< ԳՈՐԾՔ ԱՌԱՔԵԼՈՑ 27 >

1 Երբ որոշուեցաւ նաւարկել դէպի Իտալիա, Պօղոսը եւ ուրիշ քանի մը բանտարկեալներ յանձնեցին հարիւրապետի մը՝ որուն անունը Յուլիոս էր, Սեբաստեան գունդէն:
Mme lwa bofelo dithulaganyo tsa dirwa go re re simolole mosepele wa rona wa go ya kwa Roma ka sekepe; jalo Paulo le magolegwa a mangwe a mantsi ba bewa mo tlhokomelong ya mogolwane yo o neng a bidiwa Julio, leloko la mophato wa badisa.
2 Մտնելով ադրամինտական նաւ մը՝ մեկնեցանք, եւ պիտի նաւարկէինք Ասիայի ծովեզերքէն. մեզի հետ էր նաեւ Արիստարքոս Մակեդոնացին՝ Թեսաղոնիկէէն:
Mme re ne ra tsamaya ka sekepe se se neng se ya kwa Gerika, se se neng se rulaganyeditswe go ema gantsinyana mo mafelong a sekae mo lotshitshing lwa lewatle la Asia. Ke tshwanetse go bolela gore Arisetareka wa Mogerika yo o neng a tswa kwa Thesalonika o ne a na le rona.
3 Հետեւեալ օրը իջանք Սիդոն. Յուլիոս՝ մարդասիրութեամբ վարուելով Պօղոսի հետ՝ արտօնեց որ երթայ բարեկամներուն եւ վայելէ անոնց խնամքը:
Tsatsi le le latelang erile re ema kwa Sidona, Julio o ne a siame thata mo go Paulo mme a mo letla gore a fologe mo sekepeng a etele ditsala tsa gagwe gore di mo amogele ka boitumelo.
4 Մեկնելով անկէ՝ նաւարկեցինք Կիպրոսի վարի կողմէն, քանի որ հովերը հակառակ էին:
Mme erile go tloga foo, ra kgorelediwa ke diphefo tse di neng tsa dira gore go nne thata go tlhamalatsa sekepe, jalo ra leba kwa bokone jwa Kupero fa gare ga setlhake le lefatshe,
5 Յետոյ՝ նաւարկելով Կիլիկիայի ու Պամփիւլիայի ծովուն մէջէն՝ իջանք Լիկիայի Միւռա քաղաքը:
mme ra feta go bapa le kgaolo ya Kilikia le Pamfilia, ra ema kwa Mira, mo kgaolong ya Lukia.
6 Հարիւրապետը գտաւ հոն աղեքսանդրիական նաւ մը՝ որ կ՚երթար Իտալիա, ու մեզ մտցուց անոր մէջ:
Mme foo molaodi wa rona a bona sekepe sa Egepeto se se tswang kwa Alekesanderia, se ya Itale, mme sa re tsaya.
7 Շատ օրեր դանդաղօրէն նաւարկելէ ետք՝ հազիւ հասանք Կնիդոսի դիմաց. քանի հովը չէր թոյլատրեր, Կրետէի վարի կողմէն՝ Սաղմոնայի դիմացէն նաւարկեցինք,
Re ne ra tsamaya mo dikgoberegong malatsi a le mantsi, mme la bofelo ra atamela Kinido; mme diphefo di ne di setse di gaketse, jalo ra tabogela kwa Kereta, ra feta mo boemelong dikepe jwa Salamone. Mme erile re ntse re lebaganye le phefo ka bothata jo bogolo re tsamaya re iketlile mo lotshitshing lwa borwa, ra goroga mo felong fa go bidiwang Dinwane Dintle gaufi le motse wa Lusia.
8 եւ դժուարութեամբ անկէ անցնելով՝ եկանք տեղ մը, որ կը կոչուէր Գեղեցիկ նաւահանգիստ. անոր մօտ էր Ղասեա քաղաքը:
9 Երբ բաւական ժամանակ անցաւ, ու նաւարկութիւնը արդէն վտանգաւոր էր՝ քանի որ ծոմին ատենն ալ արդէն անցած էր, Պօղոս յորդորեց զանոնք՝
Mme ra nna malatsi a le mantsi koo. Ka nako eo phefo e ne ya nna maswe mo e leng gore re ne re sa kgone go tsamaya mosepele o moleele, gonne ngwaga e ne e tsamaela go fela, mme Paulo a bua le balaodi ba sekepe ka gone.
10 ըսելով. «Մարդի՛կ, ես կը նշմարեմ թէ այս նաւարկութիւնը պիտի ըլլայ վնասով ու կորուստով, ո՛չ միայն բեռին եւ նաւուն՝ հապա մեր անձերուն ալ»:
A re, “Borra, ke dumela gore go tlaa nna mathata kwa pele fa re ka tswelela, gongwe sekepe sa rona se ka nna sa senyega, kgotsa ra latlhegelwa ke morwalo wa rona, ra gobala kgotsa ra a swa.”
