< ԳՈՐԾՔ ԱՌԱՔԵԼՈՑ 10 >

1 Մարդ մը կար Կեսարիայի մէջ՝ Կոռնելիոս անունով, հարիւրապետ՝ Իտալական կոչուած գունդին մէջ,
Mme mo Kaesarea go ne go nna mo eteledipele wa mophato wa ntwa ya Seroma gotwe Korenelio, e le molaodi wa mophato wa Itale.
2 բարեպաշտ, եւ աստուածավախ՝ իր ամբողջ տունով. ան շատ ողորմութիւններ կու տար ժողովուրդին ու ամէն ատեն կ՚աղերսէր Աստուծոյ:
E ne e le motho yo o ratang Modimo, a bile a o tlotla thata, le ba ntlo ya gagwe ba ne ba ntse jalo. O ne a aba ka mowa o o gololesegileng a bile a le motho wa thapelo.
3 Գրեթէ օրուան իններորդ ժամուն՝՝ տեսիլքի մէջ ան բացայայտօրէն տեսաւ Աստուծոյ հրեշտակը, որ մտաւ իր քով եւ ըսաւ իրեն. «Կոռնելիո՛ս»:
Tshokologo nngwe ya letsatsi ya re a santse a ntse, ka nako e ka nna ya boraro, a bona ponatshegelo, mme mo ponatshegelong e, a bona moengele wa Modimo a tla kwa go ene a re, “Korenelio”.
4 Երբ ակնապիշ նայեցաւ անոր՝ վախցած ըսաւ. «Ի՞նչ է, Տէ՛ր»: Իսկ ան ըսաւ անոր. «Քու աղօթքներդ ու ողորմութիւններդ բարձրացան Աստուծոյ առջեւ՝ յիշատակի համար:
Korenelio a re, “O batlang Morena!” Moengele a fetola a re, “Dithapelo tsa gago le dimpho tsa gago Modimo o di bonye.
5 Հիմա մարդի՛կ ղրկէ Յոպպէ, եւ կանչէ՛ Սիմոն անունով մէկը՝ որ Պետրոս մականուանեալ է:
Jaanong roma banna bangwe kwa Jopa go ya go batla mongwe yo o bidiwang Simone Petere, yo o nnang le Simone wa mosuga matlalo, go bapa le lotshitshi lwa lewatle, mme lo mo kope gore a lo etele.”
6 Ան հիւրընկալուած է Սիմոն անունով կաշեգործի մը քով, որուն տունը ծովուն մօտ է»:
7 Երբ իրեն հետ խօսող հրեշտակը մեկնեցաւ, կանչեց իր տան ծառաներէն երկուքը, նաեւ իրեն տրամադրուած զինուորներէն բարեպաշտ մէկը՝՝,
Erile moengele a sena go tsamaya, Korenelio a bitsa batlhanka ba ntlo ya gagwe ba le babedi le motlhabani yo o boifang Modimo, mongwe wa ba ba ikanyegang,
8 եւ ամէն բան պատմելով՝ ղրկեց զանոնք Յոպպէ:
mme a ba bolelela se se diragetseng a bo a ba roma kwa Jopa.
9 Հետեւեալ օրը, մինչ անոնք կը ճամբորդէին ու կը մօտենային քաղաքին, Պետրոս՝ վեցերորդ ժամու՝՝ ատենները՝ տանիքը բարձրացաւ աղօթելու:
Erile letsatsi le le latelang, fa ba atamela motse, Petere a tlhatlogela kwa godimo ga ntlo ya gagwe go rapela. Go ne go le motshegare ebile o ne a tshwerwe ke tlala, mme erile dijo tsa motshegare di sa ntse di baakanngwa a bona ponatshegelo.
10 Շատ անօթեցած ըլլալով՝ կ՚ուզէր ճաշակել. մինչ ճաշը կը պատրաստուէր, վերացում ունեցաւ:
11 Տեսաւ երկինքը բացուած, ու չորս ծայրերէն կապուած անօթ մը՝ մեծ լաթի մը պէս՝ որ իջաւ երկրի վրայ.
O ne a bona legodimo le bulega, mme a bona letsela le legolo le lepeleditswe ka dinaka tsa lone tse nne, le fitlha fa fatshe.
12 անոր մէջ կային երկրի ամէն տեսակ չորքոտանիները, գազաններն ու սողունները, նաեւ երկինքի թռչունները:
Mme mo letseleng go ne go le diphologolo tsa mefuta yotlhe, dinoga le dinonyane (tse di idiwang Bajuta go di ja).
13 Եւ ձայն մը եկաւ իրեն. «Կանգնէ՛, Պետրո՛ս, մորթէ՛ ու կե՛ր»:
Mme lentswe la mo raya la re, “Tsamaya o bolaye o je nngwe ya tsone e o e batlang.”
