< ՂՈԻԿԱՍ 23 >

1 Անոնց ամբողջ բազմութիւնը կանգնեցաւ, տարին զայն Պիղատոսի,
Mme Lekgotla lotlhe la tseela Jesu kwa go Pilatwe wa molaodi.
2 եւ սկսան ամբաստանել զինք ու ըսել. «Ասիկա գտանք, որ կը խոտորեցնէր մեր ազգը, կ՚արգիլէր կայսրին հարկ տալ, եւ կ՚ըսէր իր մասին թէ ինք Քրիստոսն է՝ թագաւորը»:
Mme ba simolola go mmaya molato ba re: “Motho yo o ntse a timetsa batho ba rona ka go ba raya a re ba se ka ba ntshetsa mmuso wa Seroma makgetho ebile o ipitsa gore ke Mesia wa rona, Kgosi.”
3 Պիղատոս հարցուց անոր. «Դո՞ւն ես Հրեաներուն թագաւորը»: Ան ալ պատասխանեց անոր. «Դո՛ւն կ՚ըսես»:
Mme Pilatwe a mmotsa a re, “A o Mesia wa bone, Kgosi ya bone?” Jesu a fetola a re, “Ee, ke jaaka o bua.”
4 Ուստի Պիղատոս ըսաւ քահանայապետներուն եւ բազմութեան. «Ես ո՛չ մէկ յանցանք կը գտնեմ այս մարդուն վրայ»:
Mme Pilatwe a retologela kwa baperesiting ba bagolo le kwa lesomong la batho a re, “Moo ga se molato!”
5 Բայց անոնք կը պնդէին ու կ՚ըսէին. «Կը գրգռէ ժողովուրդը, եւ կը սորվեցնէ ամբողջ Հրէաստանի մէջ՝ Գալիլեայէն սկսած մինչեւ այստեղ»:
Ba kgobega marapo ba re, “Mme o tsosa dipheretlhego kgatlhanong le mmuso gongwe le gongwe kwa o yang teng, mo Judea otlhe, go tswa Galalea, go ya Jerusalema!”
6 Պիղատոս՝ լսելով Գալիլեայի մասին՝ հարցուց թէ այդ մարդը Գալիլեացի՛ է:
Pilatwe a botsa a re, “A ke Moga lalea?”
7 Երբ գիտցաւ թէ Հերովդէսի իշխանութեան կը պատկանի՝ ղրկեց զայն Հերովդէսի, քանի որ ա՛ն ալ Երուսաղէմ էր այդ օրերը:
Mme ya re ba dumela, Pilatwe a re ba mo ise kwa go Kgosi Herode, gonne Galalea o ne a le ka fa tlase ga taolo ya ga Herode, mme Herode o ne a le mo Jerusalema ka lobaka loo.
8 Երբ Հերովդէս տեսաւ Յիսուսը՝ չափազանց ուրախացաւ, որովհետեւ շատո՛նց կ՚ուզէր տեսնել զայն. քանի որ շատ բաներ լսած էր անոր մասին, ու կը յուսար տեսնել նշան մը՝ կատարուած անով:
Herode o ne a itumelela sebaka seo sa go bona Jesu, gonne o ne a mo utlwaletse thata mme a solofetse go bona a dira kgakgamatso.
9 Շատ խօսքերով հարցաքննեց զայն, բայց ան ոչինչ պատասխանեց անոր:
A botsa Jesu dipotso ka go latelana, mme a se ka a fetola.
10 Քահանայապետներն ու դպիրներն ալ կեցած էին, եւ սաստիկ կ՚ամբաստանէին զինք:
Mme ya re ka lobakanyana loo, baperesiti ba bagolo le baeteledipele ba tumelo ba goa ba eme foo ba mmaya molato.
11 Հերովդէս ալ՝ իր զօրականներուն հետ՝ անարգեց զայն, ու ծաղրելէն ետք՝ հագցուց անոր փառահեղ տարազ մը եւ ետ ղրկեց Պիղատոսի:
Mme Herode le masole a gagwe ba simolola go sotla Jesu ba mo tshega; ba mo apesa seaparo sa segosi, ba mmusetsa kwa go Pilatwe.