11 Բայց հարիւրապետը կ՚անսար աւելի նաւավարին ու նաւատիրոջ՝ քան Պօղոսի խօսքերուն:
Mme le fa gontse jalo batlhokomedi ba magolegwa ba ne ba reetsa molaodi wa sekepe le mong wa sone go na le Paulo.
12 Եւ քանի որ այդ նաւահանգիստը անյարմար էր ձմերելու, շատեր կը թելադրէին մեկնիլ անկէ, որպէսզի ջանային հասնիլ Փիւնիկէ, որ Կրետէի մէկ նաւահանգիստն է ու կը նայի դէպի հարաւ-արեւմուտք եւ հիւսիս-արեւմուտք, ու հոն ձմերել:
Mme ka gore Dinwane Dintle e ne e le boemelo jo bo mo pepeneneng, lefelo le le sa siamelang go nna mo go lone mariga, bontsi jwa batho ba ba dirang mo sekepeng ba re gakolola gore go ka nna jang fa re leka go tlhatlogela kwa Finekisa go fetsa mariga teng; Finekisa e ne e le boemelo jwa dikepe jo bo siameng bo lebile kwa bokone-bophirima le kwa borwa-bophirima.
13 Երբ հարաւային հովը մեղմութեամբ փչեց, կարծելով թէ հասած են իրենց առաջադրութեան՝ թուլցուցին խարիսխը ու նաւարկեցին Կրետէի քովէն:
Mme ka yone nako eo ga simologa phefo e e fokang ka bonya e tswa borwa, mme go ne go lebega e le letsatsi le le siametseng loeto, jalo ba tsamaya ba ikamile lotshitshi lwa lewatle.
14 Բայց քիչ ետք՝ անոր դէմ ելաւ մրրկալից հով մը, որ կը կոչուէր Եւրակիկլոն:
Mme ka bofefo morago ga moo, ga nna le phetogo mo loaping, ga tsoga ledimo la phefo e e nonofileng thata (e ba e bitsang ya Bokone-botlhaba) la kapa sekepe la se phailela kwa teng ga lewatle. La ntlha ba ne ba leka go se lebisa kwa lotshitshing mme ba se ka ba kgona, jalo ba ineela gore phefo e kgweeletse sekepe kwa e yang teng.
15 Երբ նաւը յափշտակուեցաւ եւ չկրցաւ դիմադրել հովին, թողուցինք որ քշուի:
16 Սուրալով Կղօդա կոչուող փոքր կղզիի մը վարի կողմէն՝ հազիւ կրցանք բռնել մակոյկը:
Mme la bofelo ra goroga fa setlhakenyaneng se se neng se bidiwa Jauda, kwa e rileng ka bothata ra tlolela mo mokorong wa namolo o o neng o tswa kwa morago,
17 Երբ վերցուցին զայն, օգնութեան միջոցներ գործածելով՝ տակէն կապեցին նաւը: Վախնալով որ իյնան յորձանուտը՝ իջեցուցին առագաստը, եւ ա՛յդպէս կը քշուէին:
mme ra fapa sekepe kwa tlase. Badiri mo sekepeng ba ne ba tshaba go phepheulelwa ke phefo kwa go totomelang kwa lotshitshing lwa Afrika. Ba folosa disaile tsa sekepe ba ntse ba phepheulwa ke phefo.
18 Քանի սաստիկ մրրիկի մէջ էինք, յաջորդ օրը դուրս նետեցին բեռները:
Erile letsatsi le le latelang fa lewatle le kokomoga, badiri mo sekepeng ba simolola go latlhela merwalo mo lewatleng.
19 Իսկ երրորդ օրը՝ մենք մեր ձեռքերով դուրս նետեցինք նաւուն գործիքները:
Mme letsatsi le le latelang ba latlhela dilwana tsa bone le sengwe le sengwe se se neng se le gaufi nabo.
20 Երբ շատ օրեր՝ ո՛չ արեւ, ո՛չ ալ աստղեր երեւցան, ու սաստիկ մրրիկ կար մեզի դէմ, ա՛լ փրկուելու ամէն յոյս կտրուեցաւ մեզմէ:
Dikhuduego tsa lewatle tsa nna dikgolo ka malatsi a le mantsi go fitlhelela la bofelo go sena tsholofelo epe.
21 Քանի որ շատ օրերէ ի վեր անօթի էին, Պօղոս՝ կայնելով անոնց մէջ՝ ըսաւ. «Մարդի՛կ, պէտք էր որ մտիկ ընէիք ինծի ու չնաւարկէիք Կրետէէն, եւ չկրէիք այս վնասն ու կորուստը:
Mme ka lobaka lo lo leele go ne go sena ope yo o kileng a ja, mme la bofelo Paulo o ne a bitsa badiredi ba sekepe botlhe a re, “Banna, lo ka bo lo ne lwa ntheetsa lantlha mme ra seka ra tloga mo Dinwane Dintle, lo ka bo lo falotse dikgobalo tse le tatlhegelo!
22 Իսկ հիմա կը յորդորեմ ձեզ որ ոգեւորուիք, քանի որ ձեզմէ ո՛չ մէկուն անձը պիտի կորսուի, բայց միայն նաւը:
Mme le fa go ntse jalo nametsegang! Ga go ope wa rona yo o tlaa latlhegelwang ke botshelo, ntswa sekepe sone se tlaa nwela.
23 Արդարեւ այս գիշեր քովս կայնեցաւ հրեշտակը այն Աստուծոյն, որուն կը պատկանիմ եւ որ կը պաշտեմ,
“Gonne bosigo jo bo fetileng moengele wa Modimo yo ke leng wa gagwe le yo ke mo direlang o ne a ema fa thoko ga me,
24 ու ըսաւ. “Մի՛ վախնար, Պօղո՛ս. դուն պէտք է որ կայսրին ներկայանաս. եւ ահա՛ Աստուած շնորհեց քեզի բոլոր անոնք՝ որ կը նաւարկեն քեզի հետ”:
a re, ‘Se boife, Paulo, gonne ka boammaaruri o tlaa sekisiwa ke Kaesara! Mo gongwe gape ke eng, Modimo o arabile kopo ya gago mme o tlaa boloka matshelo a botlhe ba ba mo loetong le wena.’
25 Ուստի, մարդի՛կ, ոգեւորուեցէ՛ք, որովհետեւ ես կը հաւատամ Աստուծոյ. պիտի ըլլայ այնպէս՝ ինչպէս ըսուեցաւ ինծի:
Mme jaanong nametsegang! Gonne ke dumela Modimo! Go tlaa nna fela jaaka o buile!
26 Սակայն պէտք է որ նաւը կղզիի մը առջեւ խրի՝՝»:
Mme le fa go ntse jalo sekepe sa rona se tlaa senyegela fa setlhakeng.”
27 Երբ տասնչորրորդ գիշերն էր՝ որ կը տարուբերուէինք Ադրիական ծովուն մէջ, կէս գիշերին նաւաստիները ենթադրեցին թէ մօտեցած են ցամաքի մը:
Mme erile e ka nna nako ya bosigo-gare mo bosigong jwa bo lesome le bone jwa khuduego ya lewatle, fa re ntse re phepheulelwa kwa pele le kwa morago mo lewatleng la Aderia, batsamaisi ba sekepe ba belaela gore lefatshe le gaufi.
28 Ձգելով խորաչափը՝ գտան քսան գրկաչափ. քիչ մը յառաջ երթալով՝ դարձեալ ձգեցին, ու գտան տասնհինգ գրկաչափ:
Ba ne ba lekeletsa boteng jwa metse mme ba bona e le boteng jwa dikgato di le lekgolo le masome a mabedi. Morago ga sebakanyana ba lekeletsa gape, mme ba bona e le dikgato di le masome a roba bongwe.
29 Վախնալով որ գուցէ զարնուինք խարակներու՝՝, ետեւի կողմէն ձգեցին չորս խարիսխ, եւ կ՚ըղձային որ առտու ըլլայ:
Mme ka selekanyo se ba itse gore ba gaufi le go phepheulelwa kwa lotshitshing, mme ka ba tshaba mafika a a gaufi le lotshitshi, ba digela diitsetsepelo di le nne ka kwa morago ga sekepe mme ba rapela gore go nne lesedi.
30 Իսկ նաւաստիները կը ջանային փախչիլ նաւէն, ու ծովը իջեցուցին մակոյկը՝ պատրուակելով թէ առջեւի կողմէն ալ պիտի ձգեն խարիսխներ:
Mme batsamaisi ba bangwe ba loga leano la go tlogela sekepe, mme ba fologa mokoro wa phalotsho jaaka o ka re ba ya go tlhoma diitsetsepelo kwa pele.
31 Բայց Պօղոս ըսաւ հարիւրապետին ու զինուորներուն. «Եթէ ասոնք չմնան նաւուն մէջ՝ դուք չէք կրնար փրկուիլ»:
Mme Paulo a raya masole le molaodi a re, “Lo tlaa swa lotlhe fa lo ka seka lwa nna mo sekepeng.”
32 Այն ատեն զինուորները կտրեցին մակոյկին չուանները, եւ թողուցին որ դուրս իյնայ:
Mme masole a kgaola megala a tlogela mokoro wa wa.
33 Մինչ առտուն կը մօտենար, Պօղոս կ՚աղաչէր բոլորին որ կերակուր ուտեն՝ ըսելով. «Այսօր տասնչորս օր է՝ որ դուք սպասելով անօթի մնացած էք, ու ոչինչ կերած էք:
Erile masa a sa, Paulo a kopa mongwe le mongwe gore a je, a re, “Ga lo ise lo ke lo ame dijo mo dibekeng tse pedi tse di fetileng!
34 Ուստի կ՚աղաչեմ ձեզի՝ որ կերակուր ուտէք, որովհետեւ ասիկա՛ ալ ձեր փրկութեան համար է. քանի որ ձեզմէ ո՛չ մէկուն գլուխէն մա՛զ մը պիտի իյնայ»:
Tsweeng-tsweeng jang sengwe gore lo thusege! Gonne le fa ele thiri ya ditlhogo tsa lona ga e na go nyelela!”
35 Այսպէս խօսելէ ետք՝ հաց առաւ, բոլորին առջեւ շնորհակալ եղաւ Աստուծմէ, ու կտրելով սկսաւ ուտել:
Mme a tsaya senkgwenyana se se omisitsweng a leboga Modimo fa pele ga bone botlhe, mme a ja.
36 Բոլորն ալ ոգեւորուեցան, եւ իրենք ալ կերակուր կերան:
Ka bofefo mongwe le mongwe a ikutlwa sentle mme ba simolola go ja,
37 Նաւուն մէջ՝ բոլորս երկու հարիւր եօթանասունվեց անձ էինք:
rotlhe re ne re le makgolo a mabedi le masome a supa le borataro, gonne eo ke yone palo e e neng e le mo sekepeng.
38 Երբ կշտացան կերակուրով, թեթեւցուցին նաւը՝ ծովը թափելով ցորենը:
Erile re sena go ja, badiri ba sekepe ba fokotsa morwalo ka go latlhela mabele mo lewatleng.
39 Երբ առտու եղաւ՝ չէին ճանչնար ցամաքը. բայց նշմարելով ծոց մը՝ որ ծովեզերք ունէր, ծրագրեցին նաւը խրել անոր մէջ՝ եթէ կարելի ըլլար:
Mme erile bosa bo sele, ba seka ba tlhaloganya lefatshe gore ke lefe, mme ba bona senwane se se lobota lo papametseng mme ba akanya gore a ba ka tsena fa gare ga mantswe ba phepheulelwa ke phefo kwa lotshitshing.
40 Ուստի ծովը թողուցին խարիսխները՝ կտրելով պարանները, թուլցուցին ղեկերուն պարանները, եւ հովին բանալով առագաստը՝ ուղղուեցան դէպի այդ ծովեզերքը:
Mme la bofelo ba ikaelela go leka jalo. Ba kgaola diitsetsepelo ba di tlogela mo lewatleng, ba folosa dikgong tse di sokololang sekepe ba pega disaile ba leba kwa lotshitshing.
41 Զարնուելով աւազակոյտի մը՝՝, խրեցին նաւը. առջեւի կողմը մխրճուելով՝ մնաց անշարժ, իսկ ետեւի կողմը կը քակուէր ալիքներուն սաստկութենէն:
Mme sekepe sa thula totoma ya motlhaba sa totomela. Mpa ya sone ya tsena mo mmung, mme marago a sone a thujwa ke makhubu a metsi.
42 Զինուորներն ալ ծրագրեցին սպաննել բանտարկեալները, որպէսզի անոնցմէ ո՛չ մէկը լողալով փախչի:
Mme masole a buisanya le molaodi wa bone gore ba bolaye magolegwa e se re kgotsa ope wa bone a shapela kwa lotshitshing a falola.
43 Բայց հարիւրապետը, որ կը փափաքէր փրկել Պօղոսը, արգելք եղաւ անոնց ծրագիրին: Հրամայեց որ լողալ գիտցողնե՛րը նախ ծով նետուին ու ցամաք ելլեն.
Mme Julio ka a ne a batla go boloka Paulo, a ganana le mogopolo oo. Mme a laola gore botlhe ba ba ka kgonang go shapa ba fologe ba shapele kwa ntle,
44 իսկ միւսները հետեւին՝ ոմանք տախտակներով, եւ ոմանք՝ նաւուն ուրիշ բաներով: Այսպէս՝ բոլորը ազատելով ցամաք հասան:
mme ba ba sa kgoneng go shapa ba leke ka dipolanka le dikgong tse di robegileng mo sekepeng. Mme mongwe le mongwe a kgona go falolela kwa lotshitshing.

< ԳՈՐԾՔ ԱՌԱՔԵԼՈՑ 27 >