< ԳՈՐԾՔ ԱՌԱՔԵԼՈՑ 14 >

1 Իկոնիոնի մէջ՝ անոնք միասին մտան Հրեաներուն ժողովարանը, ու ա՛յնպէս խօսեցան՝ որ Հրեաներու եւ Յոյներու մեծ բազմութիւն մը հաւատաց:
Mme kwa Ikonio, Paulo le Barenabase ba ne ba tsamaya mmogo ba ya kwa tempeleng mme ba rera ka nonofo e kgolo e Bajuta le Badichaba ba neng ba e dumela.
2 Բայց չհնազանդող Հրեաները՝ դրդեցին հեթանոսները, եւ անոնց անձերը չարութեան գրգռեցին եղբայրներուն դէմ:
Mme Bajuta ba ba neng ba gana molaetsa wa Modimo ba feretlha Badichaba gore ba seka ba dumela Paulo le Barenabase, ba bua ka dilo di le dintsi tse di maswe ka bone.
3 Իսկ անոնք երկար ժամանակ հոն կենալով՝ համարձակութեամբ կը քարոզէին Տէրոջմով, որ իր շնորհքի խօսքին վկայութիւն կու տար՝ թոյլատրելով որ նշաններ եւ սքանչելիքներ կատարուին անոնց ձեռքով:
Mme le fa go ntse jalo, ba ne ba nna foo lobaka lo lo leele, ba rera ka bopelokgale, mme Morena a supa fa molaetsa wa bone o tswa kwa go ene ka go ba neela nonofo ya go dira dikgakgamatso tse di kgolo.
4 Քաղաքին բազմութիւնը բաժնուեցաւ. մաս մը բռնեց Հրեաներուն կողմը, մաս մըն ալ՝ առաքեալներուն:
Mme batho ba motse ba ne ba farologana ka maikutlo kaga banna ba. Bangwe ba ne ba dumalana le baeteledipele ba Sejuta mme ba bangwe ba dumalana le baaposetoloi.
5 Երբ հեթանոսներն ու Հրեաները՝ իրենց պետերով՝ յարձակեցան, որ նախատեն եւ քարկոծեն զանոնք,
Mme erile fa Paulo le Barenabase ba lemoga leano la go tlhotlheletsa bontsi jwa Badichaba, Bajuta le baeteledipele ba Sejuta go ba tlhasela le go ba bolaya, ba ipoloka, ba ya kwa metseng ya Lukaonia, Lusetera, Derebe le mo tikologong,
6 իրենք ալ՝ գիտակցելով՝ փախան Լիկայոնիայի քաղաքները, Լիւստրա ու Դերբէ եւ շրջակայքը,
7 ու հոն կ՚աւետարանէին:
mme ba rera Mafoko a a Molemo teng koo.
8 Մարդ մը նստած էր Լիւստրայի մէջ՝ անզօր ոտքերով, իր մօր որովայնէն կաղ ծնած, որ բնաւ քալած չէր:
Mme erile fa ba le kwa Lusetera, ba tla fa monneng yo o neng a golafetse dinao go tswa sebopelong sa ga mmaagwe, ebile a ise a ke a tsamaye.
9 Ասիկա մտիկ կ՚ընէր Պօղոսի խօսքերը, որ ակնապիշ նայելով անոր ու նշմարելով թէ բուժուելու հաւատք ունի՝
O ne a reeditse fa Paulo a rera, mme Paulo a mo lemoga mme a bona gore o na le tumelo ya go fodisiwa.
10 բարձրաձայն ըսաւ. «Ուղի՛ղ կանգնէ ոտքերուդ վրայ»: Ան ալ ցատկեց եւ քալեց:
Jalo Paulo a mmitsa a re, “Ema ka dinao!” Mme monna a tlola a ema ka dinao a simolola go tsamaya!
11 Երբ բազմութիւնը տեսաւ Պօղոսի ըրածը, բարձրացնելով իրենց ձայնը՝ ըսին լիկայոներէն. «Աստուածները իջած են մեզի՝ մարդոց նմանութեամբ»:
Mme erile boidiidi jo bo reeditseng bo bona se Paulo a se dirileng, ba goa (ka puo ya bone) ba re, “Banna ba ke medimo mo setshwanong sa motho!”
12 Բառնաբասը կը կոչէին Դիոս, ու Պօղոսը՝ Հերմէս, քանի որ ան էր գլխաւոր խօսողը:
Ba ne ba akanya gore Barenabase ene ke Modimo wa Segerika ebong Jupitere, mme Paulo, ka gonne e ne e le sebui se segolo, ke Merekuri.
13 Իսկ Դիոսի քուրմը՝ որ քաղաքին առջեւ էր, ցուլեր եւ ծաղկեպսակներ բերելով դռներուն քով՝ կ՚ուզէր զոհ մատուցանել բազմութեան հետ:
Mme moperesiti wa Tempele ya Jupitere, e e agilweng ka kwa ntle ga motse, o ne a ba tlisetsa merwalo ya dithunya a bo a ba ntshetsa setlhabelo sa dikgomo kwa kgorong ya motse fa pele ga boidiidi jwa batho.
14 Բայց երբ առաքեալները՝ Բառնաբաս ու Պօղոս՝ լսեցին, պատռեցին իրենց հանդերձները եւ դուրս ցատկեցին բազմութեան մէջ՝ աղաղակելով.
