< ԵՓԵՍԱՑԻՍ 6 >

1 Զաւակնե՛ր, հնազանդեցէ՛ք ձեր ծնողներուն՝ Տէրոջմով, որովհետեւ ա՛յդ է իրաւացին:
Bana, utlwang batsadi ba lona; se ke selo se se siameng go dirwa gonne Modimo o ba neile taolo ya go lo laola.
2 Պատուէ՛ հայրդ ու մայրդ, (որ առաջին պատուիրանն է խոստումով, )
Tlotla rrago le mmaago. O ke molao wa ntlha wa Modimo wa melao o o felelang ka tsholofetso.
3 որպէսզի բարիք ըլլայ քեզի, ու երկար ապրիս երկրի վրայ:
Mme tsholofetso ke e: Gore fa o tlotla rrago le mmago; o tlaa nna le botshelo jo bo leele, jo bo tletseng masego.
4 Եւ դո՛ւք, հայրե՛ր, մի՛ բարկացնէք ձեր զաւակները, հապա մեծցուցէ՛ք զանոնք Տէրոջ կրթութեամբ ու խրատով:
Mme jaanong ke raya batsadi ba bana ke re: Se ntse lo kgadiepetsa bana ba lona lo ba omanyetsa ruri, lo ba galefisa lo ba kgopisa. Go na le go dira jalo, ba godiseng ka go ba tshola ka lorato lo Morena a lo dumelang, lo ba gakolola ka poifo Modimo.
5 Ստրուկնե՛ր, հնազանդեցէ՛ք ձեր մարմնաւոր տէրերուն՝ ահով ու դողով, ձեր սիրտին պարզամտութեամբ, որպէս թէ Քրիստոսի.
Batlhanka, ikobeleng beng ba lona; tlhwaafalelang go ba direla ka bonatla jotlhe jwa lona. Ba direleng fela jaaka lo ne lo ka direla Keresete.
6 ո՛չ թէ ծառայելով աչքի առջեւ՝ մարդահաճոներու պէս, հապա Քրիստոսի՛ ստրուկներու պէս՝ սրտանց գործադրելով Աստուծոյ կամքը:
Se direng thata fela fa Mongwa lona a lo lebeletse mme lwa nnela go tshameka fa a sa lo lebelela; dirang thata ka boitumelo nako yotlhe, jaaka lo ka bo lo direla Keresete, lo dira go rata ga Modimo ka dipelo tsa lona tsotlhe.
7 Ծառայեցէ՛ք յօժարութեամբ, որպէս թէ Տէրոջ եւ ո՛չ թէ մարդոց,
8 գիտնալով թէ իւրաքանչիւրը՝ ի՛նչ բարիք որ գործէ, նո՛յնը պիտի ստանայ Տէրոջմէն, ստրուկ ըլլայ թէ ազատ:
Gakologelwang gore, Morena o tlaa lo duelela go dira sengwe le sengwe se se molemo, a lo ka bo lo le batlhanka kgotsa lo se bone.
9 Իսկ դո՛ւք, տէրե՛ր, ըրէ՛ք անոնց նոյն բաները, հրաժարելով սպառնալիքէն: Գիտցէ՛ք թէ անո՛նց ալ, ձե՛ր ալ Տէրը երկինքն է, ու աչառութիւն չկայ անոր քով:
Mme le lona beng ba batlhanka lo tshwanetse go tshwara batlhanka ba lona sentle, fela jaaka ke ba reile ka re ba lo ikobele. Se ntse lo ba bopela; gakologelwang gore lona ka bo lona lo batlhanka mo go Keresete; lo na le Morena yo ba nang nae, mme ga a rate bape go gaisa ba bangwe.
10 Վերջապէս, եղբայրնե՛րս, զօրացէ՛ք Տէրոջմով եւ անոր հզօր կարողութեամբ:
Lwa bofelo, ke batla go lo gakolola gore nonofo ya lona e tshwanetse go tswa mo nonofong e kgolo ya Morena e e mo go lona.
11 Հագէ՛ք Աստուծոյ ամբողջ զրահը, որպէսզի կարենաք դիմադրել Չարախօսին հնարքներուն:
Aparang diaparo tsa phemelo tsotlhe tsa Modimo gore lo tle lo kgone go iphemela mo maanong otlhe le boferefere jwa ga Satane.
12 Որովհետեւ մեր գօտեմարտը մարմինի եւ արիւնի հետ չէ, հապա պետութիւններու, իշխանութիւններու, այս խաւար աշխարհին՝՝ իշխանաւորներուն հետ, երկնաւոր վայրերու մէջ եղող չար ոգիներուն հետ: (aiōn g165)
Gonne ga re lwe le batho ba ba dirilweng ka nama le madi, mme re lwa le batho ba ba senang mebele, babusi ba ba bosula ba lefatshe le le sa bonweng ka matlho, dibopiwa tse di nonofileng tsa bo-Satane le magosana a magolo a a bosula a lefifi a a busang lefatshe leno, le mewa e mentsi e e bosula mo lefatsheng le le sa itsegeng. (aiōn g165)
13 Ուստի առէ՛ք ձեր վրայ Աստուծոյ ամբողջ զրահը, որպէսզի կարենաք դիմադրել չար օրը,
Jalo dirisang sengwe le sengwe sa seaparo sa Modimo sa phemelo go tlhabantsha mmaba fa a tlhasela, mme fa ntwa e sena go fela, lo tlaa bo lo santse lo eme.
