< ԳՈՐԾՔ ԱՌԱՔԵԼՈՑ 11 >

1 Առաքեալներն ու եղբայրները, որոնք Հրէաստանի կողմերն էին, լսեցին թէ հեթանոսներն ալ ընդունած են Աստուծոյ խօսքը:
Ka bonako dikgang tsa fitlha kwa baaposetoloing le bakaulengwe ba bangwe kwa Judea gore Badichaba le bone ba amogetse Lefoko la Modimo.
2 Երբ Պետրոս Երուսաղէմ բարձրացաւ, թլփատուածները կը վիճէին անոր հետ
Mme erile Petere a boela kwa Jerusalema, badumedi ba Bajuta ba ganetsanya nae.
3 ու կ՚ըսէին. «Դուն անթլփատ մարդոց քով մտար եւ անոնց հետ հաց կերար»:
Ba ne ba mmaya molato ba re, “O itsalantse le Badichaba ebile o jele nabo.”
4 Պետրոս ալ սկսաւ դէպքը կարգով բացատրել անոնց՝ ըսելով.
Mme Petere a ba bolelela polelo yotlhe.
5 «Ես կ՚աղօթէի Յոպպէ քաղաքը, երբ՝ վերացումի մէջ՝ տեսայ տեսիլք մը. անօթ մը՝ մեծ լաթի պէս, չորս ծայրերէն կախուած, իջաւ երկինքէն ու հասաւ մինչեւ ինծի:
O ne a re, “Erile letsatsi lengwe mo Jopa ke sa ntse ke rapela, ka bona ponatshegelo, letsela le legolo la fologela fa fatshe ka dinaka tsa lone tse nne le tswa legodimong.
6 Մինչ կը դիտէի՝ աչքերս սեւեռած անոր վրայ, տեսայ երկրի չորքոտանիները, գազաններն ու սողունները, նաեւ երկինքի թռչունները:
Mo letseleng go ne go le mefuta yotlhe ya diphologolo, digagabi le dinonyane (tse re sa tshwanelang go di ja).
7 Ու լսեցի ձայն մը՝ որ կ՚ըսէր ինծի. “Կանգնէ՛, Պետրո՛ս, մորթէ՛ եւ կե՛ր”:
Mme ke ne ka utlwa lentswe le re, ‘Bolaya mme o je tse o di ratang.’
8 Բայց ես ըսի. “Ամե՛նեւին, Տէ՛ր. որովհետեւ պիղծ կամ անմաքուր բան մը բնա՛ւ մտած չէ բերանս”:
Mme ke ne ka fetola ka re, ‘Nnyaa, Morena, gonne ga ke ise ke ko ke je sepe se se idiwang ka melao ya rona ya Sejuta!’
9 Կրկին այդ ձայնը երկինքէն պատասխանեց ինծի. “Ի՛նչ որ Աստուած մաքրեց, դուն պիղծ մի՛ սեպեր”:
“Mme lentswe la tla gape la re, ‘Se re ga go a siama go jewa fa Modimo One o re go siame.’
10 Ասիկա պատահեցաւ երեք անգամ, ու ամէն ինչ դարձեալ վեր քաշուեցաւ՝ դէպի երկինք:
“Mo go ne ga diragala gararo pele ga letsela le tsotlhe tse di neng di le mo go lone di nyelelela kwa legodimong.
11 Եւ ահա՛ անյապաղ երեք մարդիկ՝ Կեսարիայէն ղրկուած ինծի՝ եկան ու կեցան այն տան առջեւ, ուր հիւրընկալուած էի:
Mme banna ba bararo ba ba neng ba tsile go ntsaya go ya Kaesarea ba goroga kwa tlung e ke neng ke nna mo go yone!
12 Հոգին ալ ըսաւ ինծի՝ որ երթամ անոնց հետ առանց տատամսելու: Այս վեց եղբայրներն ալ գացին ինծի հետ, ու մտանք այդ մարդուն տունը:
Mme Mowa O O Boitshepo o ne wa nthaya wa re ke tsamaye le bone le gone ke seka ka tshwenyega ka Bodichaba jwa bone! Bakaulengwe ba barataro ba, ba tsamaya le nna, mme ka bofefo ra goroga kwa mo-tseng wa monna yo o neng a romile barongwa.