14 Բայց Պետրոս ըսաւ. «Ամե՛նեւին, Տէ՛ր. որովհետեւ ես բնա՛ւ չեմ կերեր պիղծ կամ անմաքուր բան»:
Petere a fetola a re, “Nnyaa, Morena, ga ke ise nke ke je diphologolo tse di ntseng jaana mo botshelong jwa me, gonne di a idiwa ka melao ya rona ya Sejuta.”
15 Դարձեալ ձայնը կրկին եկաւ իրեն. «Ի՛նչ որ Աստուած մաքրեց, դուն պիղծ մի՛ սեպեր»:
Lentswe la bua gape, la re, “Se ganetsanye le Modimo! Fa o re selo se tshwanetse go jewa go raya gore se siame.”
16 Ասիկա պատահեցաւ երեք անգամ, յետոյ անօթը դարձեալ վերացաւ երկինք:
Mme ponatshegelo e ya direga gararo. Mme letsela la boela gape kwa legodimong.
17 Մինչ Պետրոս ինքնիրեն կը տարակուսէր թէ ի՛նչ կրնար ըլլալ իր տեսած այս տեսիլքը, ահա՛ Կոռնելիոսէ ղրկուած մարդիկը՝ հարցնելով Սիմոնի տան մասին՝ կայնեցան դրան առջեւ,
Petere o ne a akabala thata gore ponatshegelo e ka ne e raya eng? O ne a tshwanetse go dirang? Mme jaana banna ba ba romilweng ke Korenelio ba ne ba bone ntlo e, mme ba bo ba eme kwa ntle fa kgorong,
18 եւ կանչելով հարցափորձեցին. «Սիմոնը, որ Պետրոս մականուանեալ է, հո՞ս հիւրընկալուած է»:
ba botsa gore a ntlo e ke yone e Simone Petere o nnang mo go yone.
19 Մինչ Պետրոս կը մտածէր տեսիլքին մասին, Սուրբ Հոգին ըսաւ անոր. «Ահա՛ երեք մարդիկ քեզ կը փնտռեն:
Mme erile Petere a sa ntse a hakgamaletse ponatshegelo, Mowa O O Boitshepo wa mo raya wa re, “Banna ba bararo ba tsile kwa go wena.
20 Հետեւաբար կանգնէ՛, իջի՛ր, ու գնա՛ անոնց հետ՝ առանց տատամսելու, որովհետեւ ե՛ս ղրկեցի զանոնք»:
Fologela kwa tlase o kopane le bone mme o tsamaye nabo. Sengwe le sengwe se siame, ke ba romile.”
21 Պետրոս ալ իջաւ այդ մարդոց քով՝ եւ ըսաւ. «Ահա՛ ես եմ ա՛ն՝ որ կը փնտռէք. ինչո՞ւ եկած էք»:
Jalo Petere a fologa, mme a re, “Ke nna yo lo mmatlang. Jaanong ke eng se lo se batlang.”
22 Անոնք ալ ըսին. «Կոռնելիոս հարիւրապետը, արդար ու աստուածավախ մարդ մը՝ բարի վկայուած ամբողջ Հրեաներու ազգէն, պատգամ ստացաւ սուրբ հրեշտակէ մը՝ որ կանչէ քեզ իր տունը եւ լսէ քու խօսքերդ»:
Mme jalo ba mmolelela kaga Korenelio molaodi wa Mo-Roma yo o siameng wa Modimo, yo o neng a itsege thata mo Bajuteng le jaaka moengele a ne a mo laetse go ya go bitsa Petere go tla go mmolelela se Modimo o batlang a se dira.
23 Ուստի ներս կանչեց զանոնք ու հիւրընկալեց: Հետեւեալ օրը՝ Պետրոս ելաւ եւ մեկնեցաւ անոնց հետ. իրեն հետ գացին նաեւ Յոպպէէն եղող քանի մը եղբայրներ:
Mme Petere a ba amogela a bo a ba fa boroko sigong joo. Letsatsi le le tlang a tsamaya nabo, ba na le (badumedi) ba ba tswang Jopa.
24 Յաջորդ օրը մտան Կեսարիա. Կոռնելիոս ալ կը սպասէր անոնց՝ հրաւիրած ըլլալով իր ազգականներն ու մտերիմ բարեկամները:
Ba goroga mo Kaesarea letsatsi le le latelang, mme Korenelio o ne a ba letile a bile a biditse ba losika lwa gagwe le ditsala tsa gagwe tsa botlhokwa go nna le Petere.
25 Երբ Պետրոս ներս մտաւ, Կոռնելիոս դիմաւորեց զայն, եւ անոր ոտքը իյնալով կ՚երկրպագէր:
Erile fa Petere a tsena mo ga gagwe, Korenelio a wela fa fatshe fa pele ga gagwe a mo obamela.
26 Բայց Պետրոս ոտքի հանեց զայն՝ ըսելով. «Կանգնէ՛, ես ինքս ալ մարդ եմ»:
Mme Petere a re, “Ema! Le nna ka nosi ke motho!”
27 Ու անոր հետ խօսակցելով՝ ներս մտաւ, շատեր գտաւ՝ համախմբուած,
Mme a ema ba buisanya ka sebakanyana ba bo ba ya kwa ba bangwe ba neng ba phuthegetse teng.
28 եւ ըսաւ անոնց. «Դուք գիտէ՛ք թէ օրինաւոր չէ հրեայ մարդու մը՝ հաղորդակցիլ օտարազգիի մը հետ կամ մօտենալ անոր. բայց Աստուած ցոյց տուաւ ինծի որ մարդոցմէ ո՛չ մէկը պիղծ կամ անմաքուր կոչեմ:
Mme Petere a ba raya a re, “Lo a itse gore go kgatlhanong, le melao ya Sejuta gore ke tsene mo lolwapeng lwa Modichaba. Mme Modimo o mpontshitse mo ponatshegelong gore ke seka ka ba ka lebela ope kwa tlase.
29 Ուստի երբ կանչուեցայ՝ եկայ առանց հակաճառութեան. ուրեմն կը հարցնեմ, ի՞նչ բանի համար կանչեցիք զիս»:
Mme ka tla fela jaaka ke bidiwa. Jaanong mpolelelang se lo se batlang.”
30 Կոռնելիոս ալ ըսաւ. «Չորս օր առաջ՝ մինչեւ այս ժամը ծոմ կը պահէի, ու իններորդ ժամուն տանս մէջ կ՚աղօթէի. եւ ահա՛ փայլուն տարազով մարդ մը կայնեցաւ առջեւս ու ըսաւ.
Mme Korenelio a fetola a re, “Malatsi a mane a a fetileng ke ne ke rapela jaaka gale ka nako e ya maitseboa, fa ka tshoganetso monna a ema fa pele ga me a apere seaparo se se galalelang!
31 “Կոռնելիո՛ս, քու աղօթքդ ընդունուեցաւ, եւ ողորմութիւններդ Աստուծոյ առջեւ յիշուեցան:
Mme a nthaya a re, ‘Korenelio, thapelo tsa gago di utlwetse le dimpho tsa gago di lemogilwe ke Modimo!
32 Ուրեմն մա՛րդ ղրկէ Յոպպէ ու կանչէ՛ Սիմոնը, որ Պետրոս մականուանեալ է. ան ծովուն մօտ՝ Սիմոն անունով կաշեգործի մը տան մէջ հիւրընկալուած է. երբ գայ՝ պիտի խօսի քեզի”:
Jaanong roma banna bangwe kwa Jopa go itsise Simone Petere, yo o nnang mo motseng wa ga Simone, wa mosuga matlalo, fa lotshitshing lwa lewatle.’
33 Ուստի անյապաղ մարդ ղրկեցի քեզի, եւ գոհ եմ՝՝ որ եկար: Ուրեմն հիմա մենք բոլորս ներկայ ենք Աստուծոյ առջեւ՝ լսելու ամէն ինչ որ Աստուծմէ հրամայուած է քեզի»:
Mme ke ne ka re o ye go bidiwa, mme o dirile sentle ka go tla ka bonako. Jaanong ke rona ba, re letile fa pele ga Morena, re batla go itse se o se go boleletseng go se re bolelela!”
34 Պետրոս բացաւ իր բերանը ու ըսաւ. «Ճշմարտապէս կ՚ըմբռնեմ թէ Աստուծոյ քով աչառութիւն չկայ,
Mme Petere a fetola a re, “Ke bona sentle gore Bajuta ga se bone fela ba Modimo o ba ratang!
35 հապա ամէն ազգի մէջ իրեն ընդունելի է ա՛ն՝ որ իրմէ կը վախնայ եւ արդարութիւն կը գործէ:
Mo chabeng nngwe le nngwe o na le ba ba mo obamelang ba bile ba dira dilo tse di siameng mme mo go ene ba a amogelesega.
36 Այն խօսքը՝ որ Աստուած ղրկեց Իսրայէլի որդիներուն, աւետելու խաղաղութիւնը՝ Յիսուս Քրիստոսի միջոցով, (ա՛ն է բոլորին Տէրը, )
Ke tlhomamisa gore lo utlwile kaga Mafoko a a Molemo a batho ba Iseraele, gore go na le kagiso mo Modimong ka Jesu, Mesia, yo e leng Morena wa (lobopo) lotlhe. Molaetsa o, o aname le Judea yotlhe, o simolotswe ke Johane wa Mokolobetsi mo Galalea.