14 ու ամէն բան կատարելէ ետք՝ հաստատուն կայնիլ: Ուստի կայնեցէ՛ք ձեր տեղը՝ ձեր մէջքը գօտեպնդած ճշմարտութեամբ եւ հագած արդարութեան զրահը,
Mme go dira jaana, lo tlaa tlhoka moitlamo wa lotheka o o thata wa boammaaruri le thebe ya sehuba ya tumelo ya Modimo.
15 ու ձեր ոտքերուն իբր կօշիկ անցուցած խաղաղութեան աւետարանին պատրաստութիւնը:
Rwalang ditlhako tse di tlaa dirang gore lo dire ka bofefo fa lo rera Mafoko a a Molemo a kagiso le Modimo.
16 Բոլորին վրայ՝ առէ՛ք հաւատքին վահանը, որով պիտի կարենաք մարել Չարին բոլոր հրավառ նետերը.
Mo ntweng nngwe le nngwe lo tlaa tlhoka tumelo go nna thebe ya lona go kganela metswi e e bogale e lo e lebagantsweng ke Satane.
17 եւ առէ՛ք փրկութեան սաղաւարտն ու Հոգիին սուրը՝ որ Աստուծոյ խօսքն է:
Gape lo tlaa tlhoka tlhoro ya phemelo ya poloko le chaka ya Mowa e e leng Lefoko la Modimo.
18 Ամէն ատեն աղօթեցէ՛ք Հոգիով՝ ամէն տեսակ աղօթքով եւ աղերսանքով: Հսկեցէ՛ք ասոր վրայ բոլորովին յարատեւութեամբ ու աղերսանքով՝ բոլոր սուրբերուն համար.
Rapelang ka metlha yotlhe. Kopang Modimo sengwe fela ka fa dikeletsong tsa Mowa O O Boitshepo. O kopeng, lo o gakolola ka se lo se tlhokang, mme lo bo lo nne lo rapelele Bakeresete botlhe gongwe le gongwe ka tlhwaafalo.
19 ինծի՛ համար ալ, որպէսզի խօսք տրուի ինծի, որ համարձակութեամբ բանամ բերանս՝ գիտցնելու խորհուրդը աւետարանին,
Nthapelelang le nna, lo bo lo kope Modimo go nnaya mafoko a a ntshwanetseng fa ke bolelela ba bangwe ka bopelokgale kaga Morena, le fa ke ba tlhalosetsa, gore poloko ya gagwe ke ya rona le Badichaba.
20 որուն համար ես դեսպան մըն եմ՝ շղթաներով. որպէսզի անով համարձակութեա՛մբ խօսիմ՝ ինչպէս պէտք է խօսիմ:
Jaanong ke golegilwe ka ntlha ya go rera molaetsa o o tswang kwa Modimong. Mme rapelang gore ke tle ke nne ke tswelele go o buelela ka bopelokgale le mo kgolegelong, jaaka ke tshwanetse.
21 Բայց որպէսզի դո՛ւք ալ գիտնաք իմ մասիս՝ թէ ի՛նչ կ՚ընեմ, ամէն բան պիտի գիտցնէ ձեզի Տիւքիկոս սիրելի եղբայրն ու Տէրոջմով հաւատարիմ սպասարկուն:
Tukiko, yo e leng mokaulengwe yo a rategang thata a bile a le mothusi yo o ikanyegang mo tirong ya Morena, o tlaa lo bolelela gotlhe mabapi le ka fa ke tswelelang ka teng.
22 Զինք յատկապէս ղրկեցի ձեզի, որպէսզի գիտնաք մեր մասին, եւ ինք մխիթարէ ձեր սիրտերը:
Ke mo roma kwa go lona ka maikaelelo a, go lo itsise ka fa re tsogileng ka teng le gore lo bo lo kgothadiwe ke molaetsa o a o lo leretseng.
23 Խաղաղութի՜ւն եղբայրներուն, ու սէ՜ր՝ հաւատքով միասին՝ Հայր Աստուծմէ ու Տէր Յիսուս Քրիստոսէ:
A Modimo o lo neye kagiso, bakaulengwe ba me mo go Keresete, le lorato ka tumelo e e tswang kwa go Modimo Rara le Morena Jesu Keresete.
24 Շնո՜րհք բոլոր անոնց հետ՝ որ անկեղծութեամբ կը սիրեն մեր Տէրը՝ Յիսուս Քրիստոսը: Ամէն:
A tshegofatso le masego a Modimo a nne le botlhe ba ba ratang Morena wa rona Jesu Keresete ka boammaaruri.

< ԵՓԵՍԱՑԻՍ 6 >