13 Ան ալ պատմեց մեզի թէ ի՛նչպէս իր տան մէջ տեսաւ հրեշտակ մը, որ կայնած էր եւ կ՚ըսէր իրեն. “Մա՛րդ ղրկէ Յոպպէ ու կանչէ՛ Սիմոնը, որ Պետրոս մականուանեալ է:
Mme a re bolelela ka fa moengele a neng a tla kwa go ene ka teng a mmolelela gore a rome barongwa kwa Jopa go batla Simone Petere.
14 Ան խօսքեր պիտի ըսէ քեզի, որպէսզի փրկուիք՝ դուն եւ ամբողջ տունդ”:
Moengele a mmolelela gore, ‘monna yoo o tlaa go bolelela ka fa wena le ba ntlo ya gago lo ka bolokwang ka teng.’
15 Երբ սկսայ խօսիլ, Սուրբ Հոգին իջաւ անոնց վրայ, ինչպէս նախապէս մեր վրայ ալ:
Mme ka simolola go ba bolelela Mafoko a a Molemo, mme e rile fela jaaka ke simolola thero ya me, Mowa O O Boitshepo wa fologela mo go bone, fela jaaka o ne wa fologela mo go rona pele!
16 Եւ յիշեցի Տէրոջ ըսած խօսքը. “Արդարեւ Յովհաննէս մկրտեց ջուրով, բայց դուք պիտի մկրտուիք Սուրբ Հոգիով”:
“Mme ke ne ka gopola mafoko a Morena fa a ne a re, ‘Ee, Johane o ne a kolobetsa ka metsi, mme lona lo tlaa kolobediwa ka Mowa O O Boitshepo.’
17 Ուրեմն եթէ Աստուած տուաւ անոնց միեւնոյն պարգեւը՝ ինչպէս մեզի, երբ հաւատացին Տէր Յիսուս Քրիստոսի, ես ո՞վ էի՝ որ կարենայի արգիլել Աստուած»:
Mme ka e ne e le Modimo ka boone o o neileng Badichaba ba mpho e e tshwanang le ya rona fa re dumela mo go Morena Jesu Keresete, ke ne ke le mang yo ke ka ganetsang?”
18 Այս բաները լսելով՝ հանդարտեցան, ու փառաբանեցին Աստուած՝ ըսելով. «Ուրեմն Աստուած հեթանոսներո՛ւն ալ ապաշխարութիւն շնորհեց՝ կեանքի համար»:
Mme erile fa ba bangwe ba utlwa kaga se, dikganetso tsa bone tsotlhe di ne tsa arabiwa mme ba simolola go galaletsa Modimo; ba ne ba re, “Ee, Modimo o neetse le Badichaba tshwanelo ya gore ba sokologele kwa go one le gore ba bone botshelo jo bo sa khutleng!”
19 Ստեփանոսի մահէն ետք եղած հալածանքէն ցրուածները՝ հասան նաեւ մինչեւ Փիւնիկէ, Կիպրոս եւ Անտիոք, քարոզելով Աստուծոյ խօսքը ո՛չ մէկուն՝ բայց միայն Հրեաներուն:
Mme badumedi ba ba neng ba siile mo Jerusalema ka nako ya pogiso morago ga loso lwa ga Setefane ba tsamaya ba bo ba ya go fitlha kwa Fenikia, le kwa Kupero le kwa Antioka, ba gasa Mafoko a a Molemo mo Bajuteng fela.
20 Անոնցմէ ոմանք կիպրացի ու կիւրենացի մարդիկ էին, որոնք երբ մտան Անտիոք՝ կը խօսէին Հելլենացիներուն հետ, աւետելով Տէր Յիսուսը:
Le fa go ntse jalo, bangwe ba badumedi ba ba neng ba ya kwa Antioka ba tswa mo Kupero le mo Kurene le bone ba ile ba rerela Bagerika molaetsa wa bone kaga Morena Jesu.