Mme erile fa Paulo le Barenabase ba bona se se diragalang ba gagola diaparo tsa bone ka kutlo botlhoko mme ba ralala batho ba, ba goa ba re,
15 «Մարդի՛կ, ինչո՞ւ այդ բաները կ՚ընէք: Մե՛նք ալ մարդիկ ենք՝ կիրքերու ենթակայ ձեզի նման, ու կ՚աւետարանենք ձեզի՝ որպէսզի այդ ունայն բաներէն դառնաք ապրող Աստուծոյ, որ ստեղծեց երկինքը, երկիրը, ծովն ու բոլոր անոնց մէջ եղածները:
“Banna! Lo dirang? Re batho fela jaaka lona! Re tletse go lo neela Mafoko a a Molemo gore lo lalediwa go tlogela kobamelo ya dilo tsa bomatla mme mo boemong jwa moo go rapela Modimo o o tshelang one o o dirileng legodimo le lefatshe le lewatle le sengwe le sengwe se se mo go tsone.
16 Անցեալ սերունդներուն մէջ ան թոյլատրեց բոլոր ազգերուն՝ որ երթան իրենց ճամբաներէն:
Mo malatsing a a fetileng Modimo o ne wa letla dichaba go tsaya ditsela tsa tsone,
17 Սակայն ինքզինք չթողուց առանց վկայութեան, բարիք ընելով, անձրեւ տալով մեզի երկինքէն, նաեւ պտղաբեր եղանակներ, ու մեր սիրտերը լեցնելով կերակուրներով եւ ուրախութեամբ»:
mme ga o ke o ne o tlhoka bosupi ja dilo tse di molemo tse o neng o di dira jaaka go lo nesetsa pula le dijalo tse di siameng le go lo fa dijo le boitumelo.”
18 Այս բաները ըսելով՝ հազիւ կրցան հանգստացնել բազմութիւնը, որ զոհ չմատուցանէ իրենց:
Mme le fa go ntse jalo, Paulo le Barenabase ba ne ba sa kgone go itsa batho go ba direla setlhabelo!
19 Սակայն Հրեաներ հասան Անտիոքէն եւ Իկոնիոնէն, համոզեցին բազմութիւնը, քարկոծեցին Պօղոսը ու քաղաքէն դուրս քաշկռտեցին՝ կարծելով թէ մեռած է:
Mme morago ga malatsinyana, Bajuta bangwe ba goroga ba tswa Antioka le Ikonio mme ba fetola boidiidi jwa batho gore bo nne babolai ba ba neng ba kgobotletsa Paulo ka matlapa ba mo gogela kwa ntle ga motse a bonala o ka re o sule.
20 Բայց երբ աշակերտները շրջապատեցին զինք՝ կանգնեցաւ, մտաւ քաղաքը, ու հետեւեալ օրը մեկնեցաւ Դերբէ՝ Բառնաբասի հետ:
Mme erile fa badumedi ba mo dikaganyetsa, a ema a tsena mo motseng! Letsatsi le le latelang a tsamaya le Barenabase ba ya Derebe.
21 Այդ քաղաքին մէջ աւետարանելէ ու շատերը աշակերտելէ ետք՝ անոնք վերադարձան Լիւստրա, Իկոնիոն եւ Անտիոք,
Mme erile morago, ba sena go rera Mafoko a a Molemo teng koo, ba bo ba dira barutwa ba bantsi, ba boela gape kwa Lusetera, Ikonio le Antioka,
22 ամրացնելով աշակերտներուն անձերը եւ յորդորելով՝ որ յարատեւեն հաւատքին մէջ, ըսելով. «Շատ տառապանքով պէտք է մտնենք Աստուծոյ թագաւորութիւնը»:
kwa ba neng ba thusa badumedi go tia mo loratong lwa Modimo le gore ba ratane. Ba ne ba ba kgothatsa go tsena mo Bogosing jwa Modimo ka dipogisego tse dintsi.
23 Երբ երէցներ ձեռնադրեցին անոնց՝ ամէն եկեղեցիի մէջ, ծոմապահութեամբ աղօթելով յանձնեցին զանոնք Տէրոջ՝ որուն հաւատացած էին:
Mme Paulo le Barenabase le bone ba tlhopha bagolwane mo phuthegong nngwe le nngwe ba ba rapelela ka go itima dijo, ba ba isa mo tlhokomelong ya Morena yo ba mo ikantseng.
24 Եւ անցնելով Պիսիդիայի մէջէն՝ գացին Պամփիւլիա:
Mme ba ralala Pisidia go ya kwa Pamfilia,
25 Պերգէի մէջ ալ Տէրոջ խօսքը քարոզելէ ետք՝ իջան Ատալիա,
ba rera gape mo Perega, mme ba tswelela ba ya kwa Atalia.
26 անկէ ալ նաւարկեցին դէպի Անտիոք, ուրկէ Աստուծոյ շնորհքին յանձնարարուած էին այն գործին համար՝ որ կատարեցին:
Mme la bofelo ba boela ka sekepe kwa Antioka, kwa loeto lwa bone lo simologileng teng, le kwa ba neng ba ineela mo Modimong mo tirong e jaanong e weditsweng.
27 Երբ եկան, հաւաքելով եկեղեցին՝ պատմեցին ինչ որ Աստուած ըրեր էր իրենց հետ, եւ թէ հաւատքի դուռը բացեր էր հեթանոսներուն:
Erile fa ba goroga ba bitsa badumedi mme ba bolela loeto lwa bone, ba bolela ka fa Modimo o buletseng le Badichaba tumelo ka teng.
28 Ու հոն երկար ժամանակ կեցան աշակերտներուն հետ:
Mme ba ne ba nna le badumedi kwa Antioka sebaka se seleele.

< ԳՈՐԾՔ ԱՌԱՔԵԼՈՑ 14 >