12 Այդ օրը Պիղատոս ու Հերովդէս բարեկամ եղան իրարու հետ. որովհետեւ նախապէս թշնամութիւն կար իրենց միջեւ:
Mme ya re letsatsi leo Herode le Pilatwe ba ba kileng ba ne ba tlhoane pele, ba nna ditsala tse dikgolo.
13 Պիղատոս հաւաքեց քահանայապետները, պետերն ու ժողովուրդը,
Mme Pilatwe a phutha baperesiti ba bagolo le baeteledipele ba bangwe ba Sejuta le batho,
14 եւ ըսաւ անոնց. «Այս մարդը բերիք առջեւս՝ ժողովուրդը խոտորեցնողի մը պէս, բայց ես՝ ձեր առջեւ հարցաքննելով՝ ձեր ամբաստանութիւններէն ո՛չ մէկ յանցանք գտայ այս մարդուն վրայ,
a bolela mogopolo wa gagwe a re, “Lo ntereditse monna yo, lo mmaya molato ka go tsosa khuduego kgatlhanong le mmuso wa Se-Roma. Mme ke mo tlhatlhobile sentle mo ntlheng e mme ga ke mmone molato ope.
15 ո՛չ ալ Հերովդէս, որովհետեւ անոր ղրկեցի ձեզ. եւ ահա՛ մահուան արժանի ոչինչ ըրած է:
Herode le ene o mmuseditse kwano go rona, a sa mmona molato o o tshwanetseng loso.
16 Ուրեմն պատժեմ զայն, ու արձակեմ»:
Jalo ke tlaa mo kgwathisa ka thupa e e mitlwa, ke bo ke mo golola.”
17 (Արդարեւ տօնին ատենը՝ հարկ էր որ մէկը արձակէր անոնց: )
Mme modumo o mogolo wa tsoga mo bathong ka lentswe le le lengwe ba re, “Mmolaye, o re gololele Barabase!”
18 Ամբողջ բազմութիւնը միասին աղաղակեց. «Վերցո՛ւր ասիկա, եւ Բարաբբա՛ն արձակէ մեզի»
19 (որ բանտը նետուած էր՝ քաղաքին մէջ եղած ապստամբութեան մը ու մարդասպանութեան համար):
(Barabase o ne a le mo kgolegelong ka ntlha ya go simolola dipheretlhego mo Jerusalema kgatlhanong le mmuso le go bolaya batho).
20 Իսկ Պիղատոս՝ ուզելով Յիսուսը արձակել՝ դարձեալ խօսեցաւ անոնց:
Mme Pilatwe a ganetsanya nabo, gonne o ne a batla go golola Jesu.
21 Բայց անոնք կը գոչէին. «Խաչէ՛, խաչէ՛ զայն»:
Mme ba goa ba re, “Mmapole! Mmapole!”
22 Ինք երրորդ անգամ ըսաւ անոնց. «Բայց ի՞նչ չարիք ըրած է. ես մահուան արժանի ո՛չ մէկ պատճառ գտայ անոր վրայ. ուրեմն պատժեմ զայն եւ արձակեմ»:
A bo a bua le bone la boraro a kopa a re, “Ka ntlha yang? O dirile molato ofe? Ga ke a bona lebaka lepe la go mo atlholela loso. Mme ke tlaa mo kgwathisa ke bo ke mo lesa a tsamaya.”
23 Իսկ անոնք կը պնդէին բարձրաձայն աղաղակներով ու կը պահանջէին որ խաչուի. եւ անոնց ու քահանայապետներուն ձայները յաղթեցին:
Mme ba goela kwa godimodimo gore Jesu a bapolwe, mantswe a bone a bo a fenya.
24 Ուստի Պիղատոս վճռեց որ անոնց պահանջածը ըլլայ:
Mme Pilatwe a atlholela Jesu loso jaaka ba lopile.
25 Արձակեց անոնց՝ իրենց պահանջած մարդը, որ բանտը նետուած էր ապստամբութեան ու մարդասպանութեան համար, իսկ յանձնեց Յիսուսը անոնց կամքին:
Mme a golola Barabase, ka fa kopong ya bone, monna yo o neng a tshwaretswe go feretlha le go bolaya batho. Mme Pilatwe a ba neela Jesu gore ba mo dire ka fa ba ratang ka teng.
26 Երբ կը տանէին զայն, բռնեցին Սիմոն Կիւրենացի կոչուած մէկը՝ որ արտէն կու գար, եւ դրին խաչը անոր վրայ, որպէսզի կրէ Յիսուսի ետեւէն:
Mme ya re bontsi jwa batho bo isa Jesu kwa o neng a ya go bolaelwa teng, ba bona Simone wa Mokurene yo e neng e le gone a gorogang mo Jerusalema a tswa kwa dikgaolong, mme ba mo pateletsa go ba sala morago, a sikere mokgoro wa ga Jesu.
27 Ժողովուրդը կը հետեւէր անոր՝ մեծ բազմութեամբ, նաեւ կիներ՝ որոնք կը հեծեծէին ու կ՚ողբային անոր վրայ:
Bontsintsijwa batho jwa mo sala morago, le basadi ba le bantsi ba ba neng ba mo lelela ka kutlobotlhoko.
28 Յիսուս դարձաւ անոնց եւ ըսաւ. «Երուսաղէմի՛ աղջիկներ, մի՛ լաք իմ վրաս, հապա լացէ՛ք դուք ձեր վրայ ու ձեր զաւակներուն վրայ:
Mme Jesu a retologa a ba raya a re, “Bomorwadia Jerusalema, se nteleleng, iteleleng lo bo lo lelele bana ba lona.
29 Որովհետեւ ահա՛ կու գան օրերը՝ որոնց մէջ պիտի ըսեն. “Երանի՜ ամուլներուն եւ այն որովայններուն՝ որոնք չծնան, ու ծիծերուն՝ որոնք կաթ չտուին՝՝”:
Gonne malatsi a e tla, a basadi ba ba senang bana ba tlaa bidiwang ba ba sego tota.
30 Այն ատեն պիտի սկսին ըսել լեռներուն. “Ինկէ՛ք մեր վրայ”, ու բլուրներուն. “Ծածկեցէ՛ք մեզ”:
Batho ba tlaa lopa dithaba gore di ba wele di ba sugakanye le maje gore a ba khurumetse.
31 Որովհետեւ եթէ ա՛յսպէս կ՚ընեն դալար փայտին, հապա ի՞նչ պիտի ընեն չորին»:
Gonne fa dilo tse di ntseng jaana di dirwa mo go nna Setlhare sa Botshelo, lona ba tlaa lo dira jang?”
32 Երկու ուրիշներ ալ՝ չարագործներ՝ տարին անոր հետ, որպէսզի մեռցուին:
Dinokwane tse pedi di ne tsa tlisiwa go ya go bolawa nae kwa lefelong le le bidiwang “Logata.” Ka boraro jwa bone ba bapolwa, Jesu a le mo mokgorong o o fa gare, dinokwane tse pedi di le mo ditlhakoreng.
33 Երբ հասան Գագաթ կոչուած տեղը, հոն խաչեցին զայն եւ այդ չարագործներն ալ, մէկը աջ կողմը ու միւսը ձախ կողմը:
34 Յիսուս ըսաւ. «Հա՛յր, ներէ՛ անոնց, որովհետեւ չեն գիտեր թէ ի՛նչ կ՚ընեն»: Յետոյ անոր հանդերձները բաժնելու ատեն՝ վիճակ ձգեցին:
Mme Jesu a re, “Rara, itshwarele batho ba, gonne ga ba itse se ba se dirang.” Mme masole a kgaogana diaparo tsa gagwe ba di laola ka bola.
35 Ժողովուրդը կայնած՝ կը դիտէր. պետերն ալ անոնց հետ կը քամահրէին զայն ու կ՚ըսէին. «Ուրիշները փրկեց, ինքզի՛նքն ալ թող փրկէ, եթէ ի՛նք է Քրիստոսը՝ Աստուծոյ ընտրեալը»:
Batho ba lebelela. Mme Baeteledipele ba Sejuta ba sotla. Ba re, “O ne a siame thata go thusa ba bangwe, a re mmoneng a ipoloka fa e le gore ke ene tota yo o tlhophilweng ke Modimo go nna Mesia.”
36 Զինուորներն ալ կը ծաղրէին զայն. կու գային առջեւը, քացախ կը մատուցանէին անոր,
Mme masole le one a mo sotla ka go mo nosa seno se se botlha sa mofine.
37 ու կ՚ըսէին. «Եթէ դո՛ւն ես Հրեաներուն թագաւորը, փրկէ՛ դուն քեզ»:
Mme ba mo tlhaeletsa ba re, “Fa o le kgosi ya Bajuta, ipoloke!”
38 Եւ գրութիւն մը գրուած էր անոր վրայ՝ յունարէն, լատիներէն ու եբրայերէն գիրերով. «Ա՛յս է Հրեաներուն թագաւորը»:
Kitsiso ya pegwa mo mokgorong fa godimo ga gagwe ka mafoko a, “Yo ke Kgosi ya Bajuta.”
39 Այդ կախուած չարագործներէն մէկը կը հայհոյէր անոր ու կ՚ըսէր. «Եթէ դո՛ւն ես Քրիստոսը, փրկէ՛ դուն քեզ, նաեւ մե՛զ»:
Mongwe wa dinokwane yo o neng a pegilwe go bapa nae a sotla a re, “Wa re o Mesia, a ga o ene? Itshupe ka go ipoloka le rona o re boloke.”
40 Իսկ միւսը՝ յանդիմանելով զայն՝ ըսաւ. «Դուն չե՞ս վախնար Աստուծմէ, որովհետեւ նոյն դատապարտութեան մէջ ես:
Mme senokwane se sengwe sa re, “A le Modimo ga o o boife, le fa o o swa? Re tshwanetse go swa ka ntlha ya ditiro tsa rona tse di bosula, mme monna yo ga a a dira sepe se se molato.”
41 Մենք՝ իսկապէս արդարաբար, քանի որ ահա՛ կը ստանանք մեր ըրածներուն արժանաւոր հատուցումը. բայց ասիկա անտեղի ո՛չ մէկ բան ըրաւ»:
42 Եւ ըսաւ Յիսուսի. «Տէ՛ր, յիշէ՛ զիս՝ երբ գաս քու թագաւորութեամբդ»:
Mme a re, “Jesu, o nkgopole fa o tsena mo Bogosing jwa gago!”
43 Յիսուս ալ ըսաւ անոր. «Ճշմա՛րտապէս կը յայտարարեմ քեզի. “Դուն ա՛յսօր ինծի հետ պիտի ըլլաս դրախտին մէջ”»:
Mme Jesu a fetola a re, Tsatsi jeno o tlaa nna le nna kwa Paradaiseng ke go solofetsa ka boammaaruri.
44 Գրեթէ վեցերորդ ժամն՝՝ էր, երբ խաւար եղաւ ամբողջ երկրին վրայ՝ մինչեւ ժամը ինը. արեւը խաւարեցաւ,
Mme ya bo e setse e le motshegare wa sethoboloko; ga nna lefifi mo lefatshing lotlhe selekanyo sa oura tse tharo, go fitlha ka nako ya boraro.
45 ու տաճարին վարագոյրը պատռեցաւ մէջտեղէն:
Letsatsi la fifala, mme ka tshoganetso sesiro sa Tempele sa gagoga ka bogare.
46 Յիսուս բարձրաձայն գոչեց. «Հա՛յր, քո՛ւ ձեռքերուդ մէջ կ՚աւանդեմ իմ հոգիս»: Ու երբ ըսաւ ասիկա՝ հոգին տուաւ:
Mme Jesu a goa a re, “Rara, ke go neela mowa wa me.” Mme ka mafoko ao a swa.
47 Հարիւրապետը՝ տեսնելով պատահածը՝ փառաբանեց Աստուած եւ ըսաւ. «Ի՛րապէս այս մարդը արդար էր»:
Ya re molaodi wa masole a Se-Roma yo o neng a laola polao ya bone a bona se se diragetseng, a tlelwa ke poifo fa pele ga Modimo a re, “Ruri monna yo o ne a sena molato.”
48 Այս տեսարանը դիտելու համար հաւաքուած ամբողջ բազմութիւնը՝ պատահածները տեսնելով՝ կը ծեծէր կուրծքը ու կը վերադառնար:
Mme ya re bontsintsi jwa batho ba ba neng ba tsile go bona papolo ba bona Jesu a sule, ba boela magaeng ka kutlobotlhoko e kgolo.
49 Իր բոլոր ծանօթներն ալ հեռուն կայնած էին, նոյնպէս ալ կիները՝ որ ուղեկցեր էին իրեն Գալիլեայէն, եւ կը տեսնէին այս բաները:
Mme ya re barutwa ba gagwe ba bona se se tla tlogang se direga ba goa ba re “Morena, a re ka lwa re tsile le dichaka.”
50 Մարդ մը կար՝ Յովսէփ անունով, որ խորհրդական էր, բարի եւ արդար մարդ մը,
Mme monna mongwe yo o bidiwang Josefa, leloko la Kgotla Kgolo ya Sejuta, wa motse wa Arimathea mo Judea, a ya kwa go Pilatwe a mo kopa setopo sa ga Jesu. E ne e le monna yo o boifang Modimo yo o neng a ntse a lebeletse go tla ga Mesia ebile o ne a ise a ke a dumalane le maikaelelo le dikgato tsa baeteledipele ba bangwe ba Sejuta.
51 (ասիկա հաւանութիւն տուած չէր անոնց ծրագիրին ու արարքին, ) Հրեաներուն Արիմաթեա քաղաքէն. ի՛նք ալ կը սպասէր Աստուծոյ թագաւորութեան:
52 Ասիկա գնաց Պիղատոսի քով եւ խնդրեց Յիսուսի մարմինը:
53 Ու խաչէն իջեցնելով զայն՝ փաթթեց կտաւով եւ դրաւ վիմափոր գերեզմանի մը մէջ, ուր բնա՛ւ մէկը դրուած չէր:
Mme a folosa mmele wa ga Jesu a o phuthela ka letsela le le leele la lene mme a o baya mo lebitleng le lesha le le iseng le ke le dirisiwe, [le gabilwe mo lefikeng mo mhapheng wa thaba].
54 Այդ օրը Ուրբաթ էր, ու Շաբաթը պիտի սկսէր:
Mo go ne ga diragala ka Labotlhano mo tshokologong ka letsatsi la iketleetso ya Sabata.
55 Այն կիները՝ որ անոր հետ եկեր էին Գալիլեայէն՝ հետեւեցան ու տեսան գերեզմանը, եւ թէ ի՛նչպէս հոն դրուեցաւ անոր մարմինը:
Mme ya re setopo se tsewa, basadi ba ba neng ba tswa Galalea ba se sala morago, ba se bona se tsenngwa mo phupung.
56 Ու վերադառնալով՝ բոյրեր եւ օծանելիքներ պատրաստեցին, ու Շաբաթ օրը հանգչեցան՝ պատուիրանին համաձայն:
Mme ba ya magaeng go ya go baakanya malao le ditlolo go dibela setopo; mme ya re ba fetsa ga bo go le Sabata. Hong ba itapolosa letsatsi leo lotlhe ka fa molaong wa Sejuta.

< ՂՈԻԿԱՍ 23 >