւ ըսաւ. «Ինչ որ կ՚ելլէ մարդուն ներսէն, անիկա՛ կը պղծէ մարդը:
Mme a nna a tswelela a re, “Ke dikakanyo fela tse di bosula tse di itshekololang.
21 Որովհետեւ ներսէ՛ն, մարդոց սիրտէ՛ն, կ՚ելլեն չար մտածումներ, շնութիւններ, պոռնկութիւններ, սպանութիւններ,
Gonne go tswa mo dipelong tsa batho, go tswa dikakanyo tse di bosula, tsa dikeletso, bogodu, go bolaya, boaka,
22 գողութիւններ, ագահութիւններ, չարութիւններ, նենգութիւն, ցոփութիւն, չար աչք, հայհոյութիւն, ամբարտաւանութիւն, անմտութիւն:
go batla tse e leng tsa ba bangwe, boikepo, tsietso, maaka, dithato, bopelompe, mabela le dilo tsotlhe tsa boeleele.
23 Այս բոլոր չար բաները ներսէ՛ն կ՚ելլեն ու կը պղծեն մարդը»:
Mme dilo tse tsotlhe tse di bosula di tswa mo teng; ke tsone tse di go itshekololang gore o seka wa itekanela mo Modimong.”
24 Կանգնելով՝ անկէ գնաց Տիւրոսի եւ Սիդոնի հողամասերը, ու տուն մը մտնելով՝ կ՚ուզէր որ ո՛չ մէկը գիտնայ. բայց չկրցաւ թաքուն մնալ:
Mme a tswa a tloga mo Galalea a tsamaya a ya kwa kgaolong ya Ture le Sidona, mme a leka go go dira sephiri sa gore o ne a le teng koo, mme ga seka ga diragala. Gonne jaaka gale, dikgang tsa kgorogo ya gagwe di ne tsa anama ka bofefo.
25 Որովհետեւ կին մը, որուն աղջիկը անմաքուր ոգի ունէր իր մէջ, լսեց անոր մասին, եկաւ եւ ինկաւ անոր ոտքը:
Ka bonako ga tla mosadi kwa go ene yo ngwana wa gagwe o neng a na le mowa o o maswe, a utlwaletse kaga Jesu mme a tla a wela fa dinaong tsa gagwe,
26 Այդ կինը հեթանոս էր, փիւնիկ-ասորի ցեղէն, ու կը թախանձէր անոր՝ որ հանէ դեւը իր աղջիկէն:
mme a mo rapela gore a golole ngwana wa gagwe mo thateng ya taolo ya mowa o o maswe. (Mme a bo a le modichaba wa Se-Siria le Se-Fonishia yo o nyaditsweng!)
27 Յիսուս ըսաւ անոր. «Թո՛յլ տուր՝ որ նախ զաւակնե՛րը կշտանան, քանի որ լաւ չէ առնել զաւակներուն հացը եւ նետել շուներուն»:
Mme Jesu a mo raya a re, “Pele ke tshwanetse go thusa bagaetsho Bajuta. Ga go a siama go tsaya dijo tsa bana o di latlhelela dintsa.”
28 Ան ալ պատասխանեց անոր. «Այո՛, Տէ՛ր. սակայն շուներն ալ՝ սեղանին ներքեւ՝ կը կերակրուին զաւակներուն փշրանքներէն»:
Hong mosadi a araba a re, “Go boammaaruri, Morena, le tsone dintsanyana kafa tlase ga lomati lwa bojelo di newa mafofora a a wang mo dijaneng tsa bana.”
29 Յիսուս ըսաւ անոր. «Այդ խօսքիդ համար՝ գնա՛, դեւը դուրս ելաւ աղջիկէդ»:
Mme a mo raya a re, “Go siame! O arabile sentle mo eleng gore ke fodisitse ngwana wa gago wa mosetsana. Tsamaya o ye gae, gonne mowa o o maswe o dule mo go ene!”
30 Կինը իր տունը երթալով՝ գտաւ որ դեւը ելած էր, իսկ աղջիկը՝ պառկած մահիճին վրայ:
Mme e rile fa a tsena kwa gae, ngwana wa gagwe a bo a robetse ka tidimalo e kgolo mo bolaong, mme mowa o o maswe wa bo o tsamaile.
31 Դարձեալ Տիւրոսի եւ Սիդոնի հողամասերէն մեկնելով՝ գնաց Գալիլեայի ծովեզերքը, Դեկապոլիսի հողամասին մէջէն:
Mme go tswa kwa Ture a tsamaya a ya Sidona, a boela kwa lewatleng la Galalea ka tsela ya metse e le lesome.
32 Մէկը բերին անոր առջեւ, խուլ ու դժուարախօս, եւ կ՚աղաչէին՝ որ ձեռք դնէ անոր վրայ:
Ga tlisiwa kwa go ene monna yo o neng a sa utlwe e le susu a bile a kwakwaetsa, mme botlhe ba kopa Jesu gore a beye diatla tsa gagwe mo monneng yoo go mo fodisa.
33 Բազմութենէն մէկդի առնելով զայն՝ իր մատները մխեց անոր ականջներուն մէջ ու թքնեց, եւ դպաւ անոր լեզուին.
Jesu a mo ntsha mo bontsing jwa batho a tsenya menwana ya gagwe mo ditsebeng tsa gagwe, a kgwa mathe a ama loleme lwa monna yoo.
34 ապա երկինք նայելով՝ հառաչեց ու ըսաւ անոր. «Եփփաթա՛», (որ ըսել է՝ բացուէ՛.)
Hong a leba kwa legodimong, a fegelwa mme a laola gore a “Kabologe!”
35 իսկոյն բացուեցան անոր ականջները եւ քակուեցաւ անոր լեզուին կապը, ու շիտակ կը խօսէր:
Ka bonako monna a simolola go utlwa sentle le go bua sentle ka tlhamalalo!
36 Պատուիրեց անոնց՝ որ ո՛չ մէկուն ըսեն. սակայն ինք ո՛րքան կը պատուիրէր անոնց, անոնք ա՛լ աւելի կը հրապարակէին:
Mme Jesu a raya bontsi jwa batho a re ba seka ba bolelela ope, mme le fa a na a ba iditse jalo, bone ba ya ba bolela bogolo segolo.
37 Չափազանց կ՚ապշէին ու կ՚ըսէին. «Ան ամէն ինչ լաւ կ՚ընէ. խուլերուն լսել կու տայ, եւ համրերուն՝ խօսիլ»:
Gonne ba ne ba gakgametse ka se se diragetseng. Gangwe le gape ba re, “Sengwe le sengwe se o se dirang ke se se gakgamatsang; o kgona gore ba ba susu ba utlwe le ba ba kwakwaetsang ba bue!”

< ՄԱՐԿՈՍ 7 >