37 դուք լաւ գիտէք այդ խօսքը, որ եղաւ ամբողջ Հրէաստանի մէջ՝ Գալիլեայէն սկսելով, այն մկրտութենէն ետք՝ որ Յովհաննէս քարոզեց:
38 Նազարէթէն եղող Յիսուսը, որ Աստուած օծեց Սուրբ Հոգիով եւ զօրութեամբ, շրջեցաւ բարիք գործելով ու բժշկելով բոլոր Չարախօսէն ճնշուածները, քանի որ Աստուած իրեն հետ էր.
Mme ga go belaesege go itse gore Jesu wa Nasaretha o ne a tlodiwa ke Modimo ka Mowa o o Boitshepo le ka nonofo, mme o ne a tsamaya a dira molemo a bile a fodisa botlhe ba ba neng ba na le mewa e e maswe, gonne Modimo o ne o na nae.
39 եւ մենք վկայ ենք այն բոլոր բաներուն՝ որ ըրաւ Հրէաստանի ու Երուսաղէմի մէջ: Զայն սպաննեցին՝ փայտէն կախելով:
“Mme rona baaposetoloi re basupi ba tsotlhe tse o di dirileng mo Iseraele yotlhe le mo Jerusalema kwa o neng a bolaelwa teng mo sefapaanong.
40 Աստուած յարուցանեց զայն երրորդ օրը, եւ բացայայտեց զայն
Mme Modimo o ne wa mo tshedisa gape morago ga malatsi a mararo, mme wa mmontsha basupi bangwe ba Modimo o neng o sale o ba tlhopha pele, e seng mongwe le mongwe, mme e leng rona ba re neng ree ja re ba ree nwa nae a sena go tsoga mo baswing.
41 ո՛չ թէ ամբողջ ժողովուրդին, հապա՝ մեզի - նախապէս Աստուծմէ ընտրուածներուս՝ վկայ ըլլալու -, որ կերանք ու խմեցինք իրեն հետ՝ իր մեռելներէն յարութիւն առնելէն ետք:
42 Եւ ինք պատուիրեց մեզի, որ քարոզենք ու վկայենք ժողովուրդին թէ ի՛նք է Աստուծմէ սահմանուած Դատաւորը ողջերուն եւ մեռելներուն:
Mme o ne a re roma go ya go rera Mafoko a a Molemo gongwe le gongwe le go supa gore Jesu o beilwe go nna Moatlhodi wa botlhe, baswi le batshedi.
43 Բոլոր մարգարէները կը վկայեն անոր մասին թէ ո՛վ որ հաւատայ անոր՝ պիտի ստանայ մեղքերու ներում անոր անունով»:
Mme le baporofiti botlhe ba kwadile ka ga gagwe, ba re mongwe le mongwe yo o dumelang mo go ene o tlaa itshwarelwa dibe ka leina la gagwe.”
44 Մինչ Պետրոս կ՚ըսէր այս խօսքերը, Սուրբ Հոգին իջաւ բոլոր անոնց վրայ՝ որ կը լսէին խօսքը:
Mme erile Petere a sa ntse a bua dilo tse Mowa O O Boitshepo wa fologela mo go botlhe ba ba neng ba reeditse!
45 Թլփատուածներէն եղող բոլոր հաւատացեալները, որ եկած էին Պետրոսի հետ, զմայլեցան որ հեթանոսներուն վրայ ալ թափուեցաւ Սուրբ Հոգիին պարգեւը.
Mme Bajuta ba ba neng ba tsile le Petere ba ne ba hakgamala gore neo ya Mowa O O Boitshepo e ka newa le Badichaba!
46 որովհետեւ կը լսէին թէ անոնք կը խօսէին ուրիշ լեզուներով եւ կը մեծարէին Աստուած:
Mme go ne go ka se ka ga nna le pelaelo, gonne ba ba utlwile ba bua ka diteme ba bile ba galaletsa Modimo. Petere o ne a botsa a re, “A mongwe o ka gana gore ke ba kolobetse, ka gore jaanong ba amogetse Mowa O O Boitshepo fela jaaka re ne ra o amogela?”
47 Այն ատեն Պետրոս ըսաւ. «Կրնա՞յ մէկը արգիլել, որ ջուրով մկրտուին ասոնք՝ որոնք ստացան Սուրբ Հոգին մեզի պէս»:
48 Ու հրամայեց որ մկրտուին Տէրոջ անունով: Այն ատեն խնդրեցին իրմէ՝ որ հոն մնայ քանի մը օր:
Mme o ne a dira jalo, a ba kolobetsa mo leineng la ga Jesu, Mesia. Morago Korenelio a mo kopa go nna le bone malatsinyana.

< ԳՈՐԾՔ ԱՌԱՔԵԼՈՑ 10 >