< ԳՈՐԾՔ ԱՌԱՔԵԼՈՑ 15 >

1 Ոմանք՝ իջնելով Հրէաստանէն՝ կը սորվեցնէին եղբայրներուն ու կ՚ըսէին. «Եթէ Մովսէսի աւանդած սովորութեան համաձայն չթլփատուիք, չէք կրնար փրկուիլ»:
Mme erile fa Paulo le Barenabase ba sa le kwa Antioka, banna bangwe ba tswa Judea ba goroga mme ba simolola go ruta badumedi gore fa ba sa ngaparele ngwao ya Sejuta ya bogologolo ya go rupisiwa ga ba ka ke ba bolokwa.
2 Ուստի, երբ Պօղոս ու Բառնաբաս սաստիկ ընդվզեցան եւ վիճաբանեցան անոնց հետ, վճռեցին որ Պօղոս ու Բառնաբաս, նաեւ անոնցմէ քանի մը ուրիշներ, բարձրանան Երուսաղէմ՝ առաքեալներուն ու երէցներուն քով՝ այս հարցին համար:
Paulo le Barenabase ba ganetsanya nabo, ba bo ba buisanya nabo ka nako e telele kaga selo se, mme la bofelo badumedi ba ba romela kwa Jerusalema, go ya go bua le baaposetoloi le bagolwane koo kaga selo se.
3 Անոնք ալ՝ եկեղեցիէն ուղարկուած՝ անցան Փիւնիկէէն եւ Սամարիայէն, ու պատմելով հեթանոսներուն դարձի գալը՝ մեծապէս ուրախացուցին բոլոր եղբայրները:
Mme morago ga phuthego yotlhe e ba ntsha mo motseng, ba ralala Foneshia le Samaria ba etela badumedi, ba ba bolelela mo go ileng ga itumedisa batho botlhe, gore Badichaba le bone ba ne ba sokologa.
4 Երբ հասան Երուսաղէմ, ընդունուեցան եկեղեցիէն, առաքեալներէն ու երէցներէն, եւ պատմեցին ինչ որ Աստուած ըրեր էր իրենց հետ:
Fa ba goroga kwa Jerusalema, ba kopana le bagolwane ba phuthego, baaposetoloi botlhe le bagolwane ba ne ba le teng mme Paulo le Barenabase ba bolela se Modimo o ntseng o se dira mo go boleleng Lefoko ga bone.
5 Բայց Փարիսեցիներու աղանդէն քանի մը հաւատացեալներ կայնեցան եւ ըսին. «Պէտք է թլփատել զանոնք, ու պատուիրել՝ որ պահեն Մովսէսի Օրէնքը»:
Mme banna bangwe ba e neng e le Bafarasai pele ga ba sokologa ba ema ka dinao ba bolela gore Badichaba botlhe ba ba sokologileng ba tshwanetse go rupisiwa le gone go tlhokega gore ba sale ngwao le mekgwa ya Sejuta morago.
6 Ուստի առաքեալներն ու երէցները հաւաքուեցան՝ նկատի առնելու համար այս բանը:
Mme jalo baaposetoloi le bagolwane ba phuthego ba ne ba ikemisetsa go bitsa phuthego ya go tla go buisanya kaga selo se.
7 Շատ վիճաբանութիւն ըլլալէ ետք, Պետրոս կանգնեցաւ եւ ըսաւ անոնց. «Մարդի՛կ եղբայրներ, դուք գիտէք թէ առաջին օրերէն ի վեր Աստուած ընտրեց զիս մեր մէջէն, որպէսզի իմ բերանովս հեթանոսները լսեն աւետարանին խօսքը, ու հաւատան:
Mme mo phuthegong, morago ga puisanyo e telele, Petere a ema mme a ba bolelela jaana: “Bakaulengwe, lotlhe lo itse gore Modimo ga o bolo go tlhopha bogologolo go rerela Badichaba Mafoko a a Molemo, gore le bone ba dumele.
8 Սրտագէտն Աստուած վկայեց անոնց՝ Սուրբ Հոգին տալով անոնց, ինչպէս մեզի ալ,
Modimo o o itseng dipelo tsa batho, o tlhomamisitse gore o amogela Badichaba ka go ba neela Mowa O O Boitshepo, fela jaaka o re o neetse.
9 ու ո՛չ մէկ խտրութիւն դրաւ մեր եւ անոնց միջեւ՝ մաքրելով անոնց սիրտերը հաւատքով:
Ga o a dira pharologanyo fa gare ga bone le rona, gonne o tlhatswitse matshelo a bone ka tumelo, fela jaaka o tlhatswitse a rona.
10 Ուստի հիմա ինչո՞ւ կը փորձէք Աստուած, աշակերտներուն վիզին վրայ դնելով այնպիսի լուծ մը, որ ո՛չ մեր հայրերը, ո՛չ ալ մենք կարողացանք կրել:
Mme jaanong a lo tlaa tshwaya Modimo phoso ka go rwesa Badichaba mokgweleo o le e leng rona le borraetsho re sa kgonang go o rwala.
11 Բայց կը հաւատանք թէ Տէր Յիսուսի շնորհքո՛վ կը փրկուինք մենք, ինչպէս նաեւ անոնք»:
A ga lo dumele gore botlhe ba bolokwa ka tsela e le nngwe, ka mpho e e neelwang fela kwa ntle ga theko ke Morena Jesu.”
12 Ամբողջ բազմութիւնը լռեց, ու մտիկ կ՚ընէր Բառնաբասի եւ Պօղոսի, որոնք կը պատմէին թէ Աստուած ո՛րչափ նշաններ եւ սքանչելիքներ գործած էր հեթանոսներուն մէջ՝ իրենց միջոցով:
Ga go a ka ga tlhola go nna le kgang epe, mme mongwe le mongwe a reetsa fa Barenabase le Paulo ba bolela kaga dikgakgamatso tse Modimo o di dirileng ka bone mo go Badichaba.
13 Երբ անոնք լռեցին, Յակոբոս ըսաւ. «Մարդի՛կ եղբայրներ, ինծի՛ մտիկ ըրէք.
Mme erile ba sena go fetsa, Jakobe a ema a re, “Bakaulengwe, ntheetsang.
14 Շմաւոն պատմեց թէ ի՛նչպէս Աստուած առաջին անգամ այցելեց հեթանոսներուն, որպէսզի անոնց մէջէն առնէ ժողովուրդ մը՝ կրելու համար իր անունը:
Petere o lo boleletse ka nako e Modimo o etetseng Badichaba ka yone go ntsha mo go bone ba ba tlaa leretseng leina la one tlotlo.
15 Այս բանին հետ կը համաձայնին մարգարէներուն խօսքերն ալ, ինչպէս գրուած է.
Mme lobaka lo lwa go ipolela ga Badichaba lo dumalana le se baporofiti ba se buileng. Sekai ke se, reetsang temana e, e e tswang mo go moporofiti Amose:
16 “Ասկէ ետք պիտի վերադառնամ ու պիտի վերակառուցանեմ Դաւիթի փլած խորանը. պիտի վերակառուցանեմ անոր աւերակները եւ վերականգնեմ զայն,
Morena a re, ‘Morago, ke tlaa tla ke tla go aga sesha ntlo ya ga Dafide e e senyegileng.
17 որպէսզի մնացած մարդիկը փնտռեն Տէրը, նաեւ բոլոր հեթանոսները՝ որոնք իմ անունովս կոչուած են՝՝, - կ՚ըսէ Տէրը՝ որ կ՚ընէ այս բոլոր բաները”:
Gore Badichaba le bone, ba tle ba bone Morena, ebong botlhe ba ba tshwailweng ka leina la me.’
18 Աստուած գիտէ իր բոլոր գործերը՝ դարերու սկիզբէն ի վեր: (aiōn g165)
Mme se ke se Morena o se buang, yo o senolang ditiro tsa gagwe tse di dirilweng mo tshimologong. (aiōn g165)
19 Ուստի ես յարմար կը դատեմ չնեղել անոնք՝ որ հեթանոսներէն կը դառնան Աստուծոյ.
“Mme mogopolo wa me ke gore re seka ra re Badichaba ba ba sokologang ba tshwanetse go obamela melao ya rona ya Sejuta,
20 հապա նամակ մը գրել անոնց՝ որ ետ կենան կուռքերու պղծութիւններէն, պոռնկութենէ, խեղդուածէ եւ արիւնէ:
fa e se gore re ba kwalele gore ba ikgaphe mo go jeng nama ya ditlhabelo tsa disetwa, mo boakeng jotlhe, le mo go jeng nama e e sa ntshiwang madi ya diphologolo tse di kgamilweng.
21 Որովհետեւ Մովսէս նախկին սերունդներէն ի վեր ունի զինք քարոզողներ ամէն քաղաքի մէջ, ու կը կարդացուի ժողովարաններու մէջ ամէն Շաբաթ օր»:
Gonne dilo tse tsotlhe ga go bolo go rerwa ka tsone mo matlung a thuto a Sejuta, mo metseng mengwe le mengwe ka Sabata mongwe le mongwe mo dikokomaneng tse dintsi.”
22 Այն ատեն առաքեալներուն ու երէցներուն՝ ամբողջ եկեղեցիին հետ՝ հաճելի թուեցաւ, որ մարդիկ ընտրեն իրենցմէ եւ Անտիոք ղրկեն՝ Պօղոսի ու Բառնաբասի հետ.- Բարսաբա մականուանեալ Յուդան եւ Շիղան, որոնք կառավարող մարդիկ էին եղբայրներուն մէջ:
Mme baaposetoloi le bagolwane le phuthego yotlhe ba tlhopha go romela barongwa kwa Antioka ba na le Paulo le Barenabase, go ya go bega kaga mogopolo o. Banna ba ba neng ba tlhophilwe e ne e le baeteledipele ba le babedi ba phuthego, Jutase, (yo gape o neng a bidiwa Barabase) le Silase.
23 Անոնց միջոցով ղրկեցին նամակ մը՝ սա՛պէս գրուած. «Առաքեալներէն, երէցներէն ու եղբայրներէն՝ ողջո՜յն Անտիոքի, Սուրիայի եւ Կիլիկիայի մէջ եղող եղբայրներուն, որոնք հեթանոսներէն դարձած են:
Lo ke lokwalo lo ba neng ba lo tsaya: “Lo tswa kwa baaposetoloing, bagolwane le bakaulengwe kwa Jerusalema. Go bakaulengwe ba Badichaba kwa Antioka, Siria le Silisia. Ditumediso!
24 Քանի լսեցինք թէ մեր մէջէն ելած ոմանք՝ վրդոված են ձեզ խօսքերով, ու ցնցած ձեր անձերը՝ ըսելով թէ պէտք է թլփատուիլ եւ Օրէնքը պահել, - որոնց մենք այսպէս չպատուիրեցինք, -
“Re utlwa gore badumedi bangwe ba ba tswang kwano ba lo tlhakantse ditlhogo ba lo botsa kaga poloko ya lona, mme re ne re sa ba laela jalo.
25 մեզի՝ միաբանութեամբ հաւաքուածներուս՝ յարմար թուեցաւ, որ մարդիկ ընտրելով ղրկենք ձեզի, մեր սիրելիներուն՝ Բառնաբասի ու Պօղոսի հետ,
Mme re bonye e le kakanyo e e siameng fa re sena go dumalana ka mogopolo o le mongwe gore re lo romelele baemedi ba babedi ba, ebong Barenabase le Paulo.
26 որոնք մեր Տէրոջ՝ Յիսուս Քրիստոսի անունին համար իրենց անձերը ընծայած մարդիկ են:
Banna ba, Judase le Silase, ba ba itatotseng matshelo a bone ka ntlha ya Morena wa rona Jesu Keresete, ba tlaa bolela se re se dumalaneng kaga potso ya lona.
27 Ուստի ղրկեցինք Յուդան եւ Շիղան, որպէսզի իրենք ալ բերանով նոյն բաները պատմեն ձեզի:
“Gonne go bonetse go siame mo Moweng O O Boitshepo le mo go rona gore re se beye morwalo o mogolo wa melao ya Sejuta mo go lona go na le gore re khutlise go ja dijo tse di neetsweng medimo ya disetwa le mo nameng e e sa ntshiwang madi a diphologolo tse di kgamilweng le mo boakeng. Fa lo dira se, go lekanye. Salang sentle.”
28 Որովհետեւ յարմար թուեցաւ Սուրբ Հոգիին ու մեզի ալ՝ աւելի ծանրութիւն չդնել ձեր վրայ, սա՛ հարկաւոր բաներէն զատ.-
29 ետ կենալ կուռքերու զոհուածէ, արիւնէ, խեղդուածէ եւ պոռնկութենէ: Գոհ կ՚ըլլաք՝՝ եթէ հեռու մնաք՝՝ ատոնցմէ: Ո՛ղջ եղէք»:
30 Անոնք ալ՝ բաժնուելով՝ գացին Անտիոք, ու հաւաքելով բազմութիւնը՝ տուին նամակը:
Mme barongwa ba bane ba ya kwa Antioka ka bonako, kwa ba neng ba bitsa teng phuthego ya Bakeresete mme ba ba neela lokwalo.
31 Երբ կարդացին՝ ուրախացան տրուած մխիթարութեան համար:
Mme go ne ga nna boitumelo jo bogolo mo phuthegong yotlhe letsatsi leo fa ba lo bala.
32 Իսկ Յուդա եւ Շիղա, իրենք ալ մարգարէ ըլլալով, շատ խօսքերով յորդորեցին եղբայրները, ու ամրացուցին:
Mme Judase le Silase, ka bobedi e le dibui tse di abetsweng puo, ba rerela badumedi dithero tse di telele, ba ba nonotsha mo tumelong.
33 Ժամանակ մը հոն կենալէ ետք՝ եղբայրներէն խաղաղութեամբ ուղարկուեցան, եւ առաքեալներուն դարձան:
Ba ne ba nna malatsi, a mantsi, mme Judase le Silase ba boela kwa Jerusalema ba isa ditumediso le boitumelo kwa go ba ba neng ba ba romile.
34 Բայց Շիղայի հաճելի թուեցաւ հոն մնալ:
Mme Paulo le Barenabase ba ne ba nna kwa Antioka go thusa ba bangwe ba se kae ba ba neng ba rera ba bile ba ruta koo.
35 Պօղոս ու Բառնաբաս ալ Անտիոքի մէջ կը կենային, եւ ուրիշ շատերու հետ կը սորվեցնէին ու կ՚աւետէին Տէրոջ խօսքը:
36 Քանի մը օր ետք՝ Պօղոս ըսաւ Բառնաբասի. «Վերադառնա՛նք եւ այցելե՛նք եղբայրներուն՝ այն բոլոր քաղաքներուն մէջ, ուր Տէրոջ խօսքը հռչակեցինք, ու տեսնենք թէ ի՛նչպէս են:
Mme morago ga malatsinyana, Paulo a raya Barenabase a re, “A re boele kwa morago, re etele bakaulengwe mo metseng yotlhe e re rerileng Lefoko la Morena mo go yone, mme re bone ka fa ba tsweletseng ka teng.”
37 Բառնաբաս կ՚ուզէր առնել Յովհաննէսն ալ, որ Մարկոս կը կոչուէր.
Barenabase o ne a dumela, mme a rata gore ba tsamaye le Johane Mareko.
38 բայց Պօղոս մտածեց թէ լաւ չէ իրենց հետ առնել Պամփիւլիայի մէջ իրենցմէ հեռացողը եւ իրենց հետ գործի չգացողը:
Mme Paulo ene o ne a sa batle mogopolo oo gotlhelele, gonne Johane o ne a ba ngwegetse kwa Pamfilia.
39 Այսպէս՝ տարակարծութիւն եղաւ անոնց միջեւ, այն աստիճան՝ որ զատուեցան իրարմէ: Բառնաբաս առաւ Մարկոսը եւ նաւարկեց դէպի Կիպրոս:
Mme kganetsanyo ya bone e ne ya nna e kgolo thata kaga selo se, mo ba neng ba kgaogana. Barenabase a tsamaya le Mareko ba ya Kupero,
40 Պօղոս ալ ընտրեց Շիղան ու մեկնեցաւ, եղբայրներէն յանձնարարուած ըլլալով Աստուծոյ շնորհքին,
fa Paulo ene a tlhopha Silase, mme ka tshegofatso ya badumedi ba ya Siria le Silisia, go kgothatsa diphuthego koo.
41 եւ կը շրջէր Սուրիայի ու Կիլիկիայի մէջ՝ ամրացնելով եկեղեցիները:

< ԳՈՐԾՔ ԱՌԱՔԵԼՈՑ 15 >