21 Տէրոջ ձեռքը անոնց հետ էր, եւ բազմաթիւ մարդիկ հաւատացին ու դարձան Տէրոջ:
Mme Morena o ne a rotloetsa maiteko a gore Badichaba ba le bantsi ba nne badumedi.
22 Այս բաներուն լուրը հասաւ Երուսաղէմի եկեղեցիին ականջը, եւ ճամբեցին Բառնաբասը՝ որ երթայ մինչեւ Անտիոք:
Mme erile phuthego e e kwa Jerusalema e utlwa se se diragetseng, ba romela Barenabase kwa Antioka go thusa ba e leng gone ba sokologang.
23 Երբ ան եկաւ ու տեսաւ Աստուծոյ շնորհքը՝ ուրախացաւ, եւ կը յորդորէր բոլորն ալ՝ որ յարին Տէրոջ յօժար սիրտով՝՝.
Erile fa a goroga ebile a bona dikgakgamatso tse Modimo o neng o di dira, a tlala kgakgamalo le boitumelo, mme a kgothatsa badumedi gore le fa go ka nna jang, ba nne mo Moreneng.
24 (քանի որ ինք բարի մարդ էր, Սուրբ Հոգիով ու հաւատքով լեցուն.) եւ մեծ բազմութիւն մը աւելցաւ Տէրոջ եկեղեցիին թիւին վրայ:
Barenabase e ne e le motho yo o bonolo a tletse Mowa O O Boitshepo a bile a nonofile mo tumelong. Mme ka ntlha ya gone mo, batho ba le bantsi ba ne ba oketsega mo Moreneng.
25 Յետոյ Բառնաբաս մեկնեցաւ Տարսոն՝ փնտռելու Սօղոսը, ու գտնելով զայն՝ բերաւ Անտիոք:
Mme Barenabase o ne a ya kwa Tareso go batla Saulo.
26 Անոնք լման տարի մը եկեղեցիին հետ հաւաքուելով՝ մեծ բազմութեան մը սորվեցուցին, եւ Անտիոքի՛ մէջ աշակերտները Քրիստոնեայ կոչուեցան առաջին անգամ:
Erile a mmona a mmusetsa kwa Antioka; ka bobedi jwa bone ba nna koo ngwaga yotlhe, ba ruta badumedi ba basha. (Ke kwa Antioka kwa badumedi ba neng ba simolola go bidiwa “Bakeresete” teng.)
27 Այդ օրերը՝ Երուսաղէմէն մարգարէներ իջան Անտիոք:
Ka nako e baporofiti bangwe ba ne ba tswa Jerusalema ba ya Antioka,
28 Անոնցմէ մէկը, Ագաբոս անունով, կանգնեցաւ եւ մատնանշեց Հոգիին զօրութեամբ՝ թէ մեծ սով մը պիտի ըլլայ ամբողջ երկրագունդին մէջ. ան ի՛րապէս եղաւ Կղօդիոսի օրերը:
mme mongwe wa bone yo o bidiwang Agabuse, o ne a ema ka tlhotlheletso ya Mowa mo go nngwe ya dikopano a bolelela pele gore leuba le legolo le tlaa tla mo lefatsheng la Iseraele. (Mo go ne ga diragala ka nako ya puso ya ga Kalaudio).
29 Ուստի աշակերտները որոշեցին օգնութիւն ղրկել Հրէաստանի մէջ բնակող եղբայրներուն, իւրաքանչիւրը իր եկամուտին համեմատ:
Mme jalo badumedi ba ikaelela go romela thuso kwa Bakereseteng mo Judea, mongwe le mongwe a ntsha kafa a ka kgonang ka teng.
30 Այդպէս ալ ըրին, ղրկելով զայն երէցներուն՝ Բառնաբասի ու Սօղոսի ձեռքով:
Mme ba ile ba dira, ba isa dimpho tsa bone kwa go Barenabase le Saulo gore ba di ise kwa bagolwaneng ba phuthego kwa Jerusalema.

< ԳՈՐԾՔ ԱՌԱՔԵԼՈՑ